Naledi

Ke leo lebelo, serame ke seo!

1000 Toyota BMS desert race:koloi ya mokoko e thuntsha dithole
 
1000 Toyota BMS desert race:koloi ya mokoko e thuntsha dithole

Motshameko o wa lebelo la dikoloi o new a bitswa jaana ka leina la motse mongwe mo kgaolong ya Kweneng, mme le gompieno le ntse le fetotse kgaolo le leina le ntse le tumile fela ka Mmantshwabisi, kwa Batswana le baeng ba reng ba itlosa bolutu teng ka mafelo a beke eno.

Lebelo le la dikoloi le le kileng la bo le bidiwa Mmantshwabisi, jaanong le bidiwa fela gotwe  Toyota 1000km Desert Race, kgotsa lebelo la sekaka la sekgala sa dikhilomithara tse sekete le tla a bo le tshwerwe ka mafelo a beke.

Lebelo le le simolola ka Labotlhano go fitlha Sontaga. Mme monongwaga le tla a tshwarelw kwa Jwaneng mo kgaolong ya Ngwaketse kwa go tla a lelang modumo le monko wa thaere jaaka bakgweetsi ba dikuta le dikoloi ba tla a bo ba rika ba sa tswa go rika.

Lebelo le, le setse le itshupile sentle gore ke mmamoratwa mo bakgweetsing botlhe ba ba ikayang ba itseng go tshwara leotwana, le go gata lebidi le go gata mariki, eleng seo le ngokang tatedi e e ntsi thata go tswa kwa mafatsheng a sele go tla go supa se ba se itseng botoka. Mo godimo ga go ngoka tatedi ya batsena lebelo le ga bakgweetsi, lebelo le gape le ngoka tatedi e ntsi ya babogedi go tswa mono Botswana le kwa ntle.

Mafelo a marekisetso a dithoto tse di kampang, bogolo jang tsa boroko jaaka ditante a setse a itemogela kgwebo e e botoka ka Batswana le baeng ba tsweletse ka go reka dilo tse gore battle ba latse tlhogo kwa go kampiwang teng go letela go feta ga dikoloi le dikuta tse tsa lebelo.

Batswana ba setse ba tsene mo lebelong le ka dipalo tse dintsi ka go lebega sentle fa le ba jesa monate, bangwe ba re ba rata thata go bona dikoloi tse di thuntshitse lerole, di shapa motlhaba, di gasa diretse le medumo ya tsone e e utlwalang e le kgakala. Le fa go le paka ya Mariga, ebile go le serame thata malatsi a, go lebega se se sa reye sepe mo Batswaneng ba ba reng ba rata lebelo le thata, mme ba eme sentle go leba kwa go lone ntle le go akanya sepe gape. Bangwe ba bone ba boletse gore serame ga se sepe ka ba tla a gotsa melelo go itlhotlhora serame.

“Morena nna lebelo le ke a le rata tota, ga ke motho wa dibolo, ke motho wa mabelo a dikoloi go tswa bonnyeng jwa me, ke sets eke na le dingwaga di feta botlhano ke ntse ke le lebelela, ga kena sepe le serame,”ga bua jalo Mothusi Kgosi.

Kgosi a re lebelo le la sekaka la dikoloi le jesa Batswana monate fela thata, a re ene le ditsala tsa gagwe ba setse ba le ipaakanyeditse sa bone e le gore ka Labotlhano fa ba tswa kwa ditirong ba bo ba tsena mo dikoloing go leba kwa Jwaneng.

A re ga e le ba manyalo le dintsho, kgotsa diphathi ka mefuta ba tla a ba itshwarela ka ba tla a bob a seyo mo metseng ya bone, ba le mo leroleng la dikoloi le serame sa lone kwa mafelong ka go farologana ga one.

Lebelo le, le tsile ka nako e e siameng, ka bontsi jwa babereki ba tla a bo ba duetswe ka kgwedi e fedile, le bone bagwebi botlhe fela, go akaretsa le ba babotlana le ba dijo ba boletse fa lebelo le gantsi le ba thusa thata ka go na le theko e e botoka.

 Fela ba ngongorega ka gore ba molao wa thekiso le mapodise ba ba tsenya dingalo fa ba rekisa, mme ba bolela gore se se kitla se ba kgona marapo ka maikaelelo a bone e le go dirisa lebelo le go itshetsa le ba malwapa a bone.

Mapodise kwa Jwaneng a boletse fa lebelo le le tshwanetse go dirisiwa e le bojanala, kgwebo e e ka fa molaong le go itlosa bolutu, mme go le botlhokwa thata gore mongwe le  mongwe yo o tla a amanang le lone a tshwanetse go itshwara sentle gone go obamela molao

Sengwe se mapodise ba se kopang ke gore botlhe ba itlhokomele mo dikotsing tsa tsela, mme ebile go sep yo o tshwanetseng go itirela lebelonyana la gagwe le le ka felelang le bakile dikotsi le gone go gapa matshelo a batho.