Naledi

Butler o lekile, go padile � Batswana

Go thata, mahutsana! Dipitse di setse di lomiwa le ke Dikwena tsa Lesotho tota, a kwa makgaolakgannyeng a AFCON di tla goroga?
 
Go thata, mahutsana! Dipitse di setse di lomiwa le ke Dikwena tsa Lesotho tota, a kwa makgaolakgannyeng a AFCON di tla goroga?

Dipuo le dikeletso tse di tla jaana morago ga gore setlhopha sag a Butler se iphitlhele se ntsheditswe ntle ga kgaisano ya CHAN ke setlhopha sa Lesotho, se Batswana ba neng ba sa solofela gotlhelele fa se ka fenya Dipitse go sa kgathelesege gore di ntse di tshameka bokoa go le kae.

Setlhopha sa Dipitse se ne sa iphitlhela se duba thankga ya go tswela ntle kgatlhanong le Dikwena tsa Lesotho mo motshamekong wa legato la bobedi mo Gaborone kwa lebaleng legolo la metshameko morago ga go tshameka le tsone maleka a lefela setlhopha kwa Maseru, Lesotho.

Le fa barati le balatedi ba Dipitse ba ne ba dumela fa setlhopha sa bone se ka fenya Lesotho motlhofonyana, gone ba ne ba ntse ba na le pelaelo ya gore Dikwena di ka nna tsa garola Dipitse tsa naga botlhoko le ntswa di le mo sekgweng sa tsone. Se se dirwa ke gobo di ntse di raga ditlhako tse di bokoa jaaka ditonki tsa leuba.

Motshameko o, o new a aparwa thata ke dipuo ka mokatisi Butler a ne a supiwa ka monwana le go kgalwa thata ka se go neng gotwe ke mafoko a gagwe a a botlha mo metsweding ya ditlhaeletsano a supa go sa tlotleng batshameki bangwe, bogolo jang Lesego Galenamotlhale wa setlhopha sa Mochudi Centre Chiefs.

Le fa Dikwena di ne di sa supe go shena meno a tsone a a bogale, go ne ga swabisa thata go bona Dipitse tsa ga Butler di raga ka bonya le go fosa dipale tsa Dikwena go ipaya mo seemong se se ntle go leba kwa kgaisanong ya CHAN ngwaga e e tlang.

Ga Dipitse di ntse di fosa jaana, Dikwena tsa kgona go bona phatlha mme tsa tlhomamisa fa di loma Dipitse gangwe mo karolong ya bobedi, nno e ya bo e sa siamela Dipitse gotlhelele ka jaanong e ne e nna ntho e e botlhoko thata ka Dikwena di ne di sa tshwanela go nosa gotlhelele.

Morago ga se, Dipitse tsa ga Butler di ne tsa kgona go boa kwa morago, ka go bona nno ka tlhogo ya ga Mpho Kgaswane, fela se sa bo se sa lekana gotlhelele ka Dikwena di ne tsa nna le tshiamelo ya go fetela pele ka ntlha ya nno ya go nosa o se kwa gae.

Ke sone se erileng morago ga motshameko o, Batswana ba supa go sa itumelang ga bone gotlhelele, ba kgala thata mokatisi Butler ka se ba reng ke go palelwa ke tiro, ebile tshameko ya Dipitse e tsweletse ka go wela tlase motshameko mongwe le mongwe.

Babega-dikgang ba metshameko le bone ba palelwa thata ke go itshoka, mme ba bua ka maikutlo a a gogomogileng ba re Butler o diga Dipitse, bangwe ba mo kgalela go dumela thata mo go bosetlabosheng, a ikgatholosa batshameki ba ba nang le maitemogelo.

Ba re ka go bonala sentle gore tiro e a pala mo go Butler, go botlhokwa gore a ithole tiro, kgotsa a belesediwe go santse go na le nako ya go ipaakanyetsa kgaisano ya sejana sa Aferika e motshameko wa ntlha wa go ipatlela phatlha eleng Dipitse le Burkina Faso ka Lwetse a tlhola malatsi a le matlhano.