Blogs

Phirimane ya bosigo?

Go ka direga gore e re motho a ntse a tsamaya, a kgopiwe, a we, mme a robege.  Motho o ka robega leoto, lebogo, kana golo gongwe a tswa ntho.  Go ntse go ntse jalo, go ka direga gore e re motho a sega sengwe, thipa e relele mme e mo kgaole monwana kgotsa e mo sege seatla.  Dilo tse le tsone ke dikotsi mme ga e ke e re go buiwa ka tsone di bidiwe jalo.  Ga go ke go twe motho o digaraletswe ke kotsi, a wa, a robega, kgotsa a ikgaola monwana ka thipa.  Gantsi fa go buiwa ka ditiragalo tsa go nna jaana go a twe motho o ole mme a robega, kana go twe o itshegile ka thipa.  Gore go twe o diragalwetse ke kotsi, a wa, o diragaletwe ke kotsi a itshega ka thipa, moo, nnyaa. 

Go ntse go ntse jalo, fa e le koloi, e tlaa nna kotsi fela fa e le gore mongwe kgotsa bangwe ba tlhokafetse ampo koloi e senyegile mo e leng gore, e tlaa re e ya go baakangwa, e batle madi a mantsi. Fa e le go senyega fela mo go seng kalo ga go bidiwe kotsi. Gone ga twe koloi e thudile/thudilwe, e papetlegile. Go twe e senyegile fela mo e seng ga sepe. 

Mme gone ke eng fa re tlaa bua thata ka lefoko ‘kotsi?’  Re bua thata ka lefoko le ka re batla go itse gore tota le raya eng. Thanodi ya Setswana fa e tlhalosa lefoko le ya re, ’tiragalo e e ka bolayang kana ya golafatsa.’ Re tlaa dumalana le Thanodi gore tiragalo nngwe le nngwe e e ka bolayang kana ya golafatsa motho ke kotsi. Mo go raya gore kotsi ga se ya koloi fela jaaka re tlwaetse go bua.  Jaaka re kaile fa godimo fale, fa motho a ka kgopiwa mme a wa, a robega, selo seo ke kotsi.

Fa e ka re motho a rema, selepe sa tshwaphoga sa mo thuba motwane, selo seo e ntse ke kotsi. Jaanong se re lekang go se supa fa ke eng?  Se re lekang go se supa ke gore dikotsi di dintsi e bile di mehuta.  Kotsi ga se go wa ka koloi fela kgotsa go thulwa ke koloi, kgotsa eng fela se se ka diragalelang koloi.  Go na le dikotsi tse dingwe tse di tlang ka ditsela di sele. 

Kwa ntle ga dikotsi tsa dikoloi, nngwe ya dikotsi tse di a tleng di diragale ke ya molelo. Go bolelwa fa mo kgweding e e fetileng (Lwetse) kotsi ya go nna jaana e ne ya diragala kwa Palapye mo kgotleng Dilaene.  Ga twe mosadi mongwe koo o ne a tswa ka tshoba la mogodu fa ntlo ya gagwe e ne e jewa ke molelo o go belaelwang o ne o tshubilwe ke megala ya motlakase.  Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo Lwetse 22 2014) e e leng yone e begang ka tiragalo e ya re,  ‘E rile mo phirimaneng ya bosigo jwa Labone ntlo ya ga Mme Ramaribana ya peperetla ka molelo o go belaelwang o ne o bakilwe ke dithapo tsa motlakase.’ 

E re ntswa re buile thata ka dikotsi, kgang tota ga e foo. Seo e ne e le go bula tsela fela. Kgang ya rona gompieno ke lefoko ‘phirimane ya bosigo.’ Temana e re e nopotseng ele ya re ntlo e ne ya peperetla ka molelo phirimane ya bosigo jwa Labone. Jaaka gale, e rile go bona lefoko le, Mmualebe a ipotsa gore a re ntse re mo go sone Setswana.  A bosigo bo na le phirimane?  A bo a phirima? 

Letsatsi le a tlhaba (le a tswa) mme fa le ntse le tsamaya le nne le dinako tse di farologanyeng, Go nna moso, (fa le tswa) go nne motshegare, tshokologo, go tloge go nne phirimane. Phirimane e latelwe ke bosigo.  Ditiragalo tsa letsatsi di ka kaiwa ka dinako tse.  Tiragalo nngwe e ka nna ya moso, ya motshegare, e nngwe ya nna ya tshokologo. Nngwe gape e ka nna ya phirimane ampo ya bosigo jwa letsatsi leo.

Ka letsatsi le a tlhaba (le a tswa) le bo le phirime, Motswana o bua ka tlhabo ya letsatsi le phirimane ya lone. Bosigo ga bo phirime. Bo a tsena, bo fete, mme bo latelwe ke tlhabo ya letsatsi. Jalo he, bosigo ga bo na phirimane. Fa godimo fale, re ne re tshwanetse gore re re kotsi ele ya Dilaene kwa Palapye, e diragetse ka phirimane ya letsatsi la Labone, e seng re re, e diragetse ka phirimane ya bosigo jwa Labone.  Bosigo ga bo na phirimane ka ga bo phirime.. Go phirima letsatsi.

motshwanes@yahoo.com