Blogs

Lenatetshapuo leo le fapositswe

Tiro e, e dirwa ke lekalana la boipelego, le le ka fa tlase ga khansele. Bana ba fiwa dijo, diaparo le paka ya sekole.

Nako nngwe go a tle go nne le selelo sa gore bana ba, ga ba bone tse di ba tshwanetseng sentle. Go twe, dilwana tse, di diega go tlisiwa. Go bo go raya gore, fa dilo tse di ise di tle, bana ga ba tshele sentle. Ga ba na se ba se jang le se ba se aparang. Go nne thata.

Go ya ka pego nngwe, go lebega fa kwa sekoleng sa Xakao, kwa Okavango, selelo se, se se yo.

Go bolelwa gore, e rile ka Tlhakole monongwaga, badiredi bangwe ba khansele ya Bokone Bophirima, ba etela sekole se go utlwa gore bana koo ba tsoga jang. 

Pego e bolela fa badiredi ba ba ne ba itumelelwa thata. Ga twe ba ne ba bolelelwa fa khansele e dira ka natla ka jaana dilwana tsa bana di goroga ka nako.

Le fa go ntse jalo, go utlwala fa bana bangwe ba amogwa dilo tse ke batsadi.

Ga twe fa dikole di bulwa, bana bangwe ba tla ba apere makgasa, ba bangwe ba apere diaparo tse di ba fetang mme gone ba ne ba ile gae ka tse di siameng. O ke mokgwa o o maswe o batsadi ba tshwanetseng go o latlha. Fa ba batla diaparo, a ba eme ka diano ba ipatlele tsa bone e seng go tseela bana.

Fa e bega ka fa modiredi mongwe wa boipelego a neng a bua ka teng go akgola khansele, Dikgang/Daily News (Dikgang  Labone Tlhakole 19, 2015) ya re;

‘A re mabela ga se a maloba ka jaana le dijo mo matlong a borobalo di goroga ka nako e bile seshabo se nna se le teng.’

A e ne e le mafoko a go akgolela khansele tiro e ntle e e e dirang mme fela, a se ka a wela sentle ka gore go twe, mabela ga se a maloba.  Potso fa ke gore, lenatetshapuo le, le raya eng? A e re pele ga re araba potso e, re utlwe gore mabela one ke eng?

Thanodi ya Setswana ya re mabela ke mokgwa wa go ipona botoka mo go ba bangwe ka go ikgogomosa. Mongwe o ka botsa gore go ikgogomosa gone ke eng? E ntse e le Thanodi ya re go ikgogomosa ke go itseela kwa godimo, go ikgodisa.

Go ntse jalo. Ka Setswana, motho yo o mabela ke motho yo ka tsela nngwe a iponang a le botoka mo go ba bangwe; a ipona a na le sengwe se se mo tlotlomatsang, se mo godisa, go feta batho ba bangwe.

Jaanong fa go twe mabela ga se a maloba, go raya eng? Fa Motswana a re mabela ga se a maloba, o raya gore motho ga a sa tlhole a le mabela jaaka pele.

O raya gore, dilo dingwe tse motho yoo a neng a ntse a ikgodisa, a ikgantsha ka tsone, di mo latlhegetse.

Re itse gore fa motho a sale mmotlana (monana) o a tlolaka, a ye kwa le kwa, a dire sele le sele ka mmele o a bo o sa ntse o le tlhaga. Bangwe e re motho a gata, a ikutlwe e kete ke ene fela mo lefatsheng. Mme fa motho a ntse a gola, mmele o a koafala, o felelwe ke natla.

Puo ya gore mabela ga se a maloba, re e utlwa thata ka bagolo ba itlhobosa gore thata ele e ile, e fedile.

Ka mmele o lapile, ga ba sa tlhole ba dira dilo dingwe tsa malatsi ale a bonyana jwa bone.

Gongwe motho e ne e le sebini sa borankana, gongwe  e le mohudi wa tlhobolo, mme ga a sa tlhole a kgona go dira jalo ka jaanong o godile. Mme ke gone a re mabela ga se a maloba.

Fa godimo fale go buiwa ka bana ba ba tlhokomelwang ke khansele.

Re dumela gore e a re fa dilwana tsa bana ba di goroga, go nne boitumelo bo bogolo, di itumelelwe ke botlhe. A jaanong re ka bolela boitumelo bo ka gore re re mabela ga se a maloba? A go a nyalana?

Go tlhokomela bana ke tiro e e itumedisang, e e monate. Gore e re go buiwa ka yone go bo go twe mabela ga se a maloba, ga go nyalane.

E nna jaaka e kete motho mongwe o ne a rolwa mabela, a latlhisiwa dingwe tse a neng a ntse a ipelafatsa ka tsone ntswa go sa nna jalo. Mo go raya gore lenatetshapuo le, le fapositswe, ga le a dirisiwa sentle.

Boemong jwa gore go twe mabela ga se a maloba, gongwe go ne go ka nna botoka fa go ne go ka twe selelo ga se sa maloba, sa jale dilwana tsa bana di sa goroge ka nako.

Go bua jaana go tlaa bo go supa  sentle gore bana, le botlhe fela, ba itumelela tiro e ntle e khansele e e dirang.

motshwanes@yahoo.com