Naledi

Tepo loapi e aname � Radithupa

Radithupa PIC OAGENG BATENEGI
 
Radithupa PIC OAGENG BATENEGI

Fela bangwe ba bo ba setse ba botsa dipotso gore a ba tepo loapi jaanong ba a bo ba ntse ba lepile sentle le ka ditshipi tsa bone. Ba tepo loapi ba ne ba dirisa sekgoa ke seo, ba re go tla nna le mo gotweng “fairly warm winter”, ke gore mariga a a seng bogale jo bo kalo.

Mme go sale go supafetse go tswa fela ka nako ya pego e, gore go tla nna le se se pharologano.

Facebook le yone ya bo e setse e tletse ka dikakgelo tse di neng di supa fa bangwe ba sa dumele se ba tepo loapi ba se bolelang.

Bangwe ba ne ba ipotsa gore ele gore ba tepo loapi ba raa jang ba re mariga a tla nna ‘bothitho’. Fa bangwe ba ne ba setse ba gasamisa dikgang tsa gore kana ba tepo loapi ba re ngwaga ono ga go na mariga.

Dikgang tse le gompieno di ntse di a utlwala mo metsweding ka go farologana ya dikgang. Bangwe ba re ba tepo loapi ba ba bolaisa serame ka ba ya ditirong ba sa apara mo go lekaneng ka ba itse go sena serame.

Se se itumedisang ke gore ba lephata la tepo loapi ba supa fa ba itse ka dikgang tse. Mogolwane mo lephateng la tepo loapi, Radithupa Radithupa o amogela gore dikgang tse di setse di gorogile mo ditsebeng tsa bone.

Fela Radithupa a re, e re ntswa ba atlega mo tirong ya bone ka ntata ya kemonokeng ya Batswana, go lebega gantsi bangwe ba sa tshware molaetsa sentle. Radithupa a re dikgang tse di tsamaela le ko go reng gatwe bone ele ba tepo loapi ba rile go ta nna le paka tsa selemo tse pedi ka go sena mariga ngwaga ono.

Radithupa a re dikgang tse ga se boammaruri. O tlhaloseditse lokwalodikgang lwa Naledi  kwa dikagong tsa lephata la tepo loapi gore, e le ba tepo loapi, molaetsa wa bone o tlhamaletse fela gore mariga a ngwaga ono ga a na go nna bogale jaaka a a tlwaeletsegile dingwaga ka bontsi.

O tswelela ka gore se se raya gore malatsi a tsididi a tla nna palo potlana fa a dipalo tsa mogote le botsididi tse di magareng go ya fa godimo ga magareng, a tla nna mantsinyana.

Radithupa a re ditshekatsheko tse le kanoko e ba e dira ba lebeletse malatsi otlhe a mogote le botsididi mo kgweding tse tharo tse di tlhomamisitsweng mo lefatsheng leno tsa paka ya mariga. Dikgwedi tse ke Motsheganong,Seetebosingo le Phukwi.

Fa Naledi e mmotsa gore naare ntwa e ya bone le Batswana ka seemo sa loapi e tsile go fela go rileng,Radithupa o thwanya ka setshego mme morago a supe gore nnyaya bone ga ba tseele gore go na le ntwa;  fela go lebega fa thuto e sa ntse e saletse kwa morago.Fela a re ba tla tswelela ka bojotlhe ja bone jaaka ba ntse ba dira go rutana le Batswana.

Radithupa o tlatsa ka go tlhalosetsa Naledi gore bone ele ba tepo loapi ba ta tswelela ka go neela Batswana pego go ya ka dithata le kaedi tse ba di fiwang ke ditsetlana tsa melao-tsamaiso wa bone.

Ya re Naledi e mmotsa gore a o kare Batswana ba tshephe dipego tsa bone, Radithupa a re eo ke tshwetso ya motswana, fela bone ba dumela fa ba dira tiro ya bone ka matsetseleko le manontlhotlho. A re se ba ka se supang ke gore bone bega seemo sa loapi se se tlhomameng ebile ba dirisa ditshipi le boranyane jo bo letlelesegang lefatshe ka bopharanyane.

A re selekanyo sa tepo loapi kgotsa ‘accuracy’ le ‘verification’ jaaka a ntse a tlhatswa ntlha ya gagwe ka go latlhela mafoko a sekgoa jalo; ke masome a robabobedi le go feta (80%+). A re ka jalo Batswana ba na le tshwetso ya go ka itlhophela gore a ba ka tshepha selekanyo sa dipalo tsa tepo loapi tsa go nna jalo kgotsa nnyaya.

Radithupa o gateletse gape ntlha ya gore Batswana ba tshwanetse go lemoga gore bone ele ba tepo loapi ba lebagane le go lepa seemo sa loapi se se matswakabele ebile se kgona go fetoga go sa solofelwa.

Ka go rialo, one a leka go tlhatswa ntlha ya gagwe gore gongwe e utlwale sentle;  o nankola mafoko a tshwana le ‘complex, dynamic, chaotic and non-linear’ mo tlhalosong ya gagwe ka seemo sa loapi.

Fela Radithupa o koneletse puisano le Naledi ka go tlhalosa gore dikgoro tsa bone di butswe ele tsa ba tepo loapi go ruta, go tlhalosa le go thusa fela ka kakaretso ope fela o nang le dipotso ka tiro ya bone.