Blogs

A ga e a relela loleme?

Dilo dingwe tsa go nna jaana ke borukhutlhi  jo re bo bonang gongwe le gongwe fa motho a leng teng gompieno. Gongwe le gongwe, a ke mo gae, kwa masimo, kwa merakeng, mo tseleng, mo lwapeng, batho ba a utswelwa, ba a lwantshiwa, ba a bolawa, ba dirwe dilo tse dintsi tse di hutsafatsang.

Ka gone gore borukhutlhi bo tletse lefatshe, kgang e nne gore a bo lwantshiwe, bo fedisiwe. Mme gone fa, potso e nne gore bo ka lwantshiwa jang. E a re mapodisi a araba potso e a re, ka kgetsi  ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, a setshaba se thuse, se tshwaraganele go lwantsha borukutlhi le bone.

Ba re ga go na ka fa borukutlhi bo ka nyelelang ka teng fa go ka tsewa gore go bo lwantsha ke tiro ya mapodisi a le nosi, setshaba sone se sa thuse ka gope. Mo mafelong mangwe, molaetsa o o a tsena. Batho ba thusanya le mapodisi ka lenaneo la Ntebela ke go lebele.

Fela jaaka Motswana a rile babapa mmogo le merero ba a e bapela, ka lenaneo le, ga twe a e re batho ba agile mmogo, ba itsanye. Sekai ke gore a e re Neo a nna gaufi le Monei, ba se itsanye fela ka go tlhaeletsanya ka matlho. A ba itsanye le ka maina, le gore ka fa ga Neo go nna  mang, Neo le ene a itse gore fa ga Monei go nna mang.

Go tswelelwe go twe, a e re fa mongwe a tswela golo gongwe lobaka longwe lo lo rileng, a kope yo mongwe go sala a ntse a okomela ka fale gore go ntse jang. Ka go thusanya jaana, e ka re fa yo o setseng a bona sengwe se se belaetsang ka fa tsaleng ya gagwe, a tlhaba mokgosi mme borukhutlhi jo bo neng bo ka dirafala jwa kgaupediwa. Kgotsa fa bo setse bo dirafetse jwa tsewa motlhala go sale metsi.

 Kgang e nngwe e nne gore a batho ba tlogele mokgwa wa go reka dilo mo bathong ba ba sa ba itseng. Fa, go a bo go buiwa ka dilo tse batho bangwe ba tsamayang ba di rekisa mo ditseleng, dingwe ba latelela batho mo malwapeng ka tsone.

Dilo tse ga di ke di nna le sesupo sa gore di simologile di tswa kae, le gore go rekiwa eng, mo go mang. Fa gone, poifo ke gore dilo dingwe di ka ne di bapetswe ka ditsela dingwe tse di sa tlhamalalang mo di ka felelang di tshetse ba ba di rekang madi a kgofa. Mme ka lone lebaka le, go twe, a batho ba tlogele go reka dilo tsa go nna jaana.

Go utlwala fa e rile ka kgwedi ele ya Phukwi, mapodisi a Takatokwane a ne a tshwara dithuto tsa twantsho borukhutlhi kwa motseng oo, mme a ama dintlha tse re buileng ka tsone fa godimo fale.

Ga twe moemedi wa ofisi ya mapodisi koo o ne a re mapodisi a eletsa go lwantsha borukutlhi mme se ke ntwa e ba ka e kgonang fela fa morafe o ka ba thusa, wa ba wa tla ka maano a gore borukhutlhi bo ka fedisiwa jang..

Ga twe e rile fa ba mo kgwa dikgaba, morafe wa dumalana gore ba tshwanetse go thusanya le sepodisi go lwantsha borukutlhi.

Ba re fela ba kgobiwa marapo ke gore fa a kuelwa borukutlhi, mapodisi a tsaya lobaka go bonala kwa ba bidiwang teng. E re ka gone go diega mo, dirukutlhi di bo di tle di ineye naga. Fa e bega ka go nyafala ga mapodisi, Dikgang/ Daily News ( Dikgang Labobedi 29 Phukwi 2014)ya re;

‘A re le fa o letsa o ikuela mo go bone, ba go botsaka dipotso fela ka mogala ba bo ba sa iponagatse kwa lefelong la tiragalo…..’

Ka fa temana e re e nopotseng e e buang ka teng, fa mapodisi ba kuelwa borukutlhi , ba tsaya fela ka tsebe , mme ba se ke ba ye go bona gore tota ba bilediwa eng.

Le fa gone re utlwa gore temana ya reng, fela ga re wele ka lefoko  ‘iponagatse.’  Ga twe mapodisi ga ba iponagatse. Ka bangwe ba re batho ba bua ka fa ba batlang ka teng, a le ke lengwe la mafoko a masha a Setswana kgotsa Dikgang/Daily News e reletse loleme?

 Fa mapodisi ba ka ya kwa ba kuelwang borukutlhi teng, a re tlaa re ba iponagaditse? A re tlaa bo re ntse re tlhamaletse go bua jalo. A ga e re fa ka mabaka mangwe motho a tshwanetse go ya golo gongwe go twe o tshwanetse go bonala teng, kgotsa go iponatsa teng; e re fa a tsere matsapa a go ya koo, go twe o bonetse kgotsa a iponaditse teng? Fa Dikgang/ Daily News e re mapodisi ga a iponagatse kwa lefelong la borukutlhi, a ga e a relela loleme?

motshwanes@yahoo.com