Naledi

Mosupi o le boditse phokoje

Xhaashe Gkaxao o jaana, mo tshekong e mosekisiwa Tsoa Xao Dabe o lebisitswe molato wa go thukhutha ka dikgoka a bo a itseela Margret Mpati mogala wa letheka o o lopileng makgolo a mane a dipula(P400), ga mmogo le sekete sa dipula (P1000.00). Mo tiragalong e, Dabe o ne a tshosetsa Mpati ka thipa ya Okapi pele a mo amoga ditsa gagwe.

Gkaxao, yo a neng a a fa bosupi fa pele gaga Makaseterata yo mogolwane Christopher Gabanagae, bosheng, o boletse fa erile ka kgwedi ya Ngwanatsele ka 2011, a ne a kopana le mongongoregi mo tshekong e, Margaret Mpati, mme a mo kopa go tsamaya le ene kwa polaseng ya Perma Culture go mo direla tiro nngwe.

A re erile go gorogeng ga bone, ba fitlhetse mosekisiwa a seo kwa a bereka teng le dilotlele tsa lefelo le di seo.

“E rile ka dinako tsa maitseboa mosekisiwa a goroga mme a bolelela fa a tshotse dilotlele tsa polase,” Gkaxao a  bolelela lekgotla, mme a re

mongongoregi ka nako ya fa a boa kwa aneng a ile teng, a bolelela mosekisiwa gore o mo kubile mo tirong.

Go ya ka bosupi ja ga Gkaxao, mosekisiwa ka nakong eo, o ne a tshotse kota ya legong e a neng a batla go itaya mongongoregi ka yone, ke gone jaaka a neng a lebotsa phokoje. E rile a bolelela ka ditiragalo tsa letsatsi leo mosekisiwa o ne are Gkaxao le mongongoregi ba mo logela segwenegwene.

“Ke ne ke ntse ke bereka kwa polaseng dikgwedi tse tharo ebile ke bereka go simolola Mosupologo go fitlhelela Tshipi ga mmogo le ka mafelo a beke mo dikgweding tseo. Ke ne ke sena le yone nako ya boikhutso ebile ke sa duelelwe go bereka ka tsela e e ntseng jalo, “ mosekisiwa Tsoa Xao Dabe

Dabe a re  erile mongongoregi a sena go bua mafoko a gore o mokubile mo tirong o ne a mo kopa gore a mo duele madi a gagwe a kgwedi ga mmogo le a a saletseng kwa morago, mme a se itaya sefololetse.

“Mongongoregi o ne a mpelela fa a ka seke a ntuele ka ebile ke le Mosarwa,” Dabe a tlhalosa jalo. E rile mosekisi Inspector Othusitse Marape wa sepodisi sa Botswana, a ala kgetsi ya gagwe, a botsa mosekisiwa go re ke eng a ne a tsaya tshwetswe ya go keteka mongongoregi, go na le go buisana? Mosekisiwa o ne are o ne a kukega maikutlo go utlwa mongongoregi a re ga a kitla a mo duela segolobogolo le go mo raya a re ke Mosarwa. A re o ne a bona ele tsela e le nngwe ya go ka bona madi a gagwe ke ka moo a neng a itaya mongongoregi. O tsweletse ka go re erile a sena go itaya mongongoregi one a tsaya lesabutlhanyana la gagwe mme a tsamaya.

Dabe a re o ne a itaya mongongoregi ka chaene ya baesekele e mosekisi Marape a e supileng ele bosupi.  Ispector Marape o ne a mmotsa gore pele ga a tsamaya a one a tsaya ka dikgoka madi le mogala wa letheka wa mongongoregi, mme a le supa le le fa a tlhalosa gore ga a tsaya sepe fa ese da gagwe fela.

Le fa go ntse jalo mosekisiwa o ne a ipona molato wa go itaya mongongoregi morago ga gore Makaseterata Gabanagae a mmotse gore a o ipona molato ka se a se dirileng.

Tsheko e tswelela kgwedi ya Phatwe fa Makaseterata Gabanagae a tla bong a ntsha katlholo.