Blogs

Ga se dimela

Mafatashe mangwe a sego ka a newa ke pula e ntsi, balemi koo ba leme dijwalo ka go farologana. Ba leme maungo, merogo, sika loo nawa (manoko, ditloo) le lone loo mabele jaaka one mabele, Korong le mmidi,

Fa go buiwa ka pula, mono Botswana re ka re ga re na lesego le lentsi ka jaana pula ya rona e boutsana, e bie ga e ikanyege. Ka gale, re solofela gore pula e ne selemo.

Ngwaga mongwe e ka nna teng, balemi ba itumela, ba lema, ba hola, ga dika go jewa thata. Mme fela jaaka Motswana a rile ngwaga ga o  rwalele o mongwe, dingwaga tse dingwe, selemo se ka tsena, ga solofelwa pula, mme ya se ka ya na.

E re e sa na, balemi ba le bantsi ba palelwe ke go lema.

Bangwe, ka tsholofelo ya gore gongwe e tlaa re nako nngwe e ne, ba leme, mme go nne go omelele fela, e se ke e bonale gope. Go nne bohutsna, batho ba ipotsa gore, go sa lengwa jaana, ba tlaa dika ba jele eng. E ke potso e balemi ba le bantsi mono le Batswana botlhe ba e ipotsang monongwaga.

E rile ngwaga o o  fetileng o tsamaela go fela, jaaka gale, ra solofela gore pula e tlaa na mme nako kgolo ke eno; ga re ise re e bone gope.

Bangwe balemi ba ne ba ya le lefoko la gore tsholofelo ga e tlhabise ditlhong.

Ba lema ba solofela gore nako nngwe pula e tlaa na. Ga se ka ga nna jalo, ya ganana. Mo nakong eno masimo a fenyeditswe ke letsatsi, a shele, a ntse masweu.

Le fa go ntse jalo, balemi bangwe mo mafelong mangwe bone ba kaiwa ba tlaa dika ba setse sengwe. Mongwe wa batho ba go nna jaana, go bolelwa e le molemi mongwe wa masimo a Selolwane kwa Tutume. Tshimo ya molemi yo e bolelwa e farologanye thata le masimo a mantsi a re a bonang fa re ntse re raletse lefatshe leno.

Ga twe tshimo e, e eme sentle; dijwalo tsa yone di nonofile, di di tala. Ka fa tshimo e e bolelwang e ntse ka teng, ga go pelaelo epe ya gore mong wa yone o nona pelo ka mathe gore tota  o tlaa dika a robile.

E tlaa re balemi ba bangwe ba boela gae ba iphotlhere, ba sa tshola sepe, ene a tle a rwele sengwe se se supang gore ruri boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe.

Mongwe o ka botsa gore, mme yone tshimo e, e lemilwe ka efe pula, go omeletse jaana.  Ga twe tshimo e e lemilwe ka pula ya ntlha ya Ngwanatsele. Fa e se na go lengwa, ga se ka ga nna le epe pula, dijwalo tsa ba tsa palelwa ke go mela.

Ka kgwedi ya Sedimonthole, ga tla pula e ntsi thata e e neng ya thantsa dijwalo; tsa mela, tsa nna dintle, tsa kgatlha leitlho. Mme ga se gone fela. Ga twe molemi yo a re gape o thusitswe ke go reetsa dikgakololo tsa balemisi. A re pele ga a jwala, o ne a lemolola, a ega, morago ke gone a jwala ka ditselana a bo a tshela menontshane. Fa pula e tla, tsa itumela dijwalo tsa gagwe, di ne di batlile go bolawa ke letsatsi. Yo molemi a falola fa ba bangwe bone ba lela gore, a bone masimo ga a na sepe, a jelwe ke letsatsi. Dikgang/Daily News (Dikgang Labotlhano Tlhakole 27 2015) fa e bega ka seemo sa dijwalo tsa molemi yole wa Selolwane ya re;

‘A re dimela di ne tsa diega go tlhoga ka mabaka a pula e e boutsana.’’

Le Mmualebe a tlang ka lone gompieno ke gore, a go ntse jalo?  A re bitsa dilo tse re di lemilleng  re re dimela? Gongwe wena o tlaa dumalana gore di bidiwa jalo. Ee, dilo tsotlhe tse di melang di ka bidiwa dimela.

Ditlhatshana tsotlhe tsa naga ke dimela, mme tse re di lemileng tsone, ke dimela tse di faphegileng, tse di nang le leina le sele. Fa re lema, re jwala peo mme mo peong e, ka re jwetse, go tswe dijwalo. Fa molemi a ya tshimong go ya go e lekola, ga a re o ya go tlhola dimela. A re o ya go tlhola dijwalo.

Fa a fitlhetse di siame, go se na sepe se se senyang, o tlaa a itumetse mme a re dijwalo tsa gagwe, e seng dimela, di dintle thata. Gape, peo e a jwalwa mme morago e tswe. Fa peo e tswa, ga go twe e a tlhoga. Molemi tota a re peo e a tlhaba; e ntsha motlhabo, e seng e a tlhoga. Mo go tlhogang ke ditlhatshana di sele fela jaaka mhero. Tse re di lemileng ga se dimela, ke dijwalo. Peo/dijwalo ga di tlhoge di a tlhaba. motshwanesyahoo.com