Blogs

Ba re a kgotla e na le phuthego?

Go begwa fa nngwe ya diphuthego tse e ne ya tshwarwa ke mopalamente wa Molepolole Borwa mo malatsing mangwe a a fetileng, kwa Goo Ntloedibe le Ramakgatlenyane, gone mo kgaolong ya gagwe.

Go na le mananeo a ka one, puso e lekang go thusa banana go itirela dikgwebo. Gantsi go na le selelo sa gore, batho ba ba ka bong ba thusiwa ka mananeo a, ga ba bone thuso e e leng yone sentle. Bangwe ba re ga ba arajwe ka nako gore a dikopo tsa bone di atlegile kgotsa nnyaa. Ba bangwe ba re, ga ba ke ba itse gore ba tshwanetse go dira jang go ikopela go thusiwa ka mananeo a. Go utlwala fa mopalamente a ne a feta ka kgang e mo diphuthegong tsa gagwe. Ga twe mopalamente o ne a re ga a itumelele go bo badirela puso ba sa tsene diphuthego tsa kgotla. Mme thata o bolelwa a ne a lebile lephata la banana a re go na le dilo dingwe tse di ka tlhalosiwang botoka ke badiredi ba lephata kwa diphuthegong tse. Mo go bo go raya gore fa badiredi bao ba se yo, ga go na thuso epe e e botoka e batho ba ka e bonang.

Go sale foo, Batswana ba a tle ba lele ka gore balwetse ba ba kwa dikokelong, ga ba tsholwe/tlhokomelwe sentle. Go twe ga ba na fa ba robalang teng, ga ba na dikobo, ba tlhapa ka metsi a a tsididi. Ga twe e rile a araba selelo se batho ba kgaolo ya gagwe ba kileng ba se lela mo diphuthegong tse di fetileng, mopalamente a bolela fa kwa Scottish Livingstone Hospital (Scottish) go dumelwa fa seemo se tlaa tokafala. Ga twe ba Scottish ba bolela fa e tlaa re mo nakong e khutshwane, balwetse ba fiwe dikobo, ba bo ba bone metsi a a bothitho. Mme fela melemo yone, bogolo jang ya madi a matona, e sa ntse e tlhaela.

Fa o etetse batho, o a ba itekodisa, le bone ba go itekodise; ke Setswana; Ga twe e rile ba itekodisa mopalamente,  ba Goo Ntloedibe ba kopa gore ba agelwe kokelwana ka jaana kgaolo ya bone e atlhame. Ba lela gape ka metsi a rotlhe e a reng re ntse re tsamaya, re a bone a ela le naga a tswa mo dipompong tse di thubegileng. Ba re le fa koporase ya metsi (WUC) e ka kuelwa metsi a, ga e itlhaganelele go ya go bona ka fa go senyegileng ka teng le gore e ka baakanya jang. Se ke se rotlhe re se itseng.

Kwa Ramakgatlenyane gone ga twe ba ne ba lela ka majalwa mangwe a a omelwang ka dilo tse di sa siamelang botsogo jwa batho. Gape ba re, bangwe ba ba rekisang majalwa a,  ga ba na matlwana a boithomelo. Selelo fa ke gore, ga go na fa batho ba itiketsang jaanong leswe le tlala gongwe le gongwe.  Go kaiwa fa mopalamente a ne a leka go kgalemela dilo tse. Di bolelwa di tsamaile jalo diphuthego tsa kgotla tsa ga mopalamente.

Gompieno Mmualebe o araba potso e e reng a kgotla e na le phuthego. Bangwe ba botsa jalo  gore a kgotla e na le phuthego, ke eng go twe phuthego ya kgotla? Karabo ke gore phuthego ga e na kgotla. Mme fela, re tshwanetse go lemoga gore, phuthego e ka kaiwa ka dilo di le tharo, e leng gore, e tsenela kae, e tsenwa ke mang, le gore e ya go bua ka eng. Fa go twe phuthego ya kgotla, go a bo go kaiwa lefelo, go bolelwa kwa phuthego e yang go tshwarelwa teng. E nngwe phuthego go ka twe ke ya batsadi le baruta bana. Fa go a bo go buiwa ka ba ba tlaa tsenang phuthego eo, batsadi le baruta bana ba sekole sengwe. Kwa phuthego e tlaa tsenelang teng, le gone go bolelwe.

Kwa merakeng, re a tle re utlwe go twe go tlaa tshwarwa phuthego ya sediba sengwe. A go a bo go raya gore sediba seo se na le phuthego? Nnyaa. Ga go na sediba se se nang le phuthego. Go a bo go kaiwa se go yang go buiwa ka sone kwa phuthegong eo. Ba ba dirisang sediba seo, ba a bo ba kopana go ya go buisanya ka dilo dingwe tse di amanang  naso jaaka gore go tlaa duelwa jang, le gore fa se senyegile, se tlaa baakanngwa jang, le tse dingwe fela jalo.

Kgotla ga e na phuthego. Phuthego ke ya batho. Fa go twe phuthego ya kgotla go a bo go tlhalosiwa kwa phuthego e tlaa tsenelang teng. Mme fa go twe ke ya batho bangwe kana selo sengwe jaaka sediba, go a bo go bolelwa ba ba tlaa tsenang phuthego eo kgotsa gore e ya go bua ka eng.

motshwanes @yahoo.com