Blogs

A e a logiwa?

Ditlhare dingwe ke tsa maungo, tse dingwe ke tsa meruti, fa dingwe e le tse go betliwang ka tsone.

Gare ga ditlhare tse di betlang go morukuru, motlopi le morula. Mo isong, morukuru  ga o monate. O fela ka pela, e bile o a nkga. Mo go betleng gone o bolelwa o le thata thata. Ga twe e re o tlaa bona e bo e le fa o betlilwe maotwana, mepako le ditlhomeso tsa ntlo.

Mo go tsa maungo go ntse go na le morula le motlopi.  Morula o na le maungo a a jewang e bile a dira bojalwa. Mo teng ga thapo ya morula, go na le moko o le one o jewang. Thapo e e na le dinkonyana di le pedi tse di nnang di tswetswe. Dinko tse ke tsone tse e reng fa thapo e thulwa, di bulege, mme go gonngwe moko mo go tsone. Kwa ntle ga gore o na le moruti o o monate thata, e bile o a jewa, morula gape o a betla; o betliwa dikgamelo le dikika.

 Motlopi, fela jaaka morula, o jewa ka go monwa mme dithapo tsa one di kgwiwe. Godimo ga moo, o ka fetlhiwa wa nowa e le seno se se itidimaletseng fela, e se bojalwa jaaka morula. Bangwe ba bolela fa modi wa motlopi one o dira tee e e monate thata.

Ditlhare dingwe jaaka motlopi le morula, di aname le lefatshe leno, di bonwa mo mafelong a mantsi, fa tse dingwe tsone di bonwa fela mo mafelong mangwe a a rileng. Sengwe sa ditlhare tse ke mokolwane. Mo borwa jwa Botswana, setlhare se ga se bonale thata. Fa se fitlhelwang teng ke fela fa se lemetswe go kgabisa, e seng se dule fela mo nageng. Mme jaanong se bo se bonwa kae thata?

Le fa mokolwane o fitlhelwa mo mafelong mangwe jaaka Bobirwa le dikgaolo dingwe tsa Legare, bontsi jwa one o bonwa kwa kgaolong ya Okavango le Ngami kwa bokone bophirima jwa Botswana. Mokolwane o bolelwa e le setlhare se se ratang metsi thata. Ga twe go ya kwa godimo, o ka gola boleele jwa dikgato di le masome mabedi. Fela jaaka ditlhare tse dingwe, mokolwane o ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi. Bangwe ba o lemela go kgabisa malwapa a bone fa ba bangwe bone ba o dirisa go feta foo.

Mokolwane o na le maungo a a jewang a le one a bolelwang a le monate thata e bile a tletse dikotla. Bangwe ba re, fela jaaka morula, o ka dira bojalwa. Gape o dirisiwa go rulela matlo, go loga ditlatlana le ditshelo. Ba le bantsi kwa mafelong a Okavangio le Ngami ba loga ditlatlana le ditshelo ka one go di rekisa. Mafelo a ke mafelo a a ratwang thata ke ba ja nala ba e leng bone gantsi ba rekang dilo tse. Fa Naledi  (Naledi  08 Moranang 2015) e bua ka fa mokolwane o dirisiwang ka teng ya re;

‘Batho ba kgaolo ya Okavango ba itshidisa ka matlhare a Mokolwane go dira marulelo a matlo ale le go loga maselo le dinkgwana kana ditlatlana.’

Ke eo kgang. Ga twe mokolwane o loga dinkgwana. A mme nkgwana e a logwa? Gape, a tlatlana le nkgwana di a tshwana? A ke selo se le sengwefela?

Pele ga re araba potso e, a re utlwe gore tlatlana ke eng, nkgwana ke eng. Thanodi ya Setswana e tlhalosa tlatlana e re ke selwana se se logilweng ka motlhaka, se se sesane kwa tlase, mme molomo wa sone o atlhame.  Ka nkgo gone ya re, ke selwana sa letsopa se se tsholang metsi kana bojalwa. A re lemoge gore ‘nkgwana’ ke ngotlo (bonnye) ya lefoko ‘nkgo.’ Mo go raya gore nkgo le nkgwana ke selo se le sengwefela. Pharologanyo fela ke gore mo gongwe go gotona, mo gongwe go gonnye, fela jaaka re re, koko, kokwana.

Thanodi e supa sentle gore, tlatlana le nkgwana ga di tshwane, ga se selo se le sengwefela. Re dumela gore go ntse jalo ga di tshwane. Ga di tshwane ka go dirwa, le ka fa di dirisiwang ka teng. Tlatlana e  ka dirwa ka bojang. lotlhaka (motlhaka) dithupa tsa maretlwa kana ka one mokolwane. E dirisiwa go beela mabele, mmidi, dinawa le dilo tse dingwe tsa go nna jalo, e seng tse di metsi. Nkgwana yone e dirwa ka letsopa, selo se se thubegang. E beela dilo tse di metsi jaaka one metsi  tota le bojalwa.

Ga  re dumalane le Naledi  fa e re nkgwana e a logwa. Go logiwa tlatlana e seng nkgwana. Nkgwana yone e a bopiwa, e dirisiwe go beela metsi ampo go ya nokeng. Motswana a re, ‘Nkgo go thubega e yang nokeng.’ A raya gore modiri (motho yo o dirang) ga a ke a tlhoka gore e re golo gongwe a fose kana a palelwe; mme a e se re a fositse a nyadiwa, o a bo a lekile.

motshwanes@yahoo.com