Naledi

Hughunsi; moze o monte wa shekaka sha Kgalagari

Bomalomaagwe Kgoshi Moapare IV le Baruti ba dikereke ka go farologana ba segofatsa letlalo la nkwe la ga Kgoshi Moapare IV
 
Bomalomaagwe Kgoshi Moapare IV le Baruti ba dikereke ka go farologana ba segofatsa letlalo la nkwe la ga Kgoshi Moapare IV

Motho o kare fourhooks, jaaka bontsi b1o tlwaetse go bua.

A e re pele ga re ya kgakala, re ikgakolole ka ditso tse di tseneletseng tsa Bangologa mme gape re gakologelwe go re Naledi e kile ya nankola fale le fale ka ditso tse, mme ele ka ngwaga wa 2012. Ditso tsa Bangologa di thata go dupiwa mme e rile bosheng baitsaanape ba ditso le matlhogo tshweu mangwe, ba ntshana seinong mabapi le ditso tsa merafe ya Kgalagadi. Tiragalo e, e diragetse bosheng mo bosigong jwa maitiso a go ora molelo le Kgoshi Moapare IV.

Le fa matlhogotshweu a ne a bua ditso tsa Bangologa ka dipuo-tlhaloso tse di farologaneng, mme go ne, gone go sugala go re ba bua ka mafelo a ditso le badimo bale bangwe ba Bangologa.

A re tseneng mo setlhogong sa rona mme re lemoge fa gone gona le ditlhopha tsa bathobantsho ba baneng ba bidiwa gotwe Bantu, ba baneng bat la go thibelela mo kgaolong ya Aferika yo o borwa. Mo go bone, gone go na le Bakgalagari, ka teme ya Sengologa, Go bolelwa gape fa Bakgalagari e ne ya nna bangwe ba batho ba ntlha go goroga mo lefatshe la Botswana.

Go bolelwa fa ka nako eo, Bakgalagari ba ne ba tlwaelesegile ka leina la Bangologa mme leina le lene le tswa mo go teelelweng ka mokgalajdwe Mongologa.  Ya re dingwaga di ntse di atologana, dintwa le tsone di aroganya merafe, Bakgalagari le bone ba ne ba amiwa ke dintwa tse, mo le bone Bangologa ba neng ba amega, le fa leina la morafe wa bone le neng la tswelela le tsholetsega serorumo.

Morafe wa Bangologa o kgaogantswe ka dithota dile supa tse di teeletsweng ka maina a bana ba ga Mongologa e bong Mbolawa, yo Bangologa ba thota ya gagwe ba bidiwang Babolaongwe, ga latela Moeharu, yo ba thota ya gagwe ba bidiwang Baeharu, ga bo go latela Motyhaga, yo batho ba thota ya gagwe ba bidiwang Batyhaga, le Pebe, yo ba thota ya gagwe ba bidiwang Bapebana, le Moselebe, yo ba gagwe ba bidiwang Baselebe, le Mhutha, yo ba gagwe ba bidiwang BaiGamhutha, ga mmogo le Mokgala yo ba thota ya gagwe ba bidiwang Bakgala.

Jaanong, a re lemoge gore ko ntle ga Babolaongwe, Bangologa ba dithota tse dingwe tse re di umakileng, di ne tsa feleletsa di thibelela kwa Hukuntsi le dikgaolo dingwe tsa Matjheng. Le gompieno fa o ka etela kwa motseng wa Hukuntsi le metse e e mabapi, otla fitlhela dikgotlana ka bontsi di bidiwa ka maina a bana ba ga Mongologa, sekai, Gamoeharu, Gatyhaga, Gapebana, Gamoselebe, GaMhutha le kwa Gakgala. Babolaongwe bone ba thibeletse kwa Letlhakeng le mafelo a mangwe a a kwa dikgaolong tsa Boteti.

