Naledi

Dikgosikgolo di tshabela sepolotiking

Kgosikgolo Ian Khama
 
Kgosikgolo Ian Khama

 Dikgosikgolo tse gareng ga tse dingwe, Kgosikgolo ya Bangwato moswi Kgosikgolo Seretse Khama( a mowa wa gagwe o robale ka Kagiso, Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosikgolo Bathoen Gasesitsiwe(a mowa wa gagwe o robale ka Kagiso, Kgosikgolo ya Bangwato Lt General Ian Khama Seretse Khama, Kgosikgolo ya Batawana Kgosikgolo Tawana Moremi le bosheng Kgosikgolo ya Barolong Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II.

Dikgosikgolo go ya ka maemo a bone a matsalo mo merafeng ya one ke batho ba ba tlotliwang thata, ba bitswa maina a tshwana le mmabatho, mong-a-me, phuthaditshaba le bomog-a-rona. Mme ebile maina a bidiwa jaana mogolo, monana le ngwana a suga hutshe le go tsenya mabogo mo gare ga dirope go supa tlotla mo moeteledipeleng yo, yo ebile gantsi go seng motlhofo go mmitsa ka maina mafatshwa.

Batswana ba tshela jaana ka go tlotla dikgosikgolo thata ka ba ne ba dumela sentle gore ke tsone dib a kopanyang e le merafe ka go farologana, bannabagolo ba dithakga tsa go boka, ba ne ba tsatsanka dikgosikgolo ka maboko gongwe le gongwe fa di tsenang teng.

Basadibagolo bone ba gelebetisa megolokwane go kgabisa maboko a, kgosikgolo e rumaruma fela e eja monate wa go kgabisiwa ke setswerere sa poko le moduduetso lekgotla le tletse. E re mmoki a fetsa leboko la gagwe, yo mongwe a kgomoge fa le ka la gagwe le ene a tsatsanka morwa motho go supa sentle gore yo o bokiwang yo, ga se motho fela.

Le fa maemo a bogosi jwa morafe e le one go dumelwang fa a kopanya morafe go nna seopo sengwe, go ne ga bonala sentle gore dikgosikgolo dingwe tsone di ne tsa seka tsa tsaya se tsia gotlhelele. Ba ne ba rutega kwa moseja, ba dira melao, ba kgatlhiwa ke go busa ga mafatshe a sele, a a neng a dirisa goromente go busa le go tlhokomela lefatshe la one.

Ke seo erileng go boa kwa Enyelane, Kgosikgolo ya Bangwato, Kgosikgolo Seretse Khama a neng a seka a tlhola a boela setilo sa gagwe sa bogosi, mme a inaakanya le seppolotiki. A ikopanya le bangwe barutegi ba tlhama phathi ya Botswana Democratic(BDP) kgotsa Domkraga e a neng a nna moeteledipele wa yone go ya ditlhophong tsa ntlha tsa lefatshe la Botswana. Phathi e ya Domkraga e ne ya fenya ditlhopho tse go dira Kgosikgolo ya Bangwato Kgosikgolo Seretse Khama go nna tautona ya ntlha ya lefatshe la Botswana.

Erile a tsena ka mojako wa bonno jwa ga tautona, a bo a lebetse gotlhelele gore kana ke ene mophuthatshaba ya ga Mmangwato, a itumelela go tlhokomelwa ke masole ka ditlhobolo, le gone go nna fela mo toropokgolo, Gaborone. Le fa a ne a phuagantse morafe wa Bangwato jaana, Seretse Khama o ne a nna a tlotlwa thata ke Bnagwato ka ba itse le go tlhaloganya fa e le ene Kgosikgolo ya bone. Ba nna ba mmitsa fela ba mongame Seretse, motho o ka gopola pina ya ga Ratsie Setlhako.

