Naledi

Letsatsi: mmoki wa monana

Mogaka a leletswa ke setlhopha sa masole sa diphala, a gogotlega ka pina ya mogaka, Ratsie Setlhako ya “ A re chencheng.” 

A tloga ngwaga o o latelang a oloma ka Kamponwane fa pele ga Tautona wa lefatshe leno Ian Khama Seretse Khama, bagolwane ba puso, ba mafatshe a sele le setshaba. Moragonyana, lekawana la iponatsa gape Tautona a ikanisiwa ka 2014, fa dikagong tsa palamente. Naledi e ne ya sala lekawana morago go utlwa ka  ene mabapi le poko ya gagwe.

Fa a ikaela Naledi, lekawana le le boleta ka puo la re, “ke bidiwa Gosego Letsatsi, go tswa kwa Maunatlala, kwa kgotleng ya Mankga, kwa kopung kwa lekgaphong la mma mogatsa Kgari.” Philo kwa ga mme Gabaikanngwe Seleka le rre Oreokame Magosi ya ipolelela Naledi, e tlatsa ka gore ke ngwana wa boraro mo go ba le batlhano.

Mabapi le poko, lekawana le lotlega gore, “ke simolotse kwa madisong, go gangwa go neelwa dikgomo di bokwa. Re ne re itisa ka yone kwa masimong a bidiwa Mmabothubela.” Letsatsi o tlhalosa gore mo lesikeng la bone poko ke segotso, “Ntatemogolo, motsala mme, Morris Kebobonye Letsatsi e ne e le mmoki, ke ene yo ke reeletsweng ka ene.” Mmoki a bua a tlala monyenyo, o boa o oketsega, “ le kwa ga borre, malommaa ntate, Rantoso Magosi ke mmoki le moletsi wa katara.” Mmoki a bua ka khumo e kgolo ya tikologo ya gagwe e e tshume ya poko.

Fa a tswelela o galaletsa thata thulaganyo ya dipina le maboko gore emo agile thata fa a ntse a itlhokoletsa poko. O supa fa poko ya ga Ponatshego Mokane,Sekokotla Kaboeamodimo, Ratsie Setlhako le Moroka Moreri le tsone di mo oketsa magale ka metlha.

Lekawana le le magolo mantle la poko le bolela fa poko e ne ya mo rotloetsa thata go rata ditso tsa Batswana,mme a eletsa go itse ka mephato, “ntatemogolo yo ke teeletsweng ka ene e ne e le Lelekantwa, mme ka eletsa thata go itse ka mephato.”

Kgatlhego ya go itse ka mephato, mmoki o bolela fa e ne ya mo gwetlha go ya go rupa, ‘ ka letso ke Motalaote, ke tlhagana le Bakgatla. Ke ne ka ya go rupa kwa go bone, mme ka aloga ke le Ledibelankwe. Ke teng kwa ke ne ka tlhaloganya botshelo jwa Setswana, mme se sa nonotsha poko ya me.”

Letsatsi jaaka monana, o bolela fa poko ya gagwe kwa ntle ga dipina le maboko, baboki ba bangwe le lorato lwa ngwao e ne ya betlega kwa sekolong, “ ke bokile kwa sekolong sa magare sa Maunatlala Junior go fitlhelela ke fetsa.”

A re go tswa Maunatlala a ya kwa sekoleng se segolwane sa Lotsane, kwa a ileng a boka mme a supa fa a nnile le thotloetso e ntsi ka morutabana wa nako eo, Tebogo Motswetla le mogokgo, Marks Mophuting, ba a supang ka boipelo fa ba mo rotloeditse thata.

Moeka yo gompieno a berekang e le morutabana wa tsa kgwebo kwa sekoleng sa magare sa Maoka, o bolela fa le jaana a santse a tshwere ka thata mo mhameng wa setso wa poko. Jaaka baboki ba a tle ba latlhelelwe sepe ke bagolo ba ba ba bokang, Letsatsi le ene o akotse ditebogo, “ngwaga o o fetileng ke ne ka boka Kgosi Mogwera kwa Maunatlala, a mpha kgomo ka e bitsa Tsogolakgosi.Tautona kwa Palapye o ne a mpha kgomo, ka e bitsa Puso ya makgoa.”

Mmoki o bolela fa a nna a lalediwa go boka mo medirong e e farologanyeng ya maphata, e bile a ikaelela go tsweledisa poko ya gagwe, “botshelo jwa Setswana ke bone bo dirang gore o ikitse, tiro ya Business Studies, e bogadi bo gaufi, poko yone ke tsalwa le yone, ka yone ka re semonate se ingwaelwa, goo ra motho go thebe phatshwa.” Mogaka a laela Naledi.