Blogs

Go ata

Tiro ya se ka ya nna go aba le o atlarela fela. Ke efe tiro e e ka dirwang go didimetswe? Le fa mafoko a se kalo, a mabedi, a mararo, one a tshwanetse go nna teng. Ba tla ka one. Pego ya re mogolwane mongwe wa lephata la temo thuo, a bolela fa mo Tsabong batho ba le masome mararo le bosupa ba filwe dipodi tse, kwa Maubelo go filwe ba le batlhano fa kwa McCurthy’s Rust go filwe a le mongwefela fela.

Letsatsi leo le bolelwa e ne ya nna la boitumelo jo bogolo. Botlhe ba ba neng ba bua, ba galaletsa puso. Ga twe Mme Margret Donster, e le mongwe wa ba ba neng ba tsile go amogela dipodi tseo, a bolela fa seo e le thuso e tona thata e ope a ka se kang a e newa mahala. A akgola puso go bo e otlolotse lebogo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Godimo ga moo, a kgothatsa ba bangwe go tlhokomela dipodi tse gore di tle ntsifale mme di ba inole mo lehumeng.

A se ka a felela foo mme a tlatsa ka gore fa go na le bothata bongwe, tota a raya fa dipodi di lwala kana ka tsela nngwe di sa tsoge sentle, ba kope thuso mo go ba lephata la temo thuo. Fela selelo sa gagwe ya nna gore, batho bangwe ba a senya, ba utswela ba bangwe loruo. A kopa batho ba go nna jalo go inaakanya  le mananeo a puso gore le bone ba thusiwe, e seng go senyetsa ba bangwe.

Ba galaletsa dipodi. Ga twe mogolwane wa lephata la temo thuo, Rre Peter Manguba, a re podi e bogadi bo gaufi ka e kgona go tsala gabedi mo ngwageng. A tswelela a re nama ya podi e ratwa thata ke batho ka bontsi. Mo go raya gore tota podi ga e ka ke ya tlhoka go rekwa, e tshela kgotsa e le nama. A leba ka ntlha e nngwe a re, ba ba iseng ba thusiwe ka lenaneo le, mme ba batla go thusiwa, ba ikopanye le ba temo thuo le ba boipelego gore ba tle ba thusiwe.

Loruo lotlhe, a ke kgomo, podi, nku, pitse, kgotsa eng fela, le na le malwetsi le makoa a lone. Gore morui a atlege mo tirong ya go rua., ke gore a nne le lesedi la gore malwetsi a ke afe, e bile a ka thibelwa jang. Ga go monate go ruela fela mo lefifing; ke gore, morui a sa itse sepe ka malwetsi a, le gore a ka thibelwa jang. Ka jalo, go bolelwa fa Rre Manguba a ne a re ba ba fiwang dihutshane ba rutwa go di tlhokomela go thibela malwetsi le go swa. E le tiro e ntle ka jaana e thusa morui gore a se ka a ruela fela mo lefifing.

Dikgang/ Daily News (Dikgang Labobedi Phalane 28 2014) e e leng yone e e begang ka tiro ya Tsabong ya re:

‘O gakolotse ba ba amogetseng dihutshane gore ba di tlhokomele gore di kgone go ata………’

Fa, go buiwa ka mongwe e le ka fa a neng a kgothatsa ba bangwe ka teng gore ba tshware ka thata ba tlhokomele dipodi tse.

Mo temaneng e re e nopotseng e, go na le lefoko ‘ata.’ Mo pegong e re buang ka yone ya tiro ya Tsabong, lefoko le le dirisitswe gabedi. Golo gongwe le dirisitswe e le ‘ata,’ fale la dirisiwa e le ‘ate.’

Pego ya re, mongwe o ne a re mpho eo, a raya tsone dipodi, e tshwanetse go tlhokomelwa gore e tle e ate. Potso ke gore lefoko ‘ata’ le raya eng?

Ka gale, go ata go raya go oketsega, go ntsifala. Fa go twe dipodi tsele di tshwanetse go tlhokomelwa gore di tle di ate, go raya gore, di tshwanetse go tlhokomelwa gore di tle di ntsifale. Go ntse go ntse jalo, go ata go ka raya go felela. Motswana wa maloba o ne a sa ruele kgomo madi fela. O ne a e ruela go e gama, go e golega, go e ja nama, go e ala phata, le go e dira dikgole.

E ne e a re go gangwa, marole (morole) a ntshiwe mo sakaneng (a fisiwe) ka bongwe ka bongwe go tla go rokotsa. Dikgomo di gangwe di bo di felele. Mme ga e re di feletse go gangwa, go dirisiwe lefoko la go felela, go twe di feletse. Go dirisiwa lefoko la go ata, go twe di atile, e seng di feletse.

Ka Setswana, ga twe fa e re di gamilwe tsotlhe o bo o re di feletse, o a di hepa, o a di reolola, gore di swe di felele. Ke ofe Motswana yo o ka batlang go sala ka lesaka le se na sepe? A tshele jang? motshwanes@yahoo.com