Blogs

A le wena o bua jalo?

Kwa Bobirwa ba a tle ba lele ka ditlou. Ga twe e ka re nako nngwe mabele a sa ntse a le mo masimo, tsa tsena, tsa suputsa, la bofelo balemi ba boela gae ba iphotlhere.

Mo go a mangwe mafelo, balemi ba lela ka ditholo tse e leng gore, le fa tshimo e ka agelelwa jang, ga di e bone ka sepe.

Di a tlolela, di tsene ka kwa teng, di je, di tloge di tswe fela di iketlile. Go ntse go ntse jalo, go na le dinonyane, sebokwana le setotojane.  Tse le tsone di a tle di tlhasele di bo di ntshediwe letsholo la balemisi go ya go di lwantsha.

Di dintsi tse e reng balemi ba se na go lema, di batle go ba hudusa mo masimong a bone, gore ke tsone di sale di roba fa di sa jwalang teng. Mangwe masimo a motlho/motlhwa o go bolelwang o onatsa mmu mo e reng kwa morago molemi a bo a sa tlhole a ka kgona go lema sepe foo. A mangwe masimo a na le setlhatshana ga twe mmabasete. Setlhatshana se, se ka gola, sa anama le tshimo, ya re motho a se lebela a le kgakala a tsaya gore ke sone mabele. E se mabele e le mhero o hupeditse dijwalo.

 Dilo tse ke tse e leng gore fa ka ntlha e nngwe balemi ba thusiwa go lema, ka fa le tsone di tshwanetse go tsenngwa leitlho, go bona gore ga di senye; ga di busetse balemi kwa morago. Mme le gale, kgang ga se go bua ka dilo tse di senyetsang balemi le gore di ka lwantshiwa jang. Re ne re feta fela ka tsone e le go bulela kgang ya rona ya gompieno tsela.

Go bolelwa fa kwa motseng wa Omaweneno, batho ba tlhasetswe ke bojang bongwe bo bo maswe thata. Ka fa go ntseng ka teng, bojang bo bo ka nna jwa latlhisa batho go lema ka bo bogale mo bo ba itsang le go tsena mo masimo tota. Gape re utlwa fa bo se na leina lepe la tlhomamo. Ga twe bangwe ba bo bitsa Makunda ka go belaelwa fa bo tlholega kwa motseng oo. Bangwe ba re tlope. Le leina ga go bolelwe gore le thaegile jang kgotsa le raya eng; ke leina fela.

Kwa ntle ga makunda le tlope, Bangwe gape ba bo bitsa tlolela. Ga twe le leina le biditswe ka jaana bojang bo, bo tlolela sengwe le sengwe se se gaufi le bone. A o motho, a o phologolo kgotsa sejwalo sengwe fela, fa bo kopanang nao teng bo a go tlolela.

Bone mme bojang bo, kwa ntle ga go tlolela batho le dilo tse dingwe, bo ntse jang? Ga twe fa bo sale bonnye bo bontle thata ka bo bo tala; botala bo bo jesang leitlho monate. Mme a bo gole, bo fetoga sera ka bo na le mitlwa e e bogale, e e leng yone e tlolelang dilo e di tlhabe

Ka gale e a re balemi ba tlhasetswe ke mhero ba o inamole ka go o tlhagola. E re fa tlhagola go paletswe ba o leke ka molelo, ba o tshube. Ga twe mo go tlolela, se, ga se sepe. Go leka go tlhagola kana go bo tshuba, foo o a bo gakatsa.

Mme jaanong go bo go ka dirwa jang go bo nyeletsa?

Go lebega mogopolo e ka nna gore bo tlhagolwe bo sa ntse bo le bonnye ka go kaega fa ka nako eo bo a bo bo ise bo tswe mitlwa. Fa Dikgang/Daily News (Dikgang Labone Sedimonthole 04 2014} e bega ka fa mongwe a neng a bua ka bojang bo ka teng ya re;

‘O boletse fa go setse go na le dipego tsa bangwe ba ba setseng ba latlhegetswe ke pono ka ntlha ya go tlhabiwa ke mmitlwa ya jone.’

Ke yoo tlolela ga twe o tlolela batho a ba foufatse. Ga twe selo se tlolela a tlhabang ka sone ke mmitlwa. Gompieno Mmualebe ga a nyatse ope. Ga a re ope o sentse ampo golo gongwe ga a bua sentle.

La ga Mmualebe gompieno ke potso fela gore wena o bua jang. Fa bangwe ba re mmitlwa, Setswana sone sa re mutlwa.

Ditlhare le ditlhatshana dingwe, jaaka mosetlho, di tlhaba ka mitlwa. Diphologotswana dingwe le tsone di na le mitlwa. Seane sengwe sa Setswana se re, ‘Mutlwa wa noko o tlhabela bonyaneng.’  Se raya gore go dira (go bereka) go ithutwa motho a sale monnye. 

Jaanong fa Setswana se re, mutlwa, mitlwa, bangwe bone ba re, mmutlwa, mmitlwa, mebitlwa. Ya ga Mmualebe potso ke gore, a le wena o bua jalo.  A fa Setswana se re mutlwa, mitlwa, wena wa re, mmutlwa, mmitlwa, mebitlwa?  A re utlwe la gago.