Naledi

Maraganateng a baithuti ba mmadikolo

Ditshupegetso tsa baithuti PIC OAGENG BATENEGI
 
Ditshupegetso tsa baithuti PIC OAGENG BATENEGI

Fela go lebega dikubetsano le maragana teng segolo bogolo kwa mmadikolo, a tla ba kgopakgopetsa gore ba bue ka lentswe le lengwefela le go atlega mo dikgannyeng tsa bone. Mmegadikgang wa Naledi, OAGENG BATENEGI, o kanoka seemo go ya ka dingwaga di sekae tse di fetileng.

Fa re leba fa moragonyana fale ka go ne ga nna le tlhaolele ya letso le mmala, e eneng e apesitse kgaolo ya Aferika segolobogolo kwa Aferika Borwa kobo ka letshoba, seabe sa baithuti le banana se ne sa nna se segolo thata mo kgololesegong ya batho bantsho kgatlhanong le puso ya maloba ya maburu. Bontsi jwa batho bantsho bane batswa dikgobalo tse di masisi, fa bangwe ba ne ba latlhegelwa ke matshelo, mo go bone go le baithuti.

Moragonyana ka dingwaga tsa bo 1994, baithuti ba ne ba nna le seabe se setona thata mo  go botseng dipotso tse di maleba ka tiragalo e eneng ele masisi ya go bolawa ga mongwe ka bone,Segametsi Mogomotsi wa kwa Mochudi, yo go neng ga fitlhelwa masalela a gagwe kwa morago ga sekolo se se golwane sa Molefhi.

Bangwe ba ne ba dumela thata gore Segametsi o ne a gopelwa dikarolo dingwe tsa mmele ke bangwe go dira dipheko.Go tla le gompieno, go santse go sa itsewe gore ngwana yoo wa batho o ne a jewa ke eng, ntswa Batswana ba ne ba solofetswa fa ditlhotlhomiso tse di tseneletseng ditla dirwa ka e bile gone ga thapiwa sepodise sa kwa ga Mmamosadinyana sa Scotland Yard.

Baithuti ba tsweletse ka gonna le seabe mo dikgannyeng tse di farologaneng, mo go tsone segolobogolo ele tse di amanang le thuto ya bone le letlhoko la ditiro. Fa moragonyana fale re ka gakologelwa gore baithuti ba ne ba ntsha matshwenyego a le mmalwa mo dikgang di tshwana le seemo sa thuto se boleng jwa sone bo tsweletseng ka go wela tlase,

Go ne ga nna le dikgang tsa tshenyetso setshaba tse baithuti ba neng ba belaela ditlhwatlhwa tsa lebenkele le le filweng tshetla ya go ba rekisetsa dibuka le di dirisiwa tse dingwe tsa thuto (Bookstore) kwa mamadikolo, tota le kwa sekolong sengwe gape.Ga nna le ngongorego ya boleng jwa bangwe ba barutuntshi ba baithuti(lecturers).

Baithuti ba kile gape ba supa matshwenyego le letlhoko la bone la boroko ga mmogo le dikatso tsa bone tsa itshetso. Ka boeteledipele jwa mongwe wa bone gone kwa mmadikolo, baithuti ba ne ba tla ka mo ne ba go bitsa ba re ke Richard Commission e ne ele dipatlisiso tse di ne di leka go thusa puso go senola seemo sa letlhoko la bone.

Seabe se sengwe gape ke baeteledipe ba re ba bonang gompieno mo lefatsheng la rona, ba bontsi ja bone ba tlhokoditsweng ke go inaakanya le kemedi ya baithuti.

Fela go supagetse makgetho a le mmalwa gore dintwa le dikubetsano magareng ga baithuti ke tsone tse di tla tsamayang di kgoreletsa maiteko a bone a go bua ka lentswe le le lengwe mo dikgang tse di amang matshelo a bone le thuto.