Ka kwa ga Ngwaketse le gone pitsa ga bo go fagiwa e e belang, jaaka baapei ba kgosing ba ne ba faga ba lebile go sele ka ntlha ya go fatlhiwa ke mosi wa dikgong, fa Kgosikgolo Bathoen Gaseitsiwe le ene a ikopa mo morafeng go nama a tsere loeto le le leele go leba kwa sepolotiking, fa ene a bo a inaakanya le phathi ya kganetso go ganetsa e e busang ya Domkraga. Batswana ba ne ba ipotsa gore a jaanong dikgokgolo di tla a felela tsotlhe mo sepolotiking di phuaganya merafe ya tsone, fela se sa seka sa dira phetogo epe ka Bangwaketse le bone ba ne ba neela Kgosikgolo ya bone Bathoen tlotla fela e a e tsaletsweng, mme ba tlhomamisa fa phathi y among-a-bone BNF e fenya kgaolo e ka sebaka se se leele thata, kgang e le gore kana ke phathi ya Kgosikgolo ya bone.

Morago fa dingwaga di ntse di ya pele, ga utlwala fa dikgosikgolo gareng ga tse dingwe, Kgosikgolo Linchwe II wa Bakgatla-Ba-Ga-Kgafela le Kgosikgolo wa Bangwaketse ba amanngwa thata le phathi ya kganetso ya Puo-Phaa. Fela bone ba seka ba supa sepe, ebile ba seka gotlhelele ba tlogela maemo a bone a go etelela merafe ka segosi.

Ba ne fela mo nakong e khutshwane ba ya go emela lefatshe la Botswana kwa Amerika le China, morago Kgabo a tloga a ya go berekela mo lekgotleng la buikuelo la ditsheko la Setswana. Kwa polotiking gone ga a ise a ko a beye lonao la gagwe teng.

Le fa dikgosikgolo tse pedi tse di ne di sa supe mebala ya tsone ya diphathi tsa sepolotiki, dikgang tsa gore ke maPuo-Phaa di ne tsa nna tsa goroga mo ditsebeng tsa merafe ya tsone. Se sa supa sentle gore merafe ya bone e eletsa go ikamanya le se ba leng sone, eleng seo dikgaolo tse tsa Kgatleng le Ngwaketse di neng tsa palela mo diatleng tsa Puo-Phaa. Kgang e le gore Bangwato ba tlhopha Kgosikgolo ya bone Seretse Khama, ka jalo le bone ba tlhopha dikgosikgolo tsa bone, ijoo e le mo gotweng lefoko la Kgosi le agelwa mosako.

Fa mogolo wa lefatshe la Botswana, tautona Sir Seretse Khama, Kgosikgolo ya Bangwato a se na go tlhokafala, ga raya gore ngwana wa gagwe wa mosimane yo motona o tshwanetse go tsaya setilo sa bogosi jwa morafe wa Bangwato. Ngwana yo ya bo e le Lt General Ian Khama Seretse Khama yo ka nako eo a neng a le kwa sesoleng.

Mme fela jaaka raagwe, Lt General Ian Seretse Khama Ian Khama a bapa le kgotlakgolo ya Bangwato a leba kwa Gaborone, a siela kgakala le bogosi jwa gagwe, bangwe ba gopola gore gongwe ke gore o santse a aja monate wa sesole. Fa dingwaga di ntse di ya pele ga bonala sentle gore Kgosikgolo ya Bangwato Lt General Ian morago ga go apesiwa letlalo la tau go papamatsa fa e le ene Kgosikgolo ya Bangwato ga a na maikaelelo le fa e le kgatlhego ya go nna ka fa tlase ga ditlhare fa pele ga lesaka la kgotla a re ke ene Kgosikgolo.

A inaakanya le sepolotiki, morwa Khama, a ipona a le ka fa tlase ga ditlhare a tlhobosa bontlhopheng ba bangwe, a lwa dintwa tse di mashetla tsa phathi Domi, dingwe tsa mogakolola sentle gore ke Kgosikgolo ya Bangwato. A ba a bua gore ene fa a tswa mo sepolotiking o leba ga Mmangwato go tsaya setilo sa gagwe sa matsalo a bogosi.

Fela jaaka raagwe, Seretse Khama, Bangwato ba ntse ba tlotla Lt General Ian Khama Seretse Khama, ga ba bone fa a tshwanetse go nyadiwa le go ganediwa ke ope wa Mongwato. Ba tshoga thata fa go nna jalo ka ba re motho yo o a bo a batla go tshamekela le nyatsa Kgosikgolo ya bone. Kgang ya ga Khama le Gomolemo Motswaledi e ne e sa itudise Bangwato gotlhelele, ba ipotsa gore tota Motswaledi o batla go tsaya jang Kgosikgolo ya gagwe, ba re o tshwanetse go neeela Kgosikgolo tlotla e e mo tshwanetseng.

