Blogs

�di a dibosanya

E raya gore, fa nako e tla, re rwale ditlhako re ye go tlhopha, ope a se ka a nna le seipato sepe kgotsa lebaka lepe la gore ke eng ene a ka se ka a tlhopha.  Go sa tlhophiwe, puso e motho a e batlang kana a e ratang, e ka nna teng jang?  Puso ya tlhomamo e ka nna teng fela fa batho ba ka ema, ba tsaya matsapa a go ya go tlhopha.

Ga nna fela jaaka pina e bua. La goroga letsatsi la ditlhopho.  Be ema Batswana ba ya go tlhopha.  Mo mafelong ka go farologana, ya lepelela mela, mongwe le mongwe a ipaakanyetsa go ya go latlhela ya gagwe talama. Ba dira jaaka ba ne ba batla Batswana.  Fa ba dira jaana, ke bangwe baeng ba le mono gae ba tsile go bona gore gone mme go tsamaya jang.  Ba batla go bona gore a ditlhopho di siame, di tsamaisiwa sentle.  A sele le sele tse di neng di tshwanetse go baakanyadiwa ditlhopho, a di ne tsa dirwa. Gape e le go bona gore Batswana, bone beng ba modiro, ba Itshwere jang

Ga tsogelwa koo go ya go go latlhela ditalama, ditiro tsa malatsi otlhe di emisitswe. Mo mafelong mangwe, bangwe ba akofa ba fetsa ba boela gae. Mo go a mangwe gone ba tlhola koo go fitlhelela le phirima. Mo go mangwe ga utlwala fa tiro e ne ya nyafala ka mabaka mangwe a a neng a nna teng mme fela e se a sepe.

Morago ga go tlhopha le go tswalwa ga mafelo a botlhophelo, tiro ya nna ya go bala ditalama. Fela jaaka go tlhopha, go bala mo mafelong mangwe ga akofa, mo go a mangwe ga nyafala. Mme fela maduo a felela a dule. Fa maduo a tswa, jeke (Botswana Democratic Party) ya tla e eteletse pele, e rwele dikgalolo di le masome mararo le bosupa. Ya salwa morago ke sekhukhu, (Umbrella for Demcratic Change) sone se tla se khurumeditse di le lesome le bosupa fa mogobagoba (Botswana Congress Party) one o ne o tla o goga di le tharo fela. Fa e le mekoko yone, nnyaa, le e seng go sela sepe.

Re bonye fa ngwaga ono go ne ga lowa go gaisa jaaka ka ditlhopho tsa dingwaga tse di fetileng. Jaaka re bonye, ntwa e ne e sale e simologile ka nako ele ya Bulela Ditswe. Ka nako eo, bangwe ba ne ba tlhaela ba sala mo tseleng, fa bangwe bone ba fetela pele. Ga nna ga tswelelwa ga lowa, mongwe le mongwe e le yo o ipolelang bonatla go gaisa ba bangwe. Yo a bolele fa a ka dira se, yole le ene a bolele fa a ka dira sele. Fela kgang yone ya bo e ntse e setse le motlhophi gore ene ka tsatsi la makgaola kgang o tlaa dira jang. Ba dira ka fa ba neng ba bona ka teng batlhophi. Bontlhophang bangwe ba fenya, bangwe ba fenngwa. Diphathi tsa bone le tsone fela jalo. Jaaka re setse re itse, dingwe tsa bona maduo a a nametsang, tse dingwe tsa bona a a kwa tlase thata.Fa pego ya ba ba neng ba ntse ba tsenya leitlho fale le fale go bona gore go tsamaya jang e tswa, ga bolelwa fa ditlhopho di tsamaile sentle. Ga bonala fa go ne ga se ka ga nna le sepe se se ka letsang. Batswana ba iteelwa legofi gore tlhopho e tsamaile sentle, go se ope molato.

Re itse gore ntwa nngwe le nngwe, e lowa ka maikaelelo a go fenya; motho a batla go fenya, e seng go fenngwa. Mme gape re itse gore mo ntweng, rotlhe ga re ka ke ra fenya. Fela jaaka mo dingwgeng tse di fetileng, se ke se re se bonyeng ka ditlhopho tsa ngwaga ono. Bangwe ba fentswe, fa bangwe ba fentse. Mo go ba ba fentsweng, bangwe ba ne ba sale ba ntse baemedi (mapalmente le makhanselara) ngwaga tse dintsi thata, ba bangwe e bile e le matona a puso. Gongwe mongwe o ka botsa gore ga direga jang ka ba. Karabo ke gore rona ga re itse, gongwe go ka itse batlhophi.

Mme kwa go ba ba fentseng ra re, re a lo akgola. Ra re dirang ka natla mo tirong e Batswana ba e lo romileng. Lona ba lo fentsweng ra re, a bohutsana jwa gore lo tlhotswe bo se lo imele. Itseng gore Setswana sa re, ‘Di nwang di a dibosanya.’ Se raya gore, tiro e dirwa ka go fapaanelwa. E dirwa ka go naalanwa. A e re motho a dirile fa a go dirileng, a neye yo mongwe le ene a leke. Ke botsheo bo ntse jalo.

motshwanes@yahoo.com