Naledi

Dikoporase di ka thusa go tokafatsa matshelo

Mangwe a marekisetso a dikoporase
 
Mangwe a marekisetso a dikoporase

Fa ba lekodisa Ntlo Ya Dikgosi bosheng ka seemo sa dikoporase mo lefatsheng leno,ba lephata la tsa Papadi le Madirelo ba kaile fa maloko a dikoprase a tshwanetse go ipopa ditlhotshwana gore ba kgone go phadisana le dikgwebo tse dingwe tse di setseng di itshetletse.

Lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tlhabologang.Ka jalo,lefatshe leno le kaiwa fa le wela mo mafatsheng a itsholelo e magareng.Jaanong mangwe a mathata a mafatshe a ke gore a na le go tshabelelwa ke go tlhoka go kabakanya itsholelo.

Se se tlogela bangwe mo lefatsheng la go nna jalo ba amiwa ke lehuma la nta ya tlhogo le letlhoko la ditiro.Go ya ka dipalo tsa ba 2014 HDR, Botswana Poverty Survey, Statistics Botswana le World Bank, seemo sa lehuma mo lefatsheng leno se tsamaya fa go 19.3 %.

Fela go kaiwa fa mogopolo wa dikoporase e le mengwe e ka thusang go tokofatsa seemo sa itsholelo mo lefatsheng leno.Mme Mosetsana Manyelela, mogolwane mo lekalaneng la dikoporase o tlhalosetsa pampiri ya Naledi gore dikoporase di ka nna le seabe se setona go lwantsha lehuma le go tokafatsa matshelo a batho. A re se se ka thusa maikaelelo le maiteko a a dirwang ke goromente mo go tokafatsheng matshelo a Batswana.

Manyelela a re fa Batswana ba ka tsaya mogopolo wa go tsosolosa dikoporase ba ka nna le seabe mo go godiseng mohama wa dikgwebo mo lefatsheng leno le go tlhama mebereko. A tswelela ka go tlatsa gore kwa bofelong se se ka thusa le gone go kabakanya itsholelo e tswang kgakala e ikaegile thata ka ditswammung.

O tsweletse ka gore kana mogopolo wa dikoporase o tswa kgakala mo lefatsheng leno e le tsela nngwe ya go rotloetsa Batswana go ikgobokanya fa ba leng teng go ithusa mo letlhokong lepe le ba ka tswang ba le mo go lone.

Mme Manyelela a re ntswa go ntse jalo o amogela gore mogopolo wa dikoporase o ntse o lebaganwe ke dikgwetlho. A re ke sone se goromente a tsereng matsapa a gore o tla thusa go tsosolosa dikoporase ka a lemogile seabe se di ka nnang le sone mo go tokafatseng seemo sa itsholelo.

A re mangwe a mathata a apesitseng dikoporase ke letlhoko la madi,tsamaiso e sa lolamang,go tshegetsa babereki ba ba nang le dikitso segolo bogolo tsa kgwebo,phadisanyo go tswa mo dikgwebong tse di itshetletseng le go tlhoka go tsenya moko mo tirong ya bone ga maloko mangwe a dikoporase.

Manyelela a re tse tsotlhe di felela di ama kgolo ya dikoporase le go itshetlela ga tsone. O tsweletse ka gore se se bonala segolo bogolo le kwa diphuthegong tsa ngwaga le ngwaga tse maloko a gogang dinao go di tla le go tlhopha botsamaisi.

O tsweletse ka gore ba ne ba bona go le botlhokwa e le boeteledipele ja dikoporase go tla ka metlhale e mesha ya go di tlhabolola.

A re se ke go leka go lepalepana le seemo sa dinako tsa kgwebo se se fetogang. Kgang e nngwe e le gone go rotloetsa mowa wa bogwebi mo Batswaneng le go leka go nyoka batho ba ba nang le botsipa ja kgwebo mo dikoporaseng.

Metlhale e mesha e e akaretsa go tokafatsa selebego sa dikoporase. Se sengwe ke go godisa dikoporase lefatshe ka bophara le go remelela mo dikgweng tse go supegang fa go ka nna le katlego.

Mme Manyelela a re go botlhokwa gape go tokafatsa tirisano le makalana a bana-le-seabe jaaka mehama e e ikemetseng ka nosi le maphata a puso jaaka goromente a tsweletse ka go nna morotloetsi wa bone o mogolo.

Go ya ka pego e ne ya begelwa ba Ntlo ya Dikgosi ka dikoporase e mo diatleng tsa pampiri ya Naledi, megopolo e mengwe ke go godisa thuto ya kgwebo mo dikoporaseng jaaka ba setse bana le dithuto dingwe tse ba di neelang maloko a bone.

Manyelela a re se se ka tokafatsa le jone botsamaisi le go nna motlhofo go bona dithuso tsa madi.

A re go botlhokwa gore maloko a nne le mowa wa boineelo mo tirong ya bone le go nyokela banana mo dikoporaseng.A re banana ba botlhokwa ka ba ka tla ka megopolo e mesha le metlhale ya boranyane ya segompieno e e thusang mo tsamaisong ya dikgwebo.