Blogs

A o tseneletse?

Mogopolo e ne e le gore, ka dikoporase, Batswana ba tlaa ithuta kgwebo le go dira mmogo, mme ba tswelele mo botshelong. Ka go aletsa ga se go itse go bofa,dilo  tsa se ka tsa tsamaya sentle. Bontsi jwa dikoporase di ne tsa wa, ga sala dingwe fela jaaka ya Kgalagdi Borwa e e neng e bidiwa Southern Marketing Cooperatives.

 Go bolelwa fa koporase e e butswe ka nako e mabentlele a neng a ise a aname le lefatshe leno jaaka re bona gompieno. Nako eo go ne go le thata dilo di sa bonwe motlhofo. Jalo he, Southern Marketing Cooperatives ya bulwa go kgaolela batho mosepele le go ba atametsa ditlamelo. Ga twe kwa tshimologong koporase e ne e rekisa dilwana tsa kago gape e pegela barui  dikgomo go ya matlhabelong kwa Lobatse.

Pego e tsweletse e re , e rile ka 2007 leina la Southern Marketing Cooperatives le ne la fetolwa go nna Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives. Mme mo nakong eno, a koporase e ntse e dira tiro e e simologileng e e dira? Go bolelwa gore koporase e ntse e tsweletse ka tiro ya yone. Fela tiro e e farologana ka mafelo. Ga twe kwa Tsabong le Khuis koporase e rekisa dilwana tsa kago fela, fa kwa Kolonkwaneng gone e rekisa dilwana tsa kago le dijo. Mo godimo ga tse, koporase gape e rekisa dijo tsa loruo tse go bolelwang di rekwa botoka thata ka ga di tseye lobaka di ntse di le foo.

Ga go tiro epe e e se keng e nna le dilo dingwe tse di e emang pele. Go ntse fela jalo le ka Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives. Le fa koporase e e santse e tshela , go na le dilo dingwe tse di e kgoreletsang go tswelela sentle. Go begwa fa koporase e se na koloi go tsaya dilwana kwa Lobatse le Gaborone. Ka lone lebaka le, kgwebo e bokoa ka jaana koporase e kgona go nna lobaka e se na dilwana tse e ka di rekisang. Bokoa bo bongwe bo bolelwa fa e le maloko a e leng batho  fela, a sa dire sepe go thusa koporase go tswelela pele.

Mme koporase yone e leka go thusa maloko jang? Pego ya re, go ba fa lesedi, maloko a romelwa kwa Sebele go rutiwa ka lephata la dikoporase le molao motheo wa lone. E ke tiro e e ntle e e  ka bong e rotloetsa maloko go tlhagafalela go thusa koporase ya bone go gatela pele mme go lebega ba bantsi ba ntse tsididi fela. Dikgang/Daily News (Dikgang Labotlhano 29 Phatwe 2014) fa e bega ka fa modulasetilo a tshwenngwang ke selo se ka teng ya re;

‘O tsweletse ka gore se se ba tshwenyang thata ke maloko a a maoto a tshupa mo go tlhabololeng lebentlele e bile ba sa supe kgatlhego ka go tsenelela diphuthego.’

Lefoko ke leo  la re ‘tsenelela.’  Lefoko le ke lengwe la mafoko a go se keng go elwa tlhoko gore a dirisiwa jang. Malatsing ano, sengwe le sengwe ke se se tsenelelwang, se se tsenelelang,  e bile ke se se tseneletseng.  Ee, go tsenelela go ka raya go nna le seabe mo tirong nngwe jaaka metshameko. E ka re fa go le lebelo la dipitse ga twe Thulare o ya go tsenelela lebelo leo, go raya gore o ya go gaisanya le ba bangwe koo. Mme tota lefoko le le raya eng? Ka Setswana, go tsenelela ke go tsena fa motho a sa tshwanelang go tsena/bonwa teng. Re itse gore ka Setswana botsetse bo a ilelwa; ga bo tsenwe ke mongwe le mongwe. Fa go ka direga gore mongwe a tsene mo botsetseng a sa letlelelwa, a sa tshwanela, ga twe o bo tseneletse.

Go tsenelela gape go raya go tsena kwa tirong nngwe morago ga nako. A re re jaaka go a tle go direge, go moletlo mongwe mme Tautona o o laleditswe. Tautona o ya moletlong o, e bile o tsena ka nako.  Kwa morago Seromamowa le Btv di bega ka moletlo o mme tsa re Tautona o ne a o tsenelela. A go bua jaana ke go bua Tautona sentle? Mmualebe o tlaa re nnyaa, RB le Btv di tlaa bo di sa bue sentle ka gore Tautona o laleditswe moletlo o, ga a o italetsa. Gape o tsenye koo ka nako. Gore re re Tautona o tseneletse moletlo go bogole. O ka bo a o tseneletse fa a ne a ile koo a sa lalediwa, a italeditse, e bile a tsenye morago ga nako. Gongwe o tlaa botsa gore re bue jang. La ga Mmualebe ke gore re, a re re motho o ne a tsenye moletlo, e seng a o tseneletse. A a o tsenelele fela fa a sa lalediwa kgotsa a sa tsena koo ka nako. La gago la reng? motshwanes@yahoo.com