Blogs

Gotsenelela

Go alela kgang, re ne ra bua ka makgotla a dikoporase.  Re ne ra re, dikoporase di ne tsa dirwa/tlhamiwa ka mogopolo wa go kgothatsa Batswana go dira mmogo le go ithuta kgwebo. 

Tsholofelo e ne e le gore, ka go dira mmogo, Batswana ba ka itlhatlosa mme fa go ntse go tsweletse, ba tlhatlosa le yone itsholelo ya lefatshe la bone.  Re bonye gore, e re le ntswa se e ne e le mogopolo o montle, e rile fa o setse o diragadiwa, dilo tsa ya go sele, e seng kwa go neng go solofetswe teng. Bontsi jwa dikoporase di ne tsa wa ga sala di se kae fela, nngwe ya tsone e le Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatves.

Le fa koporase e e santse e tshela, go kaiwa fa go na le dilo dingwe tse di e itsang go tswelela sentle. Ga twe koporase ga e na koloi ya go rwala dilwana go tswa Gaborone le Lobatse mme se se koafatsa kgwebo. Godimo ga moo, maloko mangwe a bolelwa e le batho fela, ba sa thuse koporase ka sepe, le tsone diphuthego tota ba sa di tsene. Go ne ga twe e rile fa a bua ka seemo se, modulasetilo wa koporase a re maloko mangwe ga a na kgatlhego go tsenelela diphuthego. 

Kgang ya rona e ne ya tsena go ne fa.  Re ile ra botsa gore a fa re re maloko ga a tsenelele diphuthego, a re bua sentle kana re bapa le Setswana.  Ra tswelela ra supa gore lefoko le ke lengwe la mafoko a a dirisiwang thata gompieno mme go sa elwe tlhoko gore a dirisiwa jang.  Ra re, ka ga re ele tlhoko gore re bua jang, sengwe le sengwe gompieno se a tsenelela, se a tsenelewa, e bile ke se se tseneletseng.  Go tswela pele, re ne ra tlhalosa gore go tsenelela go raya eng.  Re ne ra dumalana gore go tsenelela go ka raya go nna le seabe mo tirong nngwe.  Sekai ya nna gore, e ka re fa go na le lebelo la dipitse, Thulare a ya koo go ya go gaisanya le ba bangwe mme ga twe o ya go tsenelela lebelo leo kgotsa o le tseneletse.

Ra fetela pele mme ra re go tsenelela mo gongwe ke ga motho go bonwa fa a sa tshwanelang go bonwa kana go tsena teng. Go fa sekai, re ne ra re, ka Setswana botsetse bo a ilelwa; ga bo tswenwe ke mongwe le mongwe. Fa motho a ka tsena a sa letlelelwa, ga twe o tseneletse botsetse. 

Go tsenelela mo gape ke mo go dirwang ke magodu le dibatana.  Legodu le ka tlhasela motho mo tlung, mme ga twe le mo tseneletse.  Go tlaa twe legodu le tseneletse ka jaana le tsenye fa le neng le sa tshwanela go tsena teng, e bile le tsenye le sa letlelelwa. Tau le yone e ka tlhagelela mo sakeng ya a ja dikgomo mme e re go buiwa ka tiragalo e, go twe tau e tseneletse dikgomo mo sakeng.

Jaaka re bonye maloba, mo gongwe go tsenelela ke ga go tsena kwa tirong nngwe kana moletlo mongwe morago ga nako.  Motho o tsenelela tiro fa a fitlhela e setse e simologile, e tsweletse, e le golo gongwe.  Gape, motho o tsenelela tiro fa e le gore ga a e lalediwa, o italeditse.

Ga e re motho a ile tiro a e laleditswe, e bile a tsenye ka nako, Setswana se re o tseneletse tiro eo. Nnyaa, ga a e tsenelela. Setswana sa re o e tsenye, o e ile. E re fa Morwadi a laleditswe lenyalo la ga Monei, e bile a tsenye koo ka nako, go twe o ile lenyalong leo, e seng o le tseneletse.

Jaanong a re re go na le kgang ya ga Thulare le Kgakgatshe. Kgang ke gore kgomo ya ga Thulare e ne ya timela, mme fa e ntse e batlwa, ya fitlhelwa kwa sakeng la ga Kgakgatshe. Fa Kgakgatshe a bodiwa ka kgomo e, a bolela fa e le ya gagwe. A ganetsa bosupi jotlhe jo bo  neng jwa ntshiwa gore tota kgomo ke ya ga Thulare.  Kgang ya felela e pegilwe kwa kgotleng. Ka mabaka a Thulare a neng a a ntsha fa pele ga lekgotla, kgang ya wela Kgakgatshe.

Ka gone gore ga re ele tlhoko gore re dirisa mafoko jang, e tlaa re bangwe ba bua ka kgang e ba re e wetse Kgakgatshe ka Thulare o ne a ntsha mabaka a a tseneletseng.  Mmualebe ene a gane, a re, Kgakgatshe o wetswe ke kgang ka gore Thulare o ne a ntsha mabaka a a utlwalang, a a tiileng, a a nonofileng, e seng a a tseneletseng. E re a digela Mmualebe a botse gore fa go twe mabaka a tseneletse, a tseneletse eng, fa kae, jang?

motshwanes@yahoo.com