Naledi

Maruatona o itumelela Chese

Go jewa maboko
 
Go jewa maboko

A re se se supagetse ka mafelo a beke jaaka ba ne ba tshegeditse kgaisano ya motshameko o ntle le barotloetsi monongwaga.

Fa a bua morago ga kgaisano e, Maruatona o boletse gore kgaisano ya monongwaga e tsamaile fela sentle ka thelelo jaaka ba ne ba solofetse, le mororo e ne e se na barotloetsi. A bolela gore se se dirwa ke gore komiti ya Chese, batsaya karolo le batshameki botlhe ba ne ba ititeile ka thupana go tlhomamisa fa ba isa lorato la motshameko wa Chese kwa pele.

Maruatona a re go botlhokwa thata gore metshameko mo Botswana e rotloetdiwe ka madi le dithoto tsotlhe tse di tlhokafalang gore e kgone go ngoka batshameki le gone go golela pele ka e le yone e ka thusang go ntsha banana le Batswana botlhe mo mekgwatlheng.

O boletse gore ba tswa kgakala ba ntse ba tshegetsa kgaisano e ya Gaborone, mme go itumedisa thata go bona e tsweletse ka go ngoka batshameki ba Chese ka go farologana ga bone. A re megaka le mekaloba ya motshameko o e ne ya tsaya karolo mo go ya monongwaga, mme se sa dira gore metshameko e nne e e thata go gaisa .

Gareng ga megaka le mekaloba e, ga bo go le Boikhutso Mudongo, Tuduetso Sabure, Thato Olebile, Ignitius Njovu ba ba setseng ba itsege le go tuma thata ka tshameko ya bone e e kwa godimo. E ebile gape e ba dirileng gore ba bo ba le mo maemong a a kwa godimo go ralala lefatshe lotlhe.

Batshameki ba, fa maina a bone a balwa, mongwe le mongwe yo o ratang le go latela motshameko wa Chese o ema sentle go utlwa le go bona gore ba tla a dira jang fa ba tlhoma matlho a bone mo boteng le go tsenya maboko a bone mo tirisong kgatlhanong le mekaloba e mengwe.

Go leka go rotloetsa batshameki, Maruatona o kopile dikompone ka go farologana go tsenya mabogo mo dikgwameng tsa bone go thusa motshameko o go gola, a re motshameko o o monate ebile o thusa thata gore batshameki ba one ba akanye ka bobefo.

Mogolwane o wa lekgotla la Botswana la Chese a re o leboga botlhe ba ba tsweletseng ka go thusa le go tsaya nako ya bone go tsweledisa kgolo ya motshameko o. A re a ba tswelele ba dire fela jalo ka se se tla a tswelela se ntsha maduo a a kgatlhisang jaaka go setse go na le dinaledi tsa motshameko o mo lefatsheng la Botswana.

Dinaledi le mekaloba Thato Olebile le Tuduetso Sabure ba ne ba menola ba bangwe go gapa bosimega jwa kgaisano e. Sabure a bolela fa a itumeletse tshameko ya gagwe fela thata.