Naledi

Motswasele e ipelela ngwao

Moletlo o o ne o tseneletswe ke kgosana ya kgaolo kgosi Mookotsane le bagolwane ba lekgotla le batsadi le barutabana, Rre Kebonang le mme Mosimanegape, mokgogo mme Seitei le mothusi rre Moremong.

E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, morulaganyi mme Rantho a tlhalosa fa moletlo o e ne e le lantlha o dirwa mo sekoleng, o dirilwe ka maikaelelo a gore ba rute batho botlhokwa jwa dipharologanyo tsa rona re le Batswana, go sedimosa gore go amogelana go botlhokwa go le kae le go bontsha bana ditsamaiso tsa setso le metswako ya dingwao.

Sebui segolo la letsatsi, mokwadi, mmoki le moranodi Moroka Moreri, o ne a  tlhalosetsa batsenelela moletlo gore ngwao e botlhokwa ka jaana e sireleditswe ke lekgotla la boditshaba la United Nations, mebuso ka bontsi, batho, malwapa le bana. O supile fa ditemotshi tsa ngwao di akaretsa, kapari, puo,dijo, didirisiwa, kalafi, metshameko, boitsholo jwa batho le matlotlo a tlholego.

O gateletse gore ka ngwao e nna e fetoga, go botlhokwa gore Batswana ba simolole go e kwala, go kwala dipina tsa setso le ka dinnoto tota, go dira ditshwantsho tsa motshikhinyego, go tsaya dilo tsa ngwao dinepe le go dira metako ka yone.  O kgothaditse baithuti go dirisa boranyane jwa segompieno jaaka u tube, twitter, diwebsite le tse dingwe tsa boranyane go e bolokela dikokomane le go e fa tebego ya segompieno.

A re banana ba eka kwala ngwao e ka teme ya seesimane le tse dingwe gore e aname mo mafatshing. Moreri o rtloeditse sekole gore se age ntlo a solofetsa go thusa letsema ka makgolo a matlhano a dipula. Kgosi Mookotsane a solofetsa go ntsha kgomo go dira ntlo e, fa batsadi ba ne ba solofetsa go ithaopa go e aga. O tsweletse a solofetsa sekole go rekela moithuti yo o gaisitseng ka tsa ngwao kopi e e amoganwang le go ithaopa go ruta bana thuto ya Setswana fa nako e letla mo sekoleng seo.

Moletlo o ne wa nna le thuto ka tsamaiso ya botsetse jwa sekwena ka mme Ntokwane. Baithuti ba ne ba ipelela naane ya ga Tshwene le mmutle e e ne e tlhajwa ka diteme tsa Setswana, Ikalanga, Sekgalagadi le Seesimane, mme ba kgatlhega thata ka fa le ne le tlhabiwaka teng ka teme ya Ikalanga ke moithuti Tapiwa. 

Baithuti ba ne ba supa bontlenyane jwa kapari ya leteitshi le mogagolwane, ba bo ba akola motshameko o o e o gogomosa maikutlo wa tsholo ya masiela. Baletsi ba diletso tsa setso ba ne ba akaretsa, Johnson Kgaswane, Otlaadisa Keetetse le Jaro Ntlhophe.

Sekole se ne sa dira gore malebogo a fiwe ke Tautona wa sekole Dimpho Mosekiemang, fa mpho ya sebui e abilwe ke mmabontlenyane Lebopo Isaih mme botsamaisi ka teme ya Sekgalagadi ke mongwe wa baithuti, Mary Mpofu.