Blogs

Ke borwa bofe?

Motswana wa malatsi ale, o ne a tshela ka tshimo le moraka. Ka jalo, e ne e a re a lema, a se ke a tlhaole dipeo jaaka re bona bangwe ba dira gompieno.

O ne a jwala dithotse tsa marotse, magapu le tse dingwe fela jalo. A jwale dinawa, mmidi le mabele gotlhe go kopanye. Pele ga a lema, o ne a tswakanya peo, e le fa a tlhakanya tsone dijwalo tse.

Motswana o ne a dira jaana ka a ne a itse gore, e tlaa re fa dijwalo di ntse di gola, a di je ka go tlhatlologana. O ne a itse gore dingwe di tlaa butswa pele, dingwe di butswe kwa morago. E re go ntse go tla, a sa ntse a letile tse dingwe go butswa, a je dikgankana, a je nyebu. Godimo ga moo, e ne e a re a letile jaana, a bo a sa nna fela. Di ne di tla di ntse di mo setse morago dijwalo tsa gagwe; a tshwanetse go di baakanyetsa.

Fa a sa di baakanyeditse, o tlaa robela kae? Go baakanyetsa go roba, go ne go agiwa dirala le digotlo.

Dirala di ne di remelwa dikotana le maotwana go agiwa, segotlo sone se dilwe se bo se direlwe mmotwana. Meotlwana, e go tsileng go phothwa ka yone, le yone e batliwe. E re nako ya go roba e goroga e fitlhele dilo tsotlhe di siame. Ka Setswana go na le nako e go a tleng go twe phefo e a tlhaba kgotsa e tlhabile. Ka nako e, serame se nna bogale thata go omisa dijwalo, gore di rojwe di omile, e seng di le metsi, tsa tloga tsa senyega. Go ka nna bosigo bongwe bo se ka lalang se ole, ya re ka moso go tsogwa, ga fitlhelwa masimo a le masweu, dijwalo di shwele. 

E a re phefo e se na go tlhaba, go rojwe, dijwalo dingwe di omile sentle, tse dingwe di ise di butswe, mme tse go twe go rojwa talane. Fa go se na go rojwa, go setse go se na sepe mo masimo, Motswana a re mogwang o ile borwa; e le go latola gore ga go na sepe, masimo a tlhobogilwe.  Lenatetshapuo le ga le dirisiwe fela fa go buiwa ka masimo. Le ka dirisiwa gape go latola dilo tse dingwe. A re re, go ne go jewa kgomo kwa ga Elatilwe.

Mhati o ya koo go ya go kopa. Fa a tsena, o fitlhela go setse go jelwe, go feditswe, E ka re a latolelwa ga twe o fitlhela mogwang o ile borwa, go raya gore, o fitlhela go se na sepe.

Motswana gape o a tle a re selo se ile le mogwang borwa kana motho o ile le mogwang borwa.  A re re, Mmualebe o batla go ya golo gongwe. Ka o bona e kete tsela e tlaa nna telele, o kopa Naledi go mo pata. Naledi o leka go gana mme Mmualebe o mo sala morago.  La bofelo, o a ineela, o tsamaya le Mmualebe. Fa go nna jaana, Motswana o tlaa re, Naledi o ile le mogwang borwa, a raya gore o ineetse mo selong se tota a neng a sa dumalane le sone; o ineetse motlhofo.

E e tlhabang ele phefo, e ne e le ya go omisa mabele le dijwalo tse dingwe. Ka malatsi a mangwe se a tle se we serame, go sa itsiwe gore se tswa kae, se dirwa ke eng. E re se gaketse se tlhaba, Motswana a re phefo e tswa borwa.

Fa a sa re phefo e tswa borwa, a re morwa o dirile sengwe se re ka se keng ra se bua. Go ntse go ntse go jalo, e a re Batswana ba tlhobosa basadi bangwe, ka go bona botho jwa bone e se bone sentle, ba re mosadi ga tswe borwa e se phefo.

Gompieno, Mmualebe ga a na ape a mantsi fa e se go botsa fela gore, fa bangwe ba itse, ba thuse.

Potso ya ga Mmualebe ke gore borwa bo go buiwang ka bone bo, ke bofe?  A ke borwa jwa khutlo tse nne tsa lefatshe tse di bolelwang, kana ke bongwe bo sele? Bo simologa fa kae, bo felela kae? Gape ke eng fa dilo tsotlhe di tlaa amanngwa le borwa?

Ga twe phefo e tswa borwa, morwa o dirile sengwe, mogwang o ile borwa, selo se ile le mogwang borwa, go bo go twe mosadi ga tswe borwa e se phefo.

Ke eng fa dilo tsotlhe tse e seng tsone e tlaa nna tsa borwa? Lorato ampo letlhoo? A re utlwe ka koo. motshwanes@yahoo.com