Blogs

O maitseo a eng?

Mabele e ne e le one sejo se se tona sa Motswana. O ne a a a ja bogobe, e bile a a a na bojalwa. A a je ngwaga otlhe, e re nako nngwe, fa a ne a hodile thata, a a je dingwaga mme a re o ja tshupa. Tse dingwe dijwalo, jaaka magapu le dinawa, di ne di le teng mme tsone go ka twe ke tsa nakwana fela.

Mo godimo ga go lema, Motswana o ne a rua, a rata kgomo go feta diruiwa tse dingwe. Kgomo e ne e ruetswe ditiro tse dintsi. E ne e lema, gape e gangwa.  E re fa e le dikgomo tse di segamo, ke gore, tse di masi thata, mangwe a nowe, a mangwe a dire madila. Letlalo la yone le ne le sugwa mme le segwe diphate le dikgole. Mme godimo ga tse tsotlhe, kgomo e ne e ruetswe go golega e lema, e goga dikoloi le dilei. Boo e ne e le botshelo jwa Motswana jwa malatsi a jale.

Fa botshelo bo ntse bo tsweletse, dilo tsa nna tsa fetoga. Puso le yone ya tla ka megopolo e mesha ya go rotloetsa Batswana go rua mo go ka tokafatsang botshelo jwa bone. Malatsing ano re bona batho ba rua le tse bogologolo Motswana a neng a sa akanye gore a di ka ruiwa. A Motswana nako ele o ne a ka rua mmutla, a rua kgaka? Kgomo e le kae? Gompieno batho bangwe ba ruile mebutla, ba bangwe dikgaka. Ba bangwe ba ruile le tsone dinotshe tota tse Motswana a neng a sa akanye gore a di ka ruiwa ka di a loma.

E ntse e le tsela ya go leka go latela metlhala ya khumo, makawana mangwe kwa Bokalaka one a bolelwa a ruile maphoi. Ga twe makawana a, a re tiro e ke tiro e e ba thusang thata ka ba kgona go rekisa maphoi a,  mme ka madi a ba a bonang, ba ithekele dijo le tse dingwe tse ba di tlhokang.

Bana ba ga se bone fela ba itumelelang go rua mo. Ga twe motsadi mongwe le ene a re o a itumela ka maphoi a, a thiba ngwana wa gagwe mo dilong dingwe tse e seng tsone. Otlhe mafoko a, a bana le motsadi wa bone, ke mafoo a mantle. Mme a re name re tlogetse kgang foo, re lebelele lengwe lefoko le le dirisitsweng ke motsadi yo fa a bua ka tiro ya ngwana wa gagwe. Dikgang/Daily News (Dikgang Labone 11 Sedimonthole 2014) ya re;

‘A re o itumelela gore ngwana wa gagwe ga a dire maitseo a a makgaphila ka nako e ntsi ba nna mo lwapeng le maphoi a gagwe.’ Lefoko ke leo ga twe ngwana ga a dire maitseo a a makgaphila. Potso ke gore lefoko makgaphila le raya eng? A go tlhamaletse gore le bo le dirisitswe fa go buiwa ka maitseo a ngwana yole? Pele ga re araba potso e, a re utlwe gore Thanodi ya Setswana e tlhalosa lefoko makgaphila e reng. Thanodi ya re, ‘leswe le le tletseng gongwe le gongwe.’ Re tlaa dumalana le Thanodi gore makgaphila ke leswe le lentsi.  A mme re ka dirisa lefoko le, ra re maitseo a motho a makgaphila? Nnyaa. Lefoko le gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka dilwana tse di jelang, diaparo, kgotsa ngwana yo o leswe. Go ka twe dilwana/dijana di makgaphila fa di le leswe thata mme di batla go tlhatswiwa. Ngwana o ka nna dithoko, a nna mamina, ya re a a ja a imota ka dijo kana a itshela mo diaparong. E tlaa re go buiwa ka ngwana yo go twe o makgaphila; ke gore o leswe thata.

Mme fa maitseo a motho e se one sentle, motho yoo a se na botho, gone ga tweng? Fa go buiwa ka maitseo a e seng one, le ditiro (mekgwa) tse dingwe tse di sa siamang, lefoko le le tshwanetseng go dirisiwa ke makgapha. Thanodi e tlhalosa makgapha e re ke mokgwa o o sa eletsegeng wa go dira mo go sa siamang. Motho yo o ditiro di maswe ga twe o tiro di makgapha. Motho yo botho jwa gagwe e seng jone sentle, a se na maitseo, le ene fela jalo ga twe o maitseo a makgapha, e seng a makgaphila. Motho le dilo tse dingwe ke tsone e reng fa di le leswe thata go twe di makgaphila kana di makgamatha. Fa motho a se na maitseo, ene o maitseo a makgapha e seng a makgaphila.

motshwanes@yahoo.com