Mosepele wa dikgosikgolo go ya sepolotiking wa tsweledisiwa ke Kgosikgolo ya Batawana, Kgosikgolo Tawana Moremi, fela jaaka Kgosikgolo ya Bangwato Lt General Ian Khama Seretse Khama, Tawana o apesitswe letlalo la tau go mo kaya e le ene mong-a-morafe wa Batawana.

Morago ga go apara letlalo la tau le go tsaya setilo sa bogosi jwa morafe wa Batawana, Kgosikgolo Tawana o ne a nna go se kae a ntse a eteletse morafe wa gagwe. Fa a ntse a eteletse morafe o jaana, ga bonala sentle gore go dilo di le dintsi tse a sa di itumeleleng ka puso le morafe wa gagwe, mme a bona gore fa a le mo setilong sa bogosi, ga gona jaaka a ka di bua sentle, kgotsa gotlhelele.

Tawana o ne bolela gore ka na tota barutegi jaaka bone, le fa ba tsaletswe bogosi, puso ga e ise e tseye bogosi ka tlhwaafalo, go tloga fela ka dituelo le fa ba berekelang teng. A re sa gagwe ke go tlhola a lebile bommantseane a le ka fa tlase ga setlhare a re o emetse go sekisa, a tlhalosa gore gape kana tota bone ga go na se ba se dirang ka dikgosi di le teng go sekisa.

O ne a bona go le botoka go fologa setilo go leba kwa sepolotiking, a laela morafe wa gagwe ke gone a leba kwa Domkraga, kwa le gone a sa diegang teng ka go ngongorega ka boeteledipele jwa yone jwa seroophate. O ne tlogela Domi a leba kwa Botswana Movement for Democracy, kwa le gompieno a fenya ditlhopho mo kgaolonmg ya gagwe ka talama ya yone. Fa le gone go bonala sentle gore, Batawana le fa ba tlhopha jaana, ba gakologelwa sentle gore Tawana ke Kgosikgolo ya bone, mme go ka tlhabisa ditlhong go bona ba jesa Kgosikgolo ditlhopha ka batho fela ba ba sa reng sepe. Ba leba fela kwa ga Mmangwato ba bo ba tsaya malebela teng, ba itse gore boraSeretse le Khama ba fenya ditlhopho ka e le ba bogosi le gone kwa godimo. Tawana le fa a le mo sepolotiking jaana, o akola tlotla e e mo tshwanetseng ya segosi kwa kgaolong ya gagwe, e tswa mo morafeng wa gagwe. Bosheng jaanong go utlwala sentle gore mosepele wa go leba sepolotiking ga dikgosikgolo o ntse o a tswelela, fa jaanong go goroga Kgosikgolo ya Barolong, Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II. Le ene fela jaaka Kgosikgolo Seretse Khama, Kgosikgolo Bathoen Gaseitsiwe, Kgosikgolo Lt General Ian Khama Seretse Khama, Kgosikgolo Tawana Moremi o laetse morafe wa Morolong.

Se tshaba ya Botswana e emetseng go se bona fela ke gore a jaaka dikgosikgolo tse dingwe tse di merafe ya tsone e di neetseng tlotla le tshwanelo ya go tsena mo sepolotiking le go di emela kwa palamenteng, a Lotlaamoreng o tla a bona se le ene.Fela Kgosikgolo Lotlaamoreng ke motho yo o ratwang le go tlotlwa thata ke morafe wa Morolong, le ene jaaka dikgosikgolo tse dingwe o apesitswe letlalo la nkwe a bewa mo setilong.  Morolong o tla a tuka, Kgosikgolo Lotlaamoreng o batla go emela morafe wa gagwe kwa palamenteng, mme kana o tshwanetse a ganediwe ka tlhopho ke Barolong ba bangwe gape ka letsatsi la ditlhopho tsa poeletso. Mofenyi e tla a nna mang gone?