Blogs

�Lo� o tsamaya le �lo�

Ba bangwe ba fiwa dikobo le dipone tse go bolelwang di dirisa marang a letsatsi. Le tsone dijo tota ba a di apeelwa go bo go supiwe batho bangwe ba ba tsholela.

Gore a puso e tshwanetse go dira jaana kgotsa e tshwanetse go ruta batho go itirela, ga se kgang ya rona. Eo re ka e tlogelela bangwe ba gongwe bone ba bonang ba ka e araba botoka. Fela puso yone fa e iphemela ya re e dira jaana go supa kutlwelobotlhoko le lorato mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Ka moono wa puso ke gore ka go aba e supa kutlwelobotlhoko le lorato, ga se yone fela e leng mo letsholong le la go aga matlo, go aba dikobo, le dilo tse dingwe fela jalo. Batho le bone, ka tsela tse di farologanyeng, ba setse puso morago ba a aba. Bangwe ba aba e le makgotla a baithaopi, bangwe e le badirela puso, ba bangwe e le maloko a dikereke, le e mengwe mekgatlho fela jalo.

Re utlwa gore e rile ka kgwedi ele ya Phatwe, baphuthegi bangwe ba kereke ya Roma ba tshwara dipuisanyo dingwe kwa Tsabong. Ga twe dipuisanyo tse di ne di tshwerwe ka maikaelelo a go rutana, go abelana megopolo, le gone gore go ka dirwa jang kgotsa eng gore kereke e tswelele pele. Go bolelwa fa tiro e ne e se ka ya nna dipuisanyo fela. Ga twe baphuthegi ba ne gape ba etela dikokelo go lekola balwetsi le go ba rapelela gore ba sidilege  ba fole. Gape ga etelwa ba ba kwa dikgolegelong go ba rapelela le go supa lorato lwa gore ga ba  a latlhega, setshaba se ntse se na le bone. Ga nna ga se ka ga felela foo. Ga latela tse dingwe. Kereke ya abela batlhoki, balwetsi le magolegwa dijo le melora, tse madi a tsone a bolelwang a neng a tshwara P12 700.00, se e ntse e le go supa mowa wa lorato le kutlwelbotlhoko.

Go bolelwa fa mongwe wa ba ba neng ba le kwa tirong e, e ne e le Kgosi Tota II wa Tsabong. Ga twe e rile a amogela baeng, kgosi a bolela fa go lekola balwetsi go le botlhokwa ka jaana go ba supegetsa lorato mme go dire gore ditlhabi tsa bone di kokobele. Go ntse jalo. Molwetsi o a lekolwa, a itumele, a gomotsege, e re le fa ditlhabi di ne di le bogale, di itibale. Dikgang/ Daily News (Dikgang Laboraro Phukwi 27 2041) fa e bega ka fa kgosi a neng a bua ka teng kwa tirong e, ya re;

‘O kaile fa gape a itumedisitswe ke go bo ba kereke ya Roma ba kgonne gape go etela ba ba kwa dikgolegelong ka seo e le go ba bontsha lorato lwa ga Jesu le le mo dipelong tsa bone le gone ga gasa efangedi, go rera lefoko la modimo mo go bone lo lo ka ba sidilang maikutlo le go ba aga.’

Mo temaneng e, re bona go dirisitswe lefoko ‘lorato,’  mme le latelwa ke legokedi ‘le,’ fa lefoko ‘lefoko’ lone le latelwa ke legokedi ‘lo’. Ga twe, ‘lorato lwa ga Jesu le le mo dipelong tsa bone.’ Go tswelelwa go twe ‘go rera lefoko la modimo mo go bone lo lo ka ba sidilang maikutlo…..’ Potso jaanong ke gore a Setswana se kwalwa jaaka re bona go kwadilwe fa? A re ka dirisa tlhogwana (prefix) ‘lo’ mme ya latelwa ke legokedi ‘le?’ Gape a lefoko la tlhogwana ‘le’ le ka latelwa ke legokedi ‘lo?’ Ka fa Setswana se kwalwang ka teng, ga go a tshwanela go nna jalo.

 Fa godimo fale, ga go a tshwanelwa gore go twe ‘lorato le le mo dipelong tsa bone’ le fa e e gore go twe ‘lefoko lo lo ka ba sidilang maikutlo.’ Ka fa Setswana se kwalwang ka teng, fa lefoko le simolola ka tlhogwana ‘lo’ jaaka lefoko ‘lorato’, ‘loeto’,’loruo’, le tshwanetse go latelwa ke leemedi  ‘lwa,’ le legokedi ‘lo.’ Fa godimo fale re ne re tshwanetse gore re re ‘lorato lwa ga Jesu lo lo mo dipelong tsa bone,’ e seng le le mo dipelong tsa bone. Fa lefoko le simolola ka tlhogwana ‘le’ le tshwanetse go latelwa ke leemedi ‘la’ le legokedi ‘le’ e seng ‘lo.’ E ntse e le fa godimo fale, go ne go tshwanetse gore go twe ‘le go rera lefoko …..le le ka ba sidilang maikutlo le go ba aga’ e seng lo lo ka ba sidilang maikutlo.

Sefela sengwe sa re golo gongwe go lefifi le le Kweneng. Se sengwe sone sa re go lorato longwe lo lo gaisang lwa batho botlhe. Mo pineng e e buang ka lefifi, legokedi  ke‘le.’ Mo go e e buang ka lorato gone legokedi ke ‘lo.’ A re kwale jalo, re itse gore tlhogwana ‘le’ e tsamaya le legokedi ‘le’ fa ‘lo’ jaaka mo go lorato, loruo, loeto, ene a tsamaya le ‘lo.’ motshwans@yahoo.com