Naledi

Lenyora, lefifi di supuditse motlotlegi Ngaka Butale

 

Batswana ba setse ba tshelela fela mo tshotlegong le letlhoko la ditlamelo le ditirelo tse di botlhokwa mo matshelong a bone ka e a re fela motho a ntse a re o apeile ka setofo sa motlakase a hakgamale fela go setse gore tshoo, fa gongwe a bone fela ka phaletshe kgotsa ting e ntse e gema a ntse a re o a fudua. Fa gongwe ga a setse a hagile a re e a kgabakgaba, motlakase o time a santse a le kgakala le pitsa, e re a re o tla go e tlhola a fitlhele dijo tse di ka se jeweng le yone ntsa ya mokashe tota.

Lefifi le le ntshontsho le, le dirwa ke gore go na le bothata jwa motlakase fela jo bo ntsi, mo le bone bo radikgwebo ba setseng ba tshela fela ka ditatlhegelo ka ntlha ya go sa kgoneng go reka dijo tsa seramem kgotsa fa ba di rekile di senyega ka ntlha ya go tima kgapetsakgapetsa le gone sebaka se se leele ga motlakase.

Seemo se sa tlhaelo ya metsi le lefifi ka ntlha ya tlhaelo ya motlakase, se dira gore Batswana ba le ba ntsi ba dumele fa go boela kwa maboneng a parafene le dikerese go le botoka ka jaanong go nna teng ga motlakase go sa tlhole go ikanyega gotlhelele. Metsi le one jaanong Batswana ba setse ba itlhobogile ka e a re ba ntse ba re ba mo ditirong tsa maso le manyalo kgotsa diphathi ka mefuta ya tsone na utlwe fela go setse gotwe kana ga gona metsi.

Puo e ya ga gona metsi le selelo sa lenyora le le botlhoko le, le apere lefatshe lotlhe, Batswana kwa dikgaolong ba a sokola, ba sotlega, Batswana mo metseng ba a sokola, ba sotlega, fela jalo le ba ba mo ditoropong ba tshela ka lenyora le. Se se dirwa ke gore  metsi a nna fela a kgaotswe, go sa kgathelesege gore tota ke mang yo o nang le tiro ya mofuta ofe ka letsatsi lefe, mogopolo fela ke wa go leka go somarela metsi ka go a lekanyetsa batho.

Fa metsi a lekanyediwa batho jaana, ba sala ba le mo lenyoreng le le botlhoko, mme e re ba tshwerwe ke lenyora le jaana, ba koporase ya motlakase le bone ba tabogele kwa dipotlolomenteng tsa bone go kgaola motlakase go tima ka se ba reng ke go o lekanyetsa batho.

Bothata jo le kwa kgaolong ya ga Kagiso Molatlhegi bo teng, ebile batlhophi ba a ngongorega ka ba sokola thata.

Le fa go dirwa jaana, ba koporase ya metsi ya WUC, ba santse ba supiwa ka monwana le go kgalelwa se gotweng ke go senyegeng ga metsi a mantsi ka ntlha ya go dutla ga dipompo tsa bone, tse ebileng go bolelwa gore di kgona go tsaya sebaka se se leele thata di sa baakanngwe. Mme go utlwise botlhoko thata go bona boidiidi jwa metsi bo elela  sebaka sa malatsi a feta lesome, fa mo go one motse kgotsa kgotlana e, go se na metsi gotwe a tswetswe ke ba WUC go a lekanya Batswana.

Seemo se sa go tshologa le go senyega ga metsi go setse go kokonela koporase e ya metsi, ka erile bosheng mogolwane go tswa kwa WUC Senai a neng a bolela gore metsi a senyega thata ka go dutla, mme se se kokonela koporase le lefatshe la Botswana fela thata. A re go botlhokwa thata gore  mongwe le mongwe a eme ka dinao go thusa go fetsa seemo se sa go dutla le go tshologa ga metsi, bogolo jang ka seemo sa metsi se tlhobaetsa thata.

Ka jaanong e le maikarabelo a bagolo ba lefatshe le go thusa Batswana, bogolo jang bone barongwa jaaka mapalamente, mopalamente Butale o bona go le botlhokwa gore seemo se sa motlakase le metsi di tsibogelwe le go batla go itse gore tota bothata bo fa kae.

Se jaanong sa felela se sa tlhaloganngwe sentle kgotsa sa seka sa amogelwa sentle ke mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente Kagiso Molatlhegi.

Go leka go bua ka bothata jo jwa metsi le motlakase ga felela ka go mekamekwa, go supudiwa fa fatshe ka sutu le go ntshiwa le go latlhelwa ntle ga mopalamente yo o tlotlegang ke badisa dikago tsa palamente ka taelo ya mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ebong Molatlhegi.

Se se tlhalosa gore seemo se se maswe se sa lenyora le lefifi la mmantshwarela ngwana ga se kitla se rarabololwa ka jaanong ba ba nang le tshwanelo ya go bua ka sone ba iphutlhela ba supudiwa.