Blogs

A a farologana

Re ne ra utlwa fa karata e tlaa bo e dirisiwa boemong jwa bukana e e leng yone go ntseng go duelwa ka yone.  Ka fa pego e e neng e bua ka teng, mo malatsing a, bagodi, batlhoki le one masole a ntwa ya bobedi, ba tshwanetse ba bo ba ikwadisa gore ba tle ba fiwe karata e e tlaa bong e emela bukana ele. Thulaganyo e ne e le gore go ikwadisa go simolole Moranang e le masome mabedi le bone mme go fele kgwedi eno (Motsheganong) e le masome a mabedi le boraro.  Go dirisa karata gone go tshwanetse go simolola Seetebosigo e rogwa.  Re utlwile gape fa karata e tlaa tla ka ditselana dingwe tse di botoka go na le bukana.

Nngwe ya ditselana tseo ke gore, mo mafelong mangwe, boemong jwa go duela ka madi, go ka duelwa ka karata. Gape ga twe karata e ka thusa ba ba e dirisang go tsaya madi ba tlopola go na le jaaka gompieno ba tsaya gotlhe fela nako e le nngwefela, ba sa tlogele sepe. Mme e re ka moso tshega e fapogile mahunelo, motho a tlhoke kwa a tshabelang teng. E rile e bega ka thulaganyo ya go dirisa karata, Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Moranang 22, 2014) ya re;

‘Mme Dennison o supile fa karata e letla badirisi go ka tsaya madi ba kgaoganya, eseng jaaka mo nakong eno go dirisiwa bukana mme mogolo a patelesegang go gogorupa gotlhe.’

Kgang ya rona nako ele, (Mmegi 30.04.2014) e ne ya itebaganya le lefoko go gogorupa.  Re ne ra re, gone ka mogolo o a bo a tsere gotlhe, re ka rialo, ra re o gogorupile. Ga re a ka ra felela foo.  Re ne ra tswelela ra supa gore go gogorupa ke lefoko le le dirisiwang fa motho a tlhakanetse dilo le ba bangwe mme a tshwanetse go di kgaogana le bone.  Re ne ra re, fa motho a tshwanetse go kgaogana le ba bangwe dilo tse, mme a bo a tsaya gotlhe mo go leng teng, a go ipaya pele, ga twe o gogorupile.  Mme fa e le ga gagwe a le nosi, a bo a go ja, a go fetsa, foo ga twe o kgaritlhile.

E ne ya re morago ga kgang e, bangwe ba re bone ga ba bone pharologanyo epe fa gare ga go gogorupa, go kgaritlha le go phaka.  Batho ba ba re, motho o ka tsaya gotlhe mme ga twe o kgaritlhile, fela jaaka a ka tsaya gotlhe mme ga nna ga twe o phakile kgotsa o gogorupile. Ee, Mmualebe o tlaa dumalana gore golo gongwe, mafoko a, a a welana. Mme le fa go ntse jalo, mafoko a, a ntse a a farologana. Thanodi ya Setswana ya re go gogorupa ke go tabola gotlhe go sa sadisediwe ba bangwe. Ka lefoko ‘phaka,’ gone ya re, ‘ja mo gontsi go tima ba bangwe.’ Fa e tlhalosa ‘kgaritlha’ Thanodi ya re, ‘dirisa gotlhe mo go le teng; fetsa sengwe.’ 

Ka fa Thanodi e tlhalosang ka teng, go bonala sentle gore le fa golo gongwe mafoko a a dumalana, gone a ntse ga a tshwane.  Mafoko a a dumalana fa kae?  A dumalana mo go reng sengwe fela se se tlaa bong se tshwerwe kgotsa se le foo, se a dirisiwa, se fele.  Fa re kgaritlha go a fela, fa re phaka go a fela, le fa re gogorupa go ntse go a fela. Jaanong mafoko a, a farologana jang?  Pharologanyo ke e. Jaaka re buile maloba, go phaka le go gogorupa ke mafoko a a dirisiwang fa motho a tlhakanetse dilo le ba bangwe mme a batla gore go je ene fela ampo a je mo gontsi go feta ba bangwe. 

Bana fa ba tlhakanetse dijo mmogo mme yo mongwe a a ja ka pela go feta ba bangwe, ngwana yo ga twe o a phaka; o felela a jele go le gontsi go gaisa ba bangwe.  Go ntse go ntse jalo, ngwana yo e reng dijo di bewa fa, a di remotse, a siye, a ye go jela kwa, a tlogelele ba bangwe thathanyana fela, ene ga twe o a gogorupa. Mme fa selo e le sa ga Mmualebe a le nosi, a sa se tlhakanela le ope, a bo a se ja, kana a se dirisa a se fetsa, foo ra re o kgaritlhile. 

Batho fa ba le bantsi ba ka kgaritlha mme ba kgaoganye kana ba abelanye sentle, go se na yo o timileng ba bangwe. Motho yo o phakang ke yo o jang/tsayang go le gontsi go feta ba bangwe. Yo o gogorupang ene ke yo o tsayang gotlhe mme a tlogelele ba bangwe lefifi; ke gore, a se ke a ba tlogelele sepe.

motshwanes@yahoo.com