Naledi

Go-o-boi ga go suwe kwa maboleng

Kabelo Bagwasi (boshibidu) le Onkaradile Mothibedi ba nkgisana magwafa
 
Kabelo Bagwasi (boshibidu) le Onkaradile Mothibedi ba nkgisana magwafa

Kabelo Bagwasi, ke monnawe Kagiso Bagwasi, mme motshameki yo o tumile thata ka go letsa lebole go utlwala mo mongwe le mongwe yo a thulanang le ene mo mosakong wa mabole, mo ka dinako tse  dintsi a tlogelang go tshologa kgodu e khibidu mo dinkong le melomo ya banna. Motshameki yo, Bagwasi o setse tlwaeditse barati le balatedi ba motshameko wa mabole gore fa a palama mosako go a senyega, o tlhomamisa fa a sa neele ramabole yo a lwang le ene gore le fa se e le motshameko, ene ga atla go tshameka gotlhelele.

Ga leina la gagwe lebidiwa, gantsi babogedi ba goela kwa godimo ka boitumelo go supa fa ba itse gore jaanong go tla ramabole wa mofuta ofe, mme ene e re atla a lebege fela a iketlile, a le bongolanyana, ebile ka dinako dingwe o kare o tshogile. Fela mekgwa ya gagwe e bonala sentle fa phala e lela go simolodisa ntwa e e bidiwang motshameko, e tla a re karolo ya ntlha e wela motshameki yo a lwang nae a eletse okare e ka bo e le karolo ya bofelo e e leng ya boraro. Ka Matlhatso, morwa Bagwasi ebong Kabelo Bagwasi o ne a tshwanetse go tsena mo ntweng e e thata ya gagwe le ramabole yo setlhopha sa gagwe se neng se tshegeditse kgaisano, Prisons ene e le Bashe Motlhane. Ntwa e, e ne e le ya bokete jwa 60kg. Bobedi jo fa bo thulana makgetho a se kae a a fetileng go ne go lebega sentle gore Motlhane o a iteka, fela ka ntlha ya maitemogelo a ga Bagwasi a seke a kgone go fenya.

Se jaanong se ne sa itshupa sentle gore moeka Motlhane go tswa kwa Prisons ga a  a ikaelela go ipolaisa mokaloba yo a itseng sentle gore o setlhogo go le kae, bogolo jang ka a tla a ntse a fenya dintwa tse di thata mo dibekeng tse di fetileng. Mme ebile mo go tsone a kgonne go fenya motho yo o mo fetang ka bokete dibeke tse pedi tse di fetileng kwa Francistown. Ntwa ya bobedi jo ka Matlhatso e ne ya ngoka tatedi e ntsi thata, mme barati le balatedi ba motshameko o wa mabole ba sulafala thata go utlwa fa ntwa e jaanong e seyo, se e le ka ntlha ya go sa ikaelelang go palama serala ga ga Motlhane. Le fa bontsi bo ne bo eleditse go bona mekaloba e e mekamekana ka madimabe ga seka ga nna jalo, go ne ga itumedisa Motlhane go bona a boetse kwa ntlong a sena ditlhabi le fa e le dintho dipe ka ntlha ya go phothakwa ka mabole. A bua fela a sa tshabe sepe a re ‘kwa a bo boi ga go suwe.’  Fela bagolwane ba setlhopha bone ba ipa ka gore Motlhane o ne a sa tshwanela go lwa le Bagwasi.

Innocent Chombo wa Maun o ne a fenya Lesedi Bewlay wa 1.2.5 mo boketeng wa 91kg, Travolta Senna wa Francistown o ne a phothaka  Thusoyaone Ditshoso wa Kang ka dintlha di le tharo go lefela mo boketeng jwa 64kg. E ntse e le mo boketeng jwa 64kg Theo  Komotere wa DTCB o ne a bona dinaledi kgatlhanong le Atang Mosenke wa Prisons yo a mo fentseng ka dintlha tse tharo go lefela.

Alphious Farmer wa Thebephatshwa o ne a bona go se gontle kgatlhanong le Tshepang Babui wa DTCB jaaka a ne a mo sotlakaka ka dintlha tse tharo go lefela, fa Eto Dibetso  wa Prisons a ne a ntshetsa ntle Lawrence Mathule wa Botho. Prisons e ne ya tswelela ka diphenyo tsa yone jaaka Omogolo Botshelong a ne a phothakaka Kennedy Ramosesane wa SSKB ka dintlha tse tharo go lefela.

Oteng Terrible Ot Oteng wa UB o ne a fenya motlhofonyana fela Gillian Ditshwene  wa Prisons ka dintlha tse tharo go lefela, fa ntwa gareng ga ga Mmusi Tswiige wa Prisons le Lentswe Zwinila e ne ya seka ya nna ka ntlha ya ditedu mo seledung sa ga Tswiige.