Blogs

Moroka o ��..

Diphathi tsotlhe di ne di dumela gore ope a se ka a supiwa ka monwana go twe ke ene a eme. Di ne di dumela gore, gore dilo di direge sentle, ke gore ba ba batlang go ema, ba gaisanye, go tlhophiwe. Ga nna jalo ga tlhophiwa. Jaaka gale bangwe ba fenya, bangwe ba fenngwa.

Kwa morago ga tsoga modumo. Batho bangwe ba re dilo ga di a dirwa sentle ba tsieditswe. Ga huduega. Bangwe ka go tenega, ba tswa mo go e phathi ba ya kwa go ele. E re ba ya koo, ba fapaane le ba bangwe, le bone ba tswa kwa go ele phathi, ba ya ka kwa. Ya nna mherehere. Gare ga modumo o, nako yone ya bo e ntse e tsamaya. Ya goroga ya gore go ipapanelwe ditlhopho.

Ya nna ntwa e e bogale, e Motswana a tleng a re ga se ya tlala tlhaola malata, ke ya marumo maja le magosana; a re ke e e matlho mahibidu.

Ya lowa ka tsotlhe tse di neng di ka bonwa; dikoloi, dibese, difofane. Go utlwala fa BCP (Botswana Congress Party) e ne ya nna yone ya ntlha go tla ka bese. Morago ga latela UDC (Umbrella for Democratic Change). Mo go ya BCP bese go ne go le setshwantsho sa tautona wa yone Dumelang Saleshando le molaetsa o o reng ‘Re a fenya’ se e le go supa gore tota BCP e lwela go fenya. Fela  jalo le ka UDC. Yone ya tla ka bese e e neng e manegilwe setshwantsho sa moeteledipele wa yone Duma Boko  le mothusi wa gagwe Ndaba Gaolatlhe. Bone molaetsa wa bone o ne o tshoma, o re, ‘Embrace change’ o raya gore,  inaakanye le diphetogo.

Ga se ka ga felela fa. BDP (Botswana Democratic Party), e yone ka gale e nnang le dikoloi tse di lekanyeng dikgaolo, ya tla ka tsone di tletse mebala e mehibidu le ditshwantsho tsa ba ba ipapatsang. Wa bone molaetsa o ne o re ‘Re isa Botswana pele.’

Ga nna ga tla. Mo godimo ga dibese le dikoloi ga tla difofane tsa tlhootomo. E re ka letsatsi lengwe go bonwe tautona mongwe a tsena kwa motseng mongwe ka sefofane. Ka le lengwe go bonwe yo mongwe le ene a goroga koo ka sa gagwe. Se sa hakgamatsa thata gore ba ba kganetso ba dirile jang.

Ka gale go itsiwe fa tautona wa BDP e le ene fela a tsamayang ka sefofane, e le sa puso , e bile nako nngwe a se ikgweeletsa. Potso ya nna gore ba bone? Bontsi jwa felela bo le mo lefifing bo sa itse gore dibese tse, le difofane tse, di  tswa kae. Mme fela se sa se ka sa emisa ntwa go tswelela. Mekoko le yone e ntse e le foo, gompieno e le mentsi go feta mo ngwageng tse di fetileng. Ya re ntwa e ntse e lowa, ra bona mongwe mokoko o lapa, o bo o aba pitse e o neng o ntse o ipapatsa ka yone, o e neela mongwe wa kganetso. Ga bonala tota gore go thata.

Tsa tsamaya jalo diphathi le baemedi ba tsone di ipapatsa, nngwe le nngwe e ipolela ka fa e ka direlang Batswana botoka ka teng go na le tse dingwe. Ba ba di emetseng le bone fela jalo. Ba bolelwa, ba ipolela bonatla jo bogolo, bangwe e bile e kete le dinaledi ba tlaa di folosa kwa legodimong. Fa ntwa e ntse e lowa, malatsi le one a bo a ntse a tsamaya. La goroga letsatsi le le neng le ntse le letilwe. Ba tlhopha Batswana ba atlhola kgang. Modumo wa fela.

Fa maduo a tswa, BDP ya tla e di goga kwa pele, e gapile dikgaolo di le masome mararo le bosupa. Ya salwa morago ke UDC ka di le lesome le bosupa, fa BCP  yone e tswa ka di le tharo fela.  Mekoko yone, nnyaa, ya itswela fela.

Le one tota o e neng e a re o itaya lehuka kwa Lobatse o utlwale lefatshe lotlhe, wa latlhegelwa. A ke gore o ne o setse o le ka fa letlhakoreng le sele, kgotsa o ne o sa tlhole o itaya lehuka jaaka pele, ga re itse. Mme fela, ga go ope mokoko kwa palamenteng. Gore koo dikoko di ya go patwa ke mang, re ntse ga re itse.

Tsa wela jalo ditlhopho tsa ngwaga ono. Bangwe ba fenya, bangwe ba fenngwa. Jaanong gompieno ra re, o fetile motlha ole wa modumo. Eno ga se nako ya go bua; ke ya go dira. Lona lotlhe ba lo fentseng, e rile nako ele lwa ikaya lo ka se ke lo palelwe ke sepe. A re di bone di dirwa tsotlhe tse nako ele lo neng lwa bolela fa lo tlaa di dira. Motswana o rile, ‘Moroka o sita ka pula.’ A re e bone e na pula eo. A e se felele fela ka maru go gogoma.

motshwanes @yahoo.com