Naledi

Puso e atla bogosi

Kgoshi Cosmas Moapare IV
 
Kgoshi Cosmas Moapare IV

Tsogwane o buile jaana ka Labotlhano beke e e fetileng kwa tlhomamisong ya peo ya ga Kgoshi Cosmas Moapare IV, jaaka a ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bangologa ba Hukuntsi.

Tsogwane a re kamogano ya thelelo ya bogosi e e tsweletseng ke go dirwa ke boora-Moapare, ke sesupo sa go re ga ba a ikaelela go faposwa ke dikgotlhang dipe tsa ngangisano ya bogosi.

“Ke lo akgolela go netefatsa go re bogosi jwa lona le bo amogana ka thelelo go sena dikgogakgogano, selo se merafe ka bontsi e santseng e palelwa ke go se dira. Tsogwane a re le fa gontse jalo, lephata la gagwe ga le santse le lebanwe ke kgwetlho ya go rarabolola dikgetsi tsa mothale o, mme e bile a bolela gore dikgang tsa mothale o di diya ditlhabololo tsa selegae le go lerwe ga ditlamelo. E ntse ele kwa Hukuntsi, Tona Tsogwane a re bogosi le tsamaiso ya makgotla a setswana, di botlhokwa mo go netefatseng tsamaiso ya puso ya batho ka batho e e lolameng mo Botswana.  Tsogwane a re lefatshe jaaka la Botswana, le atlegile mo pusong ya batho ka batho, ke ka moo le tlotlomadiwang ka go sala morago  molaomotheo wa lefatshe le. A re puso e lemoga botlhokwa jwa bogosi, ka e bile e tswa goo lowe e lemoga botlhokwa jwa go nna teng ga Ntlo ya Dikgosi, e e leng bogakolodi jwa Palamente ya Botswana. 

“ Tiro ya dikgosi ga se go reetsa kana go tsamaisa ditsheko fela, mme ke go aga sechaba sa Botswana,” Tsogwane a rialo. A re tshisibalo le kagiso e e renang mo Botswana e atlegile jaana ka go bo marara a thusa mo go rarabololeng dikgang tsa tetlano le borukhutlhi, selo se Tsogwane a kaileng fa se thusa go boloka ngwao ya Batswana.

Tona Tsogwane a re puso ya lefatshe la Botswana e itlamile go tlhabolola makgotla a setswana le bodiredi mme  a bolela fa dithulaganyo di tsweletse tsa go tlhabola dikago tsa makgotla le go gokela megala ya ditlhaeletsano go akaretswa le ya boranyane jwa nthanenete.  A re puso e dira ka natla go reka dikoloi tse di tla abelwang makgotla a setswana ga mmogo le go tswelela gangwe le gape go rutuntsha dikgosi le bodiredi jwa bone ka dithuto tsa botsamisi jwa makgotla le tse dingwe fela jalo.