Naledi

Phokoje go tshela yo o dithetsenyana: Batshabile Tio

Tio, yo o tlholegang kwa Lecheng, mo kgaolong potlana ya legare ya Tswapong, o itshetsa ka go rekisa melemo ya setsa sa Setswana, mme o direla tiro e gaufi le marekisetso a Furnmart kwa Palapye. Tio, yo gape a itsegeng ka leina la ‘metres’ o na le dungwaga di ka tshwara lesome a ntse a dira tiro ya gagwe.

Tota ke eng Tio a rata go gweba ke ditlhare tsa setso? kgang ke gore monana yo ke ngaka ya setso ee kwadisitsweng ka fa molaong ebile ale leloko la le lekgotla la Botswana la Dingaka Association. Mo potsolotsong le Naledi, Tio o tlhalositse fa a sale a simolotse tiro ya gagwe ka bonana a le dingwaga tse masome a mabedi le motso  ka ngwaga wa 2003, fa a sena go palelwa ke go dira sentle mo mophatong wa boraro.

Metres, jaaka bareki ba gagwe ba mo itse thata, are ere lentswa kgwebo ya gagwe ele yone ea itshetsang ka yone mo bogompienong, e tsile ko go ene ele pitso ya sedimo.  Are erile go lemoga fa kgwebo  ya teng ele bogadi bo gaufi, a nweelela mo go yone mme asa tlhatlhobe jaaka dingaka tse dingwe, a rekisa melemo fela.

Go ya ka ene, kgwebo ya gagwe e setse emo diretse gole gontsi mo botshelong mo ebileng asetseng a tlhapile mmereki ale mongwe.

“Tiro yame e tsile mo go nna ele pitso ya sedimo, mme kene ka seka ka inyenyefatsa gore eka mpalela ka ke ne ke santse ke le mmotlana ka dingwaga. Ke ne ka lebelela botshelo jame mme ka  itemogela gore pitso e eka ntshetsa ka jaana ke ne ke satswa go palelwa ke mophato wa boraro. Ka amogela pitso mme ka  dira gotlhe mo nka go kgonang gore ke nwe kgwebo ya me moro. Mo bogompienong e godile ebile ke setseke tlhapile mmereki ale mongwe gonthusa, bogolo jang fa ke seyo,” ga tlhalosa Tio.

Le fa gontse jalo, Tio one a tswelela ka go rotloetsa banana ba bangwe go sa itebe diatla fa ba tlelwa ke dipitso tsa sedimo ka jaana  ba ka itshetsa ka tsone mme ba inamola mo lehumeng le le ba apereng. One gape a supa fagole borai go ikgatholosa pitso ya  go nna jalo ka jaana badimo ba kgona go sokela motho dirope go bo a ganne pitso.

Ngaka e ya setso e gompieno eleng rragwe bana ba bararo, are one a tlhopha go direla kgwebo ya gagwe kwa toropong ka jaana gona le motsamao o montsi wa batho. Are ere ka jaana maikaelelo a gagwe ene ese go nna ngaka ee tlhatlhobang mme ele go itshetsa ka sea se abetsweng o ratile thata go direla mo mpaananeng eseng mo metlaaganeng jaaka dingaka tse dintsi di dira.

Fa a tswelela ka go tlhalosa ka tiro ya gagwe, one a supa fa a epa ditlhatshana tsa gagwe kwa mafelong aa farologanyeng jaaka Lecheng, Makoro, Selibe Phikwe, Dikabeya, Lobatse le mafelo a mangwe. One gape a tlhalosa gore kgwebo ya gagwe e kgona go dira sentle thata ka jaana akgona go dira bo P350 goya ko go P400 ka letsatsi mo malatsing aa siameng. Are o kgona go amogela bareki go tswa bokgakaleng jabo South Africa, Jwaneng, Francistown, Mahalapye le mafelo a mangwe.

Le fa gontse jalo, Tio o tlhalositse fa gonna ngaka ya Setso go sa reye gore motho eabo ele modimo ka jalo aka fodisa malwetse otlhe. One are ene o kgona go fodisa malwetse a tshwana le go tlhatswa popelo, dintho, maoto aa rurugang, boswagadi, botholagadi le a mangwe. Mme one a rotloetsa Batswana go ne ba ya dipateleng fa ba lwala malwetse aa tshwanang HIV/AIDS, kankere,madi a matona le a mangwe a dingaka tsa Setswana disa kgoneng goa alafa.

One a tlhalosa faa itse ka dingaka tse di kgonang go jela batho madi mme di itse fa di ka seka tsa kgona go ba thusa. Are selo seo ke bogodu ebile se senya dingaka tsotlhe maina mme ntswa basa nna jalo botlhe, ka jalo one a kgala mokgwa o aba a rotloetsa dingaka ka ene go itsaa tsia.