Go lebega baithuti segolo bogolo kwa Mmadikolo ba na le namane e tona ya tiro go netefatsa gore ba phepefatsa ntlo ya bone.Fa motho a lebelela mo dingwageng tse di fa moragonyana fale o tla lemoga gore dikhuduthamaga ka bontsi tse di ne tsa tlhophiwa fa mmadikolo di ntse di tshabelelwa ke medumo magareng ga bone.

Medumo e e felela e re tlogela re ipotsa gore a mme bokamoso ja lefatshe leno bo ntse bo mo tseleng kgotsa re ya tatlhegong. Medumo gangwe le gape e amanngwa le pharalogano ka mekgatlho ya sepoloti fa ba bangwe ba kubetsana fela le fa ba tswa kwa phathing e le nngwe.

2015

Dikgang ka se sebaka ke gore khuthamaga e mo pusong ka nako e kwa mmadikolo e ne ya tsaya tshwetso ya go seegela tautona wa bone,McDonald Kgosiekae fa thoko.Fa ba lekodisa bobegakgang bosheng,tshwetso ya go seegela tautona fa thoko e tla morago ga gore tautona a seegele fa thoko maloko mangwe a khuduthamaga ntle le therisano. Maloko a ke mokwaledi mogolo (Secretary General) le mokwaledi wa khuduthamaga (Adminstrative Secretary).

Baeteledipele ba bangwe ba ipelaetsa gore tautona o ka tswa a gogela kobo ntlheng ya bone ya Botswana Democratic Party (BDP). Maloko ka bontsi a khuduthamaga go balelwa le ba baneng ba seegelwa fa thoko ke tautona, ke ba diphathi tse di ikopantseng tsa kganetso, Umbrella For Democratic Change (UDC).

2014

Ngwaga o fetileng le gone go ne ga nna le maloko mangwe a khuduthamaga ya baithuti a ne a seegelwa fa thoko.Tautona wa bone ka nako eo, Jacob kelebeng o ne a seegela fa thoko mothusi wa gagwe, Uyapo Masole le Tona wa Thokgamo(Justice) Jeremi Lawrence.

Kelebeng o ne a ntsha mabaka ka nako eo a gore bobedi jo bone bo ne bo sa itshole sentle go ya ka ditsamaiso tsa molao motheo wa khuduthamaga. Masole le Kelebeng ba ne ele maloko a UDC fa Lawrence e le wa BDP.

2013

Ka ngwaga wa 2013, dikgang tse di ne tsa di goga kwa pele mo go kgaoganyeng maloko a khuduthamaga ya mmadikolo ka nako e o, ke medumo le mekubukubu e ne ya tsoga kwa sekolong sa Limkokwing.

Baithuti ba sekolo se, ba eteletswe pele ke mongwe ka bone, ka leina gotwe Poloko Pitwane,  ba ne ba sa itumelele dingwe ka boeteledipele ja sekolo sa bone.Dikgang tseo di amana le go tsisiwa ga lebenkele le le ba rekisetsang dibuka le di dirisiwa tse dingwe tsa thuto.

Ba ne ba re ba belaela kgolagano ya tshenyetso setshaba le go gopela baithuti. Ka jalo baeteledipele ba khuduthamaga ya mmadikolo ba eteletswe pele ke tautona wa bone wa nako eo, Kago Mokotedi  ba tsaya tshwetso ya go ema nokeng bakaulengwe ba bone  ba Limkokwing. Se ene e le ka gore ele baithuti ba mmadikolo, le bone ba ne ba sa bolo go ngongorega ka lebenkele la bone la dibuka.

Fela bangwe ba bone, mo khuduthamaga ya mmadikolo ka nako eo, ba ne ba seka ba itumelela tshwetso eo mme ga tsoga dikubetsano. Bangwe ba ba ne ba sa dumalane ke Uyapo Masole yo eneng e le Tona wa tsa Dithuto (Academic Affairs) le Calistus Ramasa ene ele wa Itloso Bodutu (Entertainment). Masole o ne a seegelwa fa thoko mme morago Ramasa le ene a ikgogela morago. Maloko a khuduthamaga e e ne e le a diphathi tsa kganetso.