Jaanong, a re batlisisa gape gore Bangologa ba Hukuntsi ba tsalana jang le ba mafelo kana metse e mengwe mo Botswana. Go a lemosega mo pading ya rona go re re setse jaanong re tlhaloganya mesepele e Bakgalagari kana Bangologa ba e tsereng mo dingwageng tsa maloba mme se se botlhokwa  ke gore Bangologa ke dikokomane tsa ga Mongologa yo a neng a na le bana ba le supa. Naledi e kgatlhegela go go itsese fa bangwe bane ba thibelela kwa mafelo mangwe mo Botswana jaaka dikokomane tsa ga Mbolawa (ngwana wa ntlha) ba re setseng jaanong re itse fa ba bidiwa Babolaongwe.

Bontsi jwa bone ba nna kwa Letlhakeng kwa metseng ya Motokwe, Tshwaane, Tsetseng, Takatokwane, Dutlwe, Ditshegwane, Sesung, Salajwe, Khaudwane, Shorilatholo, Sojwe le Molepolole.  Ba bonwa gape kwa kgaolong ya legare kwa kgaolong potlana ya Boteti kwa metseng ya Rakops,! Xere, Mopipi, Mosu, Makalamabedi, Mmashoro, Shoshong, Mosolotshane, Kodibeleng, Otse, Sojwe, Shadishadi, Serowe, Moiyabana le Mabeleapudi. Se be sa phiri ke gore dikokomane jaanong ga di sa tlhole di bua teme ya Sengologa.

Dikokomane tse di setseng di ka latedisiwa tsa bo tsa lemogwa, ke tsa Baeharu, Batyhaga, Baselebe, le BaiGaMhutha. Bapebana le bone ba ka fitlhelwa kwa Hukuntsi ntswa dipalo tsa bone di le di nnye.

Mabapi le botlhokwa jwa go tlotla bogosi mo morafeng wa bone, Bangologa, fela jaaka merafe e mengwe, ba direla le go sireletsa seriti sa Kgosi ya bone.  Fa ba bitsa lefoko kana leina kgosi, ba tsenya mogatla wa –shi, mme ba bitse moeteledipele wa bone ba re ‘Kgoshi’, mme go botlhokwa jang go itse go re Kgoshi Moapare IV ke Moeharu, ele kokomane ya ngwana wa bobedi wa ga Mongologa, a ne a bidiwa Moeharu.

Merafe e mengwe ya kgaolo ya Hukuntsi ke ba letso la Bakgothu kana Bakgotyhu. E ke merafe e e bonwang thata kwa Lokgwabe le Tshane le bangwe kwa Hukuntsi tota.

Go botlhokwa go itse fa go na le ba letso la sesarwa ba gotweng ba !Xoo, mme bone ba nna kwa metseng ya Zutshwa, Ukhwi, Monong, Hunhukwe, Ncaang, Magke le emengwe. Gantsi batho fa ba bitsa mme ka lorato, ba re batho ba Itshasi.

Mabapi le dijo, Bangologa ba tlotla thata sejo sa losika loo lerotse mme ba tlhalosa fa ba lerata thata ka go bo le emelana le dipaka selemo kana leuba la komelelo, mme ka jalo Marotse a kgona go emelana le bosekaka jwa Kgalagadi.

Dingwe tsa dijo tse di dirwang ka lerotse ke Mogoru wa magapa, Mogoru wa rinawa, Ntepe, Metola, Shekhebanona, Kgoru le Mogorungwana. Gatwe marotse a kgona go apewa ka mashi bogolojang go jeswa ba ba sa tswang go tshola.  Gona le sejo se go tweng Rikgankana, lerotse le le omeletswang, (letlape) sebakasa malatsi a le mabedi mme o apewe o ise o omelele thata.

Shekone, lerotse le omeleditswe mme le silwe le bo le kopanngwa le moretlwa o o thugilweng. Go na gape le Moosho, go tewa lerotse le le epelwang mosima mme le katelwe mo mmung o o mogote, morago o nne boleta. Fa Moosho o apewa, o ntshiwa mo lehuting le leneng le epetswe mo go lone mme le jewe le le tsiditshana. Go go ntsi mo go ka buiwang ka dijo tsa Bangologa mme se ene ele fela go nankola fale le fale ka bontlha bongwe jwa dijo tsa ngwao ya Bangologa