Naledi

Modise o tlaa atlholwa kgotla kgolo

Mmakaseterata Queen Moanga e boletse jalo ka Labone wa beke e e fetileng gore  Kgongwane wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe (19), o mo bothateng jo bo seng kana ka sepe gonne o lebisitswe molato o le mongwe wa go tlhakanela dikobo le mosetsana  wa dingwaga tse di kwa tlase ga tse di letlelesegang. Go ya ka bosekisi,  mosekisiwa o latofaletswa go tlhakanela dikobo le mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boratarao (16) kwa moepong wa Orapa mo ngwageng o o fetileng. E ne ya re fa mosekisiwa a ntse disanyana fa pele ga lekgotla la ditsheko la Letlhakane, mmueledi wa gagwe e leng Rre Mompati Mokwena, a kgaratlha  thata mo puong ya gagwe ka mabaka a go leka go inola mosekisiwa mo molatong o.

Le fa go ntse jalo, motsamaisa tsheko yo e neng e le lepodisi la maemo a sejane go tswa kwa kampeng ya Orapa, Mpho Basebi, le ene o ne a ipapanne ka basupi go leka go bontsha lekgotla leo gore mosekisiwa o dirile molato o a tshwanetseng go o otlhaelwa. Ditlhase tsa  ngangisano di ne tsa tlola phetelela mo lekgotleng fa mmueledi yo o tumileng kwa kgaolong ya Legare, Mompati Mokwena, a ne a tlhokoditse leleme mme a sobotla basupi ba puso ka dipotso tse di thata mme le bone ba bo ba ipaakanyeditse go di araba ka tlhoafalo. Tsheko e ne ya thuthafalela pele mme ga tlhalosega jalo gore mosekisiwa  le mo tswa setlhabelo ba ne ba tlhakanela dikobo mo makgethong a le mararo mo malatsing a a farologanyeng.

Bosekisi bo boletse gore mo ngwageng o o fetileng fa mosetsanyana yoo a dirisiwa botlhaswa jalo o ne a na le dingwaga tse di kwa tlase ga  lesome  le bone, selo se molao wa Botswana o sa se letleleleng gotlhelele.Ba bosekisi ba ne ba bitsa  basupi ba ba farologanyeng go akarediwa le ene mosetsanyana yoo wa motswa setlhabelo.

Ba ne gape ba ntsha setlankana sa matsalo a gagwe go supa gore ka nako ya tlhakanelo dikobo  e  e bolelwang eo mosetsanyana yoo o ne a le kwa tlase ka dingwaga. Le fa go ntse jalo, mo bosuping jwa gagwe ka sebele, mosekisiwa, o ne a tlhalosa gore popego ya mongongoregi segolojang ya mmele e ne ya mo tsietsa a ithaya a re ke motho yo mogolwane ka dingwaga.

O ne gape a bua gore mongongoregi kgotsa motswa setlhabelo ke motho wa tlhaloganyo e e nonofileng mo monna a ka tsietsegang a ithaya a re ke mogodi; ka  e bile puisano ya bone mo face book, e e leng yone e e ba kopantseng e ne e nonofile. Le fa go ntse jalo, mmakaseterata Queen Moanga wa Letlhakane a re o sekasekile mabaka otlhe ka tlhoafalo mme o lemogile sentle gore mosekisiwa o lebaganwe ke molato o a tshwanetseng go o arabela. A re kgotla kgolo ya ditsheko  ke yone e e tla ntshang katlholo. Go ya ka molato wa go nna jalo, fa mosekisiwa a ka bonwa molato o ka nna a ya go disa poo [Go ya kgolegelong]  lobaka lwa dingwaga tse di lesome.