Blogs

Di ntse di tsweletse

A re bone dikai dingwe tse re neng ra bua ka tsone. Dingwe tsa dikai ke lefoko ‘ale’ le ‘bane’ Nako ele re ne ra re ‘ale,’ jaaka le kwadilwe jaana, ke lesupi.  Ke gore le kaya/supa sengwe se le fale, kgakala le rona.  Fa re re, ‘Mabele ale a jewa ke dikoko,’ re bua ka mabele re a lebela fale, kgakala le rona.  Mme fa re re, ‘Magodu a le mabedi a tshwerwe,’ re bua ka palo ya batho ba ba tshwerweng. Ela tlhoko gore fa, ra re ‘a le.’ Ke mafoko a mabedi e seng lefoko le le lengwe.  Gantsi mafoko mangwe a kwalwa jaaka e kete ke masupi mme mo go se go buiwang ka sone gone, a sa dirisiwa jalo. 

Lefoko le lengwe ke ‘bane.’ Ka fa le kwadilweng ka teng fa, lefoko le, le kaya palo; le raya bone.  Fa re re, ‘Go buile batho ba le bane fela,’re bua ka palo ya batho ba ban eng ba bua. Mme fa re re ‘Ba ne ba bua thata,’re bua ka se batho bangwe se dirileng. Ga re sa tlhole re bua ka palo.  Phoso fa ke gore gantsi fa go ka bo go twe ‘ba ne’ ga twe bane jaaka e kete go buiwa ka palo (bone).

Gompieno mafoko a go nna jaana, ke gore a tshwaragantsweng mme a ne a sa tshwanela go kwalwa jalo, re a bona mo polelong nngwe e e begwang ke Dikgang, Daily News (Dikgang

Labotlhano Phalane 10 2014) ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Khansele e abela sekole seetsele.’

Polelo ya re mo dingwageeng tse di fetioleng, sekole sa Kgolagano kwa Middlepits se ntse se sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro. Fela jaaka mo metsing e mengwe, go bonala batho ba ne ba tshwenyega thata ka selo se. Ga twe modulasetilo wa kgaolo potlana ya Kgalagadi o ne a bolela gore e rile ba simolola tiro ka 2009, sekole seo sa bo se sa dire sentle mme ba leka thata go bona gore maduo a a tokafala. Mme tota matsapa di ne di a tsaya kae?  Ga twe modulasetilo a re go ne go le dilo di le dintsi tse di neng di digela maduo tlase; go le metsi, bodiredi, matlwana a boiteketso, le matlo a bana a borobalo.

Go lebega fa tse tsotlhe di ne di tlhaela mme di ketefaletsa barutabana tiro le bone bana ba sa ithute sentle. E se tsone fela. Go utlwala fa mogokgo ene a ne a re bana le bone ba ne ba sa itshole sentle. Ba se na tsebe, ba sa tsene sekole sentle, ba a nwa ditagi, e bile ba ima ba sale bannye. Mme ka tsela nngwe, dilo tse tsotlhe tsa felela di kgonnwe. Ka ngwana lekuka o a sokelwa, batsadi le bone ba tshwaragana le barutabana go lwa ntwa ya go tsenya bana mo tseleng. Maduo ya nna eng? Go ya ka polelo, sekole sa simolola go dira sentle, sa gaisa tse dingwe, mme ngwaga ono sa abelwa seetsele le setlankana ke Khansele.

Mo polelong e re buang ka yone e, go na le mafoko a le mantsi a a sa kwalwang sentle. Phoso jaaka re setse re buile ke gore a kwadilwe a tshwaragantswe boemong jwa gore a kgaoganngwe. Mangwe mafoko ke a re setseng re kile ra bua ka one. Gompieno re tlaa bua ka a re ka reng ke a masha. Lengwe la mafoko a ke ‘gole.’ Ga twe, ‘E ne e rile gole pele…..’ Ka fa le kwadilweng ka teng, lefoko ‘gole’ le raya kgakala. Nako nngwe, Motswana fa a kaya gore lefelo le kgakala, a re le gole; ke gore le kgakala thata. Ka fa le dirisitsweng ka teng ke Dikgang/Daily News, lefoko ‘gole’ ga le reye kgakala. Jalo he, le ka bo le kgaogantswe e le ‘go le,‘ e seng ‘gole.’

Le lengwe lefoko ke ‘baka.’  Pego ya re, ‘Rre Brooks o gakolotse bana fa thuto e le selo sa botlhokwa mme fa ba ka e tsaya ka tlhoafalo baka tshela sentle.’  Ka fa le kwadilweng ka teng, lefoko le le ka raya dilo di le dintsi, sengwe sa tsone e le go galaletsa. Mme mo polelong ele, ga le reye sepe sa dilo tseo. Jalo he, le tshwanetse go kwalwa le kgaoganye e le ‘ ba ka’ go twe,  fa ba ka ithuta, bana ba ka tsoga ba tshela sentle. Le lengwe ke ‘gotswa’ le tota e ka bong e le ‘go tswa’ go raya go simolola ka nako nngwe kgotsa ka lobaka longwe.

Go gontsi  motho wetso. Re ka tlhola nageng. Fela se re se buang ke gore di ntse di tsweletse diphoso tsa go kwala Setswana. Wa reng ka tsone? motshwanes@yahoo.com