Blogs

Bogale jwa mogale bo�

Mo go tsone ditlhopho tsele, re bonye BDP (Botswana Democratic Party) e gapa dikgaolo di le masome mararo le bosupa mo go tse di masome matlhano le bosupa tse di neng di lwelwa.

Ka molao wa Botswana wa gompienio, mo go bo go raya gore BDP e tlaa tswelela e busa mme moeteledipele wa yone Ian Khama, a tlhongwe tautona. Godimo ga moo, ba BDP ba ba fentseng mme ba ya palamenteng, e nne bone ba go tlaa tlhophiwang matona a puso mo go bone. Ga nna fela jalo. Rre Khama a ikanisiwa go nna tautona wa Botswana go tswa 2014 go tsena 2019. Ba tshologa Batswana go ya go mmona le go utlwa tse a solofetsang a tlaa di ba direla.

Fa tautona a sena go tlhongwa, ga tla gore a tlhophe matona a puso. Bangwe ba tlaa re jaanong o ne a tshwanetse go tlhopha sepane se a tlaa gogang ka sone mo ngwageng tse tlhano tsele. Ba re matona ke sepane, Khama ene ke mokgweetsi wa sone, mme go tlaa bo go lebilwe gore koloi, e bong Botswana, e tsamaya jang, e ya kae.

E re fa e tsamaya sentle, a galalediwe. Mme fa e ka re di ntse di le mo tseleng, tsa fapoga, ya wela ka lemena, go nne go lejwe ene.  Sa tlhophiwa sepane se mo nakong eno re sa itseng gore se tlaa goga jang. A e tlaa re go twe trek tsotlhe di tiise di goge, kana dingwe di tlaa repisa, dingwe di tlole ka dijokwe, ga re itse. Re santse re tlaa bona.

Morago ga go tlhopha matona, ga latela gore tautona a tlhophe mothusa tautona (Vice President), motsamaisa dipuisanyo tsa palament (Speaker of the Natinonal Assembly) le mothusi wa gagwe (Deputy Speaker). Ga twe molao e ntse e le gore tautona a tlhophe maina a le mararo a batho ba a bonang ba ka tshwara maemo a. E re a sena go a tlhopha, a a neele palamente go bona gore a e dumalana nae kgotsa nnyaa. Go supa gore a ba a dumalana kgotsa ba ganana nae, mapalamente ba tsholetse mabogo. Go balwe, mme batho ba newe maemo go ya ka bontsi jwa mabogo ao. Le fa gone dilo di ntse di tsamaya sentle, ka molao o, go lebega bangwe ba ne ba belaela sengwe mo go one.

Ga twe ngwaga ono, molao o ne wa fetolwa gore jaanong go se tsholediwe mabogo. Molao o mosha ke gore, go supa go dumalan kana go ganana ga bone le tautona, a mapalamente jaanong ba tlhophe ka go latlhela talama (secret ballot) fela jaaka go dirwa ka ditlhopho tsa setshaba. Kgang ya tsoga gone fa.

Fa go tshwanetse gore go tlhophiwe batho ba bararo bale ka molao o mosha wa go latlhela talama, bangwe ba gana ba batla ole wa go tsholetsa mabogo. Ga re tsi! Kgang ya ya Kgotleng ya Ditsheko, e isiwa ke BDP le Mma molao mogolo (Attorney General’s Chambers). Ba se ka ba atlega, kgang ya tshololwa. Ba se ka ba ineela. Ba ikuela kwa Kgotleng Kgolo ya Boikuelo (High Court of Appeal). Kgang ya nna ya tshololwa. Ba ba neng ba e pegile ba felelwa ke maano. Kgang ya fela, tiro ya tswelela.

Go bolelwa fa se se neng se tshwenya setshaba e le gore, fa kgang e e ne e ka se ka ya akofelwa ya fela, palamemente e ne e ka se ka ya dira sepe go se na mothusa tautona, motsamisa dipuisanyo tsa palamente le mothusi wa gagwe. Ga twe dilo di ne di ka thama, ga ema tsi. Ka lesego kgang ya akofa ya fela, tiro ya tswelela.

Batho ba bararo bale ba tlhophiwa ba fiwa one maemo ale.

E rile maloba ra raya ba ba fentsweng mo ditlhophong tsa ngwaga ono ra re ba se lele sa bohutsana. Ra re, a ba itse gore di nwang di a dibosanya; ke gore, tiro e dirwa ka go amoganwa. Ba dirile ga bone a jaanong ba neele ba bangwe le bone ba leke. Ra leba ba ba fentseng ra re, a ba itse gore moroka o sita ka pula. Eno ke nako ya go bona ba dira tsotlhe tse nako ele ba neng ba bolela fa ba tlaa di dira.

Gompieno re leba matona a puso le botlhe ba ba filweng maemo bosheng jaana ra re, a le lona re bone lo dira tsotlhe tse lo neng lo eleltsa gore lo newe maemo ao lo tle lo di dire.  A go se felele fela mo go reng lo arabilwe, lo bonye tse lo neng lo di eletsa.

Itseng gore, fela jaaka moroka o sita ka pula, go disa ga modisa e le go gorosa, bogale jwa mogale bo bonwa ka dipadi. Diane tse tsotlhe di raya gore modiri yo e leng ene tota, o bonwa ka ditiro, a dira ka botswerere. A re di bone ditiro tseo.

motshwqnes@yahoo.com