Naledi

Iketleleng boloto � Tshireletso

 

Go kgala moo go dirilwe ke modiri wa lefelo la tlhatlhobelo ya mogare la Tebelopele kwa motseng wa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti, Rre Sane Tshireletso.

Tshireletso, yo o tumileng kwa motseng oo ka ntlha ya go nna mongwe wa badiragatsi mo mererong ya metshameko kgotsa terama, o ne a bua le baithuti ba sekole sa tiro ya diatla kwa Letlhakane e leng Boteti Brigade ka Labotlhano wa beke e e fetileng. A re segajaja sa HIV/AIDS ga se mafoko a banyana ba le kwa mmantlwaneng; ka jalo Batswana ba tshwanetse go tshwaragana jaaka ngata ya bojang ka maiteko a go tlhabantsha mmaba yo o setlhogo. A re go mo pepeneneng gore banana ke bone ba ba amegileng thata fa go tla mo bothateng jwa mogare wa HIV, ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela ka dinako tsotlhe.

Tshireletso a re go tshwarisa kgakge go utlwa go setse go na le banana bangwe ba ba kgonang go ipoka ka mokgwa wa go sa dirisa khondomo, o banana ba koo ba tlwaetseng go o bitsa boloto.

A re nnete e e sa phurelweng pheko ke gore maduo a mokgwa oo ke selelo le khuranyo ya meno fela. ‘’Betsho tlhe ke a lo kopa tsweetswee, ke a lo kopa, a ko lo iketleleng boloto, iketleleng boloto ke a rapela!’’ ga bua Tshireletso a tlhoafetse. O gakolotse banana ba kgaolo ya ga gabo gore ba ye kwa Tebelopele go itlhatlhobela mogare, ka seo se ka ba thusa go tsaya ditshwetso tse di lebanyeng fa ba setse ba itse diemo tsa bone.

A re pele ga motho a tlhatlhobiwa o fiwa bogakolodi jo bo nonofileng gore e re fa maduo a ka tla a supa fa a na le mogare a tle a kgone go ikamogela le go tswelela le botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi.

E re dikgang di eme jalo, e rile fa a latlhela la gagwe, Kgosi ya kgotla ya Bure kgotsa Metsiaaela kwa Letlhakane la Boteti, Alfred Petelelo, a gatelela botlhokwa jwa go dirisa dikhondomo fa e le gore banana ba palelwa ke go ikgapha gotlhelele go fitlha ka motlha wa lenyalo.

Kgosi Petelelo a re go a gakgamatsa gore mo malatsing ano a go nang le malwetse a dikobo ka bontsi, batho bangwe ba bo ba santse ba kgatlhwa ke go ratana le bakapelo ba le bantsi, selo se a reng ke mokang e leng go ithala ka thipa mpeng.

A re e le ruri fa banana ba ka koafala ka bontsi, itsholelo ya Botswana e ka amega thata ka e le bone badiri ba ba botlhokwa ba kamoso. Petelelo, yo e leng molatedi wa tumelo ya ga Keresete, o gakolotse banana ba Boteti gore ba ikanye Modimo gore o kgone go retolola dipelo tsa bone gore ba tle ba dire tse di molemo mo matshelong a bone.

Banana ba Boteti Brigade ba ba buisaneng le Naledi ba re ke nnete gore go na le bangwe ba ba kgatlhwang ke go sa dirisa dikhondomo, fela ba gatelela gore seo ga se letshwao la tshiamo gotlhelele.