Blogs

Ga se �afa�

Dikgomo, loruo lo lo tona wa Motswana, tsa tlhoka kwa di ka hulang teng. Tsa a swa, badisa ba bua, kwa morago ba sala ba lebile fela. Batho, bogolo jang barui, ba huhula megopolo ba ipotsa gore fa go ka tswelela go ntse jaana, go ya go felela kae. Ba ipotsa gore a mongwe o tlaa sala a ruile. E re a setse ka yone e nngwefela eo, e hule kae.

Ga se barui fela ba ba neng ba tshwentswe ke leuba le. Balemi le bone ba ne ba feretlhega maikutlo. Ba ne ba ka lema jang lefatshe le omeleltse?  E re fa ba sa lema ba dike ba jele eng? Fa moruakgomo ene a ne a tshwenyegile ka gore kgomo ya gagwe e tlaa hula kae, e e nwa eng, molemi ene o ne a lela ka gore o tlaa lema jang pula e seyo, ka  o batla pula go kolobetsa lefatshe le go medisa dijwalo.

Ka go bona ka fa seemo se neng se befilew ka teng, ga bolola letsholo la go rapelela pula. Setshaba sa ema ka dinao sa rapela. La tla letsatsi la gore Morena a nese pula. Ya tshologa, mafelo mangwe a bo a hupediwa ke merwalela e e hakgamatsang.

Ka ponyo ya leitlho lefatshe la nona. Dinwelo tsa tlala, naga ya tlhoga, dikgomo tsa hula, tsa nona. Balemi ba se ka ba salela kwa morago. Ya tsena mo masimong megoma ga lengwa.  Selelo sele sa gore Botswana o tlaa dika a le mo leubeng sa feta. Fa go rojwa, thobo ya bolelwa se kana ka sepe.

Motswana o dumela gore tiro nngwe le nngwe e ntle e tshwanetse go lebogiwa.  Morago ga thobo e ntsi e, ga dirwa meletlo ya go lebogela Modimo go nesa pula le go inola Batswana mo leubeng. Merafe ka go farologana ya dira dikgafela, se e le go lebogela thobo e ntsi e ba e bonyeng. Dikgang/Daily News e bega fa mongwe wa meletlo e, o ne wa tshwarwa kwa Bokaa kgwedi e e fetileng. Ga twe kwa tirong eo, kgosi ya motse oo, o ne a gatelela botlhokwa jwa dikgafela, a bolela fa e le go leboga Modimo le go tshegetsa ngwao ya Setswana, e bile e le go tiisa balemi moko.

Balemi le bone go bolelwla ba ne ba nna le sebaka sa go latlhela la bone. Ba bua ka thobo e ba e bonyeng le ka fa tiro ya bone ya go lema (temo) e tsweleltseng ka teng.  Ga twe mongwe wa ba ba neng ba bua koo, o ne a bolela fa temo e le tiro e e batlang motho go nna pelotelele. A  kaya fa mo dingwageng tse di fetileng a ne a ntse a lema mme a sa robe sepe, fela seo sa se ka sa mo kgoba marapo. A tswelela a bolela fa ngwaga ono a ne a lema mme a bona thobo e e nametsang. Se e ne e le sekai a gore ba bangwe le bone, fa mo nakong eno ba sa robe sepe, ba se ka ba itlhoboga. Dikgang/ Daily News (Dikgang Mosupologo 22 Lwetse 2014) ya re;

‘E ne ya re a afa bopaki, Rre Moses Mantsi….. a tlhalosa fa temo jaaka dikgwetlho tse dingwe , e tlhoka bopelotelele, a tlatsa ka go re o ne a lema dingwaga tse di fetileng  mme a sa robe sepe mme seo sa seka sa mo kgoba marapo.’

Mo temaneng e, go na le lefoko ‘afa.’  Lefoko le le diristswe gabedi mo polelong e Dikgang/Daily News e buang ka yone le ntse le kwalwa ka go tshwana. Potso ke gore, a lefoko le, le kwadilwe sentle? Fa le sa kwalwa sentle, le tshwanetse go kwalwa jang? Lefoko le le bua ka go fa. Lefoko le lengwe le le ka dirisiwang boemong jwa go fa ke ‘aba’ (go aba).

Re itse fa go bolotse letsholo la go aga matlo mme e re kwa morago a fiwe batho bangwe. Lefoko le gantsi le dirisiwang fa ba ba agetsweng matlo a ba a neelwa ke ‘aba.’ Re a tle re nne re utlwe go twe golo gongwe batho bangwe ba ne ba aba ntlo. Go ntse go ntse jalo, go ka twe motho mongwe o ne a fiwa ntlo. Se re se buang ke eng? Se re se buang ke gore go fa le go aba ke mafoko a a tshwanang; a raya selo se le sengwefela. Mme mafoko a, ga a kwalwe ka go tshwana.  ‘Aba’ ke lefoko la ditlhaka tse tharo tse di tshwaraganang. ‘Fa’ le raya go aba, ke lefoko la ditlhaka tse pedi fela.   E le sekai, re ka re ‘Monei o ne a fa Neo dijo.’

Fa Dikgang/Daily News e re, ‘E rile a afa bopaki …..’ ga e kwale sentle. Go kwala sentle ke gore  ‘a’ a kgaogane le ‘fa’ mme re re, ‘E rile a a fa bopaki…..’ Re wele re re, ga se ‘afa’ ke ‘fa’ motshwanes@yahoo.com