2012

Ka ngwaga o, Jacob Kelebeng o ne a iphithetse a le mo seemong sa go etelela khuduthamaga ya baithuti ba mmadikolo morago ga gore tautona wa gagwe Kgotso Kgosiemang a retelelwe ke go tswelela le dithuto tsa gagwe.

Kelebeng o ne a tlhophilwe ele mothusa tautona. Fela morago ga moo Kelebeng o ne a seegela fa thoko mokwaledi wa khuduthamaga Takula Lenyatso. Go ne go tlhalosiwa ka fa Lenyatso a ne a le maoto a tshupa go dira ditiro tsa gagwe go ya ka molao motheo le tautona.

Morago Kelebeng a boa gape a seegela fa thoko tona wa tsa dikitsiso (Information and Publicity) ,Boitumelo Ntsima le Vincent Motswakae wa tsa Dinotsididi le Iketlo (Bar and Canteen).

Go ya ka mabaka a aneng a ntshiwa ke Kelebeng, Ntsima o ne a na le mokgwa wa go ntsha dipego mo boemong jwa khuduthamaga ntleng le go rerisa boeteledipele jaaka ele tsamaiso.

Motswakae go ne gotwe o ikgatholosa tiro ya gagwe ebile go nale madi mangwe go tswa mo mengweng ya meletlo e baneng ba e rulaganyetsang le baithuti mme gotwe one a paletswe ke go tsaya boikarabelo mabapi le go ntsha tlhaloso ka go nyelela ga madi a tiro e.

Ntsima le Motswakae e ne ele maloko a Botswana Congress Party(BCP) fa Lenyatso le Kelebeng e ne ele ba Botswana Movement For Democracy(BMD) mo khuduthamageng e ne gape e akaretsa maloko a Botswana National Front(BNF).

2011

Khuduthamaga e le yone e ne ya tsogelwa ke dikgoberego. Ke bone ba go etelela ditshupegetso tsa baithuti jaaka ba ne ba ngongoregela ditsamaiso dingwe tsa boeteledipele jwa Mmadikolo.Go ne go na le metswedi ya gore boeteledipele jwa mmadikolo bo sekaseka tshwetso ya go emisa metshameko ya botsalano magareng ga lefatshe leno le a Swaziland le Lesotho (Intervasity Games).

Baithuti ba ne gape ba seka ba itumedisiwa ke tshwetso ya boeteledipele jwa mmadikolo ya go emisa ditlhatlhobo tsa mooketsa (Supplementary Examinations). Kgang e nngwe ene e le mogopolo wa go tswala lefelo la itloso bodutu la baithuti (Student Bar) le le neng la felela le tswetswe ngwaga o latelang.

Go ne go na le dikgang gape tsa gore bangwe ba barutuntshi ba goga dinao le go tlhoka go dira tiro ya bone ka bonokopila, sengwe sa dilo tse di neng tsa shakgatsa baithuti le go feta. Khuduthamaga e e ne e eteletswe pele ke Khumoekae Richard e le tautona.

Fela ya bo e ne e se tsone fela dikgang tse di neng di ba lebagane. Ba ne le bone ba lebanwa ke kgwetlho ya maraganateng. Maloko a mabedi go tswa mo lekgamung la BDP ba ne ba ikgogela morago,ba ipelaetsa fa ba kganetso ba ba neng ba le bantsi ka dipalo ba ne ba ba kgoreletsa le go ba kgokgontsha go dira tiro ya bone jaaka maloko a ne a tlhophilweng ka fa molaong ke baithuti. Maloko ao, e ne ele motshwaramadi ( Treasurer) , Tebogo Obatleng le Tona wa tsa Itloso Bodutu, Stanford Kobe. Ga tswelela ka go senyegela pele,dikubetsano tsa jwelela pele. Tona wa tsa dithuto Ontlametse Letsholo le wa Dinotsididi le Iketlo Kethebe Sethunyane ba seegelwa fa thoko.Go ne gotwe Sethunyane le Letsholo ba ne ba inaakantse le mokgwa wa go tlhasela khuduthamaga le go nyatsa boeteledipele ka tiriso ya maranyaneng a Facebook. Mokwaledi Mogolo wa bone ka nako eo, Kgotso Kennekae (a mowa wa gagwe o robale ka kagiso) a tloga le ene a aperelwa ke dikgang tsa gore ga a laolesege mme morago a ikgogela morago. O ne a tlogela khuduthamaga e na le maloko a ne ka palo a sa letle go ya ka molao motheo go tswelela le tiro. Bangwe ba maloko ba ne ba reteletswe ke go tsweledisa dithuto tsa bone. Moeteledipele wa bone Richard, ene ele leloko la BNF le ba bangwe fa Sethunyane, Letsholo gammogo le Kennekae ene ele maloko a BCP 2010

