Blogs

Di e lemile bogole fa kae?

A mangwe a sa ntse a le teng, mme ga a bidiwe jaaka a ne a bidiwa nako ele. Go kwalwa le gone, Setswana se kwalwa se latlhelelwa fela. Puo e re dilo tse di sulafaditse Setswana, ga se sa tlhole se le monate jaaka pele. E re go buiwa jaana, potso e nne gore, gone mme dilo di senyegile fa kae?

Ga re itse mme Mmualebe ene o dumela gore, tema di sale di e lemile bogole nako ele fatshe leno le sa ntse le busiwa ke Mmamosadinyana.  Ka nako eo, go ne go dumelwa gore fa motho a tsenye sekole, kana a rutegile jaaka go a tle go buiwe, o tshwanetse go utlwiwa a bua Sekgoa a bo a se ntsha ka dinko. 

Fa motho a ne a ka tsena sekole, mme ya re a bua Sekgoa a reketla golo gongwe, o ne a nyadiwa, go twe ga a itse Sekgoa e kete ga a rutega.  Yo mongwe o ne a ka tsena sekole mme a tlhaelela mo tseleng.  E re le fa a sa fetela gope kgakala, Sekgoa sone a kgone go se bua jaaka bangwe ba batla.  E ne e ka re go buiwa ka motho wa go nna jaana ga twe ga a rutega mme o itse Sekgoa.  Jaanong se re lekang go se supa fa ke eng? 

Se re lekang go se supa ke gore, ka malatsi a ga Mmamosadinyana, Sekgoa se ne sa tseelwa kwa godimo thata, sa tlotlomadiwa go feta le yone teme ya rona tota, e bong Setswana.  Go ne go dumelwa gore motho yo o rutegileng ke yo o buang Sekgoa, a bo a se kwala, ka manontlhotlho.  Yo o neng a sa kgone go dira jalo, mme gone a tsenye sekole, o ne a kaiwa e se morutegi. Ga gogela kae?

Bana ba bantsi nako eo ba tsena sekole ba itse gore ba tshwanetse go ithuta Sekgoa go feta dilo tsotlhe mme ke gone e tlaa bong e le barutegi.  Ba itse gore, fa ba fetsa sekole, ba ya go dira ditiro tse mo go tsone ba tlaa bong ba bua Sekgoa. Ba tlhoafala ba ithuta Sekgoa; Setswana sone ba se beela fale. Mowa wa gore go bua Sekgoa ke yone thutego, wa totomela mo go rona Batswana.

Ga sale foo, dikole dingwe tsa nako ele, tsa nna le molao wa gore, bana ba ka bua Setswana fela ka nako e se tlaa bong se rutwa.  Ga nna gore, fela jaaka nako ya Setswana e feta, go se ka ga utlwiwa ope ngwana a bua Setswana.  Go netefatsa gore molao o, o a obamelwa, bana bangwe ba tlhongwa mapodisi.

Fa sekole se tshameka, mapodisi a a tsamaye a reeditse gore ke bafe ba ba robang molao, ba bua Setswana ka nako e ba ka bong ba bua Sekgoa ka yone. E re fa bangwe ba ka tshwarwa, ba gogelwe katlholong mme go fete go lele tse di mero.  Fela jaaka dilo tse dingwe tsa nako ele, le dingwe tse re di bonang gompieno, molao o wa nna wa tsenya Batswana mowa wa gore Sekgoa ke yone teme ya botlhokwa. Setswana sone,  nnyaa. Ke teme e re fetang fela ka yone, re fetela kwa go tse dingwe tse di botoka go e feta.  Re itse fa ka nako nngwe, ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano (Form V)  di ne di tsamaisiwa ke lekgotlana la University of Cambridge Local Examinations Syndicate (UCLES) kwa moseja.

Ka molao wa lekgotlana le, gore ngwana a atlege mo ditlhatlhobong, o ne a sa tshwanela go tlogela Sekgoa kwa morago. Godimo ga dithuto tse a tlaa bong a di fentse, ngwana o ne a tshwanetse go nna gape le Sekgoa.  Molao o, wa thatafatsa dilo go feta. Bana bangwe ba sala mo tseleng go ne go sa tshwanela.

A ngwana a kgone dithuto tse tsotlhe mme a palelwe ke Sekgoa, a tshware matshwao a a kwa tlase, o ne a ya le noka. A se ke a se bone gope setlankana. Le fa matshwao a mangwe a ne a ka nna kwa godimo jang, mme a Sekoga one a wela tlase, ngwana a itswele fela. Molao o, le tse dingwe tse dintsi, tsa nna tsa tlhotlheletsa mowa wa gore, fa o le Motswana, go rutega ke Sekgoa, botlhale ke Sekgoa. Itse tse dingwe, mme o se ka wa itse Sekgoa, ga o a rutega, ga o botlhale. Go fitlhelela gompieno, Batswana ba tswelela ba dumela gore Sekgoa ke puo ya go buiwa le go kwala ka manontlhotlho, ka e supa gore motho o botlhale e bile o rutegile, fa Setswana sone se ka buiwa sa ba sa kwalwa ka go latlhelelwa fela ka ga se puo ya sepe.

Di dintsi tse di bolaileng Setswana. Ga re ka ke ra kgona go bua ka tsone tsotlhe gompieno.  Mme fela kgang ke gore ke seo Setswana se ile le mogwang borwa. Jaanong wena o le Motswana wa reng ka selo se? motshwanes@yahoo.com