Naledi

Mookane o ipelela dingwaga tse di lekgolo

Basimane Mannaesi - Mothusamonnasetilo wa komiti e e rulaganyetsang moletlo wa go ipelela dingwaga tse di lekgolo tsa go nna teng ga motse wa Mookane. SENEPE ZOLANI KRAAI
 
Basimane Mannaesi - Mothusamonnasetilo wa komiti e e rulaganyetsang moletlo wa go ipelela dingwaga tse di lekgolo tsa go nna teng ga motse wa Mookane. SENEPE ZOLANI KRAAI

Ipelo e tla nna ka Phukwi ale 18 shameko le ditiragalo tse dingwe tsa botlhokwa.

Se se senogile mo potsolotsong le mothusa monnasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo Basimane Mannaesi, yo a boletseng fa dipaakanyo di ile magoletsa, mme go solofetswe gore moletlo o, akaretse ditso tsa motse o, ngwao le bodiragatsi, metshameko le ditiragalo tse dingwe tsa botlhokwa.

Mannaesi o tsweletse a bolela fa go solofetswe gore lelwapa lengwe le lengwe Mookane le koleke lekgolo la dipula (P100.00).

“Re solofetse boidiidi jwa batho, beng gae le baeng mme go bo tlhokwa gore re ikatega go re ere ba dithuso ba re araba, re bo rena le bodulo. Re atoloseditswe taletso kwa go Tona wa Lephata la Ditsha le Matlo, Prince Maele, go nna moeng wa rona wa Totla, e bile ele sebui sa letsatsi.

Gatwe motse wa Mookane, o simologile ka dingwaga tsa bo 1915 mme pele ga ngwaga o, go bolelwa fa lefelo le eleng Mookane gompieno, ene ele mafudiso fela. Ga diragala gore ka nako yone e, go nne le dipharologano ka mahudiso a, go utlwala fa Bakgatla le merafe mengwe ya Bangwato e ne ele beng ba kgang.

Go ya ka Mannaesi, go utlwala fa gone go na le monna mongwe a bidiwa Tshipana, mme a ne a romiwa ke Kgosi Khama III go ya go batlisisa le go leka go lere tharabololo kwa lefelong le.  Kgotlhang gatwe e ne e bakwa gape ke bogodu jwa leruo lwa dikgomo le dihutshana magareng ga molewane wa Bangwato le Bakgatla kwa mafelong a Dibete, Kgosi…. le Ramotlabaki.

Gatwe mo thomong ya gagwe, Tshipana o ne a fitlhela mongwe wa beng ba meraka e, mme e ne a bidiwa Mannaesi mme e bile gape ele ditsala. “Tshipana o ne a kopa Mannaesi go mo pata go isa thomo kwa beng ba mafudiso ba bangwe. Ka lesego, kagiso ya bepa mme ya re ka 1915, Kgosi Khama III a rurufatsa lefelo la Mookane go nna motse, mme ka jalo Tshipana a dirisa sebaka se go nna kgosi ya motse o.

Go ya Mannaesi, Mookane o na mmu o bogadi bo gaofi mme ka dingwaga tsa bo 1986, go bolelwa fa motse o ne o lepalepana le kgaolo ya Borolong ka temo ya mabele.