Blogs

Metlhala ya kgomo?

Lengwe la mananeo a, jaaka re kile ra bua, ke la Intergrated Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD). Ka lenaneo le, puso e leka go thusa Batswana go ijesa le gone go tlhabolola temo, go godisa thobo mono gae.

Puso e gatelela gore tsela nngwe ya go tlhabolola temo ke gore Batswana ba tlogele mokgwa ole wa go jwala ba gasa. Ga twe boemong jwa go gasa, a balemi ba leme ka ditselana ka go lema jaana go busa thobo e e botoka go na le fa go lengwa go gasiwa. Go ba tiisa moko, puso e itlamile go fa balemi peo ya tema tse tlhano, go ba lemela, le go ba tshelela menontshane mo go tsone ditema tse, mo gotlhe go dirwa mahala. Gape go bolelwa fa mo temong e e tlang, puso e tlaa fa balemi melemo (chefi) e e bolayang mhero. Kwa ntle ga ISPAAD go na le mananeo a mangwe a a lekang go tlhatlosa Batswana, mangwe e ntse e le a temothuo, a mangwe e le a kgwebo.

Batho bangwe ba atlile mananeo a, ba a a dirisa, e bile a kaiwa a ba fitlhisitse golo gongwe. Le go ntse jalo, bangwe bone ba a ikgatholositse, ga ba re sepe ka one, le fa gone ba ntse ba lela ka itsholelo e e kwa tlase le go tlhoka ditiro. A mme e ka re motho a tshwerwe ke tlala, ya re go twe dijo ke tse, a se ka a atlarela a ja? A re beye sekai re re, mananeo a, a tshwana fela le fa go ka apewa dijo, tsa tsholwa , megopo ya tlala ya bewa foo ga twe batho ba je. Bangwe ba a atlarela ba a ja. Ba bangwe bone le ntswa ba tshwerwe ke tlala, ba leba fela ka matlho, ba bo ba tlhokomologa. Le fa e le go leka  dijo tse ga ba di leke gore e re ba sa je, bogolo ba re di bosula kgotsa ka tsela nngwe ga di monate.

Se re se buang fa ke gore mananeo ke ao, a diretswe go thusa Batswana mme bangwe ba a utlwalela fela, ga ba re sepe ka one. Le fa e le go lekeletsa tota ga ba a lekeletse gore e re ba re ga a thuse ka sepe, ba bo ba kile ba leka, ba felela golo gongwe.

Mongwe wa ba ba bolelwang ba tshwenyegile ka go sa dirisiweng ga mananeo a ke Kgosi ya Salajwe mo kgaolong ya Kweneng. Go bolelwa fa kgosi a ne a re, mananeo a, a molemo thata ka jaana ba ba inaakantseng nao, ba gatetse pele, e bile botshelo jwa bone bo fetogile.  A re bontsi jwa Batswana ba ne ba tshelela mo lehumeng mme e rile morago ga go tlhongwa ga ISPAAD, LIMID (Livestock Management and Infrastructure Development Programme) le masingwana a merogo (backyard gardening) tema ya bonala, bangwe ba simolola go tshela sentle. Pego e tswelela e re, kgosi o ne a akgola puso a re, e re le fa gone lefatshe leno le wetswe ke kwelotlase ya itsholelo, puso ga e ipone tsapa go thusa Batswana. A re a Batswana le bone ba iteke ba dirise mananeo a, a santse a ntshiwa mahala. A se ga se mafoko a mantle? A Motswana ga a rile le aramelwa le sa tlhabile?

Fa e bega ka fa kgosi a neng a leka go kgothatsa batho go dirisa mananeo a ka teng, Dikgang/Daily News (Dikgang Labone Phukwi 10 2014) ya re;

‘A re metlhala ya kgomo mo lefatshing leno e a boitshega mme e tlhoka balati…….’ 

Ela tlhoko mafoko a re a nopotseng a motho wetsho. Ke lefe lefoko le le sa dirisiwang sentle mo go one? A se bua jalo Setswana se re, metlhala ya kgomo? Kgomo, fela jaaka  sengwe le sengwe se se tsamayang fa fatshe, e na le motlhala. E a re fa e timetse mme e batliwa go twe e tsewa ka motlhala.  Ke gore go lejwa fa e gatileng teng go bona gore e tsamaetse kae.

Ka gone gore kgomo e na le motlhala, e bile fa e batlwa e tsewa ka motlhala, bangwe ba ka tsaya gore fa go twe metlhala ya kgomo mo lefatsheng leno e a boitshega, go dirisitswe lefoko le le siameng. Ba akanye gape gore go tewa one motlhala wa kgomo tota ka e bile mono re na le dikgomo tse dintsi thata. Nnyaa, ga go a nna jalo. Fa go buiwa ka seane sa Setswana.

Re dumela gore Dikgang/ Daily News e ne ya relela monwana ya se ka ya dirisa lefoko le e leng lone. Seane sa re, ‘Metlhala ya khumo mentsi e tlhoka balatedi.’  Se raya gore ditsela tsa go itshetsa, kgotsa tsa go batla botshelo, di dintsi fela ga go ba bantsi ba ba di dirisang.’ A re ele tlhoko gore ke metlhala ya khumo, e seng metlhala ya kgomo. motshwanes@yahoo.com