Ka ngwaga o,boeteledipele jwa khuduthamaga ya mmadikolo bo ne bo le mo diatleng tsa phathi e busang ya BDP. Medumo le dikubetsano tsa bone e ne ele fela gore erile fa ba ntse ba tsweletse ka tiro ya bone, maloko mangwe go tswa mo phathing e busang mo dipolotiking tsa lefatshe ba tsaya tshwetso ya go tlhama mokgatlho wa BMD.

Se sa raya gore, maloko mangwe a khuduthamaga ya baithuti ya BDP le bone ba inaakanye le diphetogo tse dineng di diragalang kwa ntle ga sekolo. Maloko mangwe a baithuti a ne a fudugela kwa BMD, fela maloko a ne a ba latlhegela. , le gape ka ntlha ya go retelelwa ke go tsweledisa dithuto tsa bone, eleng Tona wa tsa Itloso Bodutu, Wabuya Machaha le Jacob Kelebeng e ne e le Tona wa tsa Metshameko(Sports). Machacha le Kelebeng yo aneng a setse a fudugetse kwa BMD, ba ne ba boa go tla go tsweledisa dithuto tsa bone moragonyana.

2009 E ke yone khuduthamaga ya baithuti ya dingwe tse ne tsa tsosa medumo lefatshe ka bophara go utwala.Dikgang tse ne di le teng ka nako eo ene ele tsa mathata a go tlhoka go dirisa le go nna le boikarabelo mo go tsa madi ga maloko mangwe magareng ga tse dingwe.

Mothusa tautona wa nako eo, Nico Selobilwe le Tona wa tsa Itloso Bodutu,Morati Keitshokile,  bane ba belaelwa mo dikgang tsa go nyelela ga madi a khuduthamaga. Fela tautona wa bone  ka nako eo, Tumiso Chillyboy Rakgare le ene a tloga a latofatswa ka dikgang tsa madi.

Rakgare ya re go ise go e kae a ikgogela morago ka a ne a dumela fa bangwe ba ne ba batla go goga leina la gagwe mo seretseng fela ka gore o ne a tsaya dikgato tse di maleba ka bao ba ne ba amega mo dikgang tsa go nyelela ga madi. Khuduthamaga eo yotlhe ya baithuti e ne ele ya BNF. Fela jaaka re itse, morago Rakgare o ne a inaakanya le e e busang ya BDP. O ne a tloga a fudugela kwa BCP kwa gompieno e leng moeteledipele wa banana, morago ga go kgalelwa go tlhasela BDP le boeteledipele jwa yone.

Kwa bofelong ditiragalo tsotlhe tse ka dingwaga tsa tsone, di supa gore le fa ntswa baithuti ba le botlhokwa mo go lemotsheng le go gakolola mo dikganyeng ka go farologana, ba tshwanetse ka bojotlhe le bone gore ba iphaphe,ba ithulagannye sentle gore ba bue ka lentswe le lengwe fa ba batla go tswelela ba tsewa tsia le go reediwa ke baithuti ka bone le boeteledipele bofe fela, a ke le yone puso ya lefatshe leno.