Blogs

Go fodisa matshego

Pele ga go fitlhwa go ne ga nna ga tshwarwa merapelo. Ka letsatsi la bofelo la merapelo, ga bolelwa fa tiro ya phitlho e tlaa simolola letsatsi le le latelang mo mosong. Ka letsatsi leo, morago ga thapelo, motsamaisa tiro a bolela fa jaanong e le nako ya pono ya moswi. Ga twe jaaka gale, batho ba tlhomagana, ba dikologa kesi go bona se se mo teng. Re utlwile fa bangwe ba ne ba latlhela leitlho fela ba feta. Ba bangwe bone ga twe ba ne ba tsamaya ba iketlile, ba okomele thata, ba bo ba nne ba iname, ba batla go bona sentle gore mo kesing, go bonwa eng, se ntse jang.

Morago ga pono ya moswi ga iwa mabitleng kwa tiro e neng ya felela teng. Fa go sena go fediwa koo, ga boelwa gae, Kwa lwapeng ga feta ga latolwa, ga jewa, ga ba ga phatlalalwa. Fa ba bantsi bale ba tsamaya, bangwe ba sala, mongwe wa bone e le Ditoroko le ditsala tsa gagwe. Fa ba le foo, Ditoroko a bolela fa ene a tsogile a bonye moswi, e seng pono ya moswi jaaka go ne go buiwa. 

Bale ba re, fa go twe ke nako ya pono ya moswi, go raya gore moswi o a bonwa. A gana a re, fa go ntse jalo, a go ne go twe go bonwa moswi. A botsa gore fa go twe pono ya moswi, a ene moswi o na le pono, a o a bona. A re a go tlhamalalwe go twe go bonwa moswi, e seng go twe ke pono ya moswi. Ba bangwe ba kile ba re ba bua jaaka ba itse, a gana Ditoroko, a fela a ntse a botsa gore a moswi o na le pono.

Kgang ya rona e ne ya re e rile morago ga dijo bontsi jwa tsamaya mme bangwe ba sala go fodisa matshego. Morago ga kgang e, bangwe ba ba neng ba badile Mmualebe ba ne ba botsa gore, go fodisa matshego ke eng, a fodisiwa jang. Mme gongwe bangwe le bone ba ka botsa gore lone letshego ke eng, le dira eng.

Letshego ke selo se se tshegelang selo se se sengwe. E ka nna tshipi, letlapa, kana sengwe fela se se thata, se se ka kgonang go tshegela. Mangwe matshego a diretswe ruri go tshegela dipotwana tse di se nang maoto. E re ntswa dilo tse dingwe le tsone di ka tshegelwa, matshego gantsi a dirisiwa kwa isong fa go apeilwe. A re re Mosetli o tlhotse a photha. Tema e wetse jaanong ke nako ya go batla sengwe go tshwara legaba.                                                                                                                                          Mosetli o ya go tsaya potwana go tla go apaya.

Fa a e tsholetsa, o fitlhela e komogile leoto le lengwe, mme se, ga se emise tiro ya gagwe. Kana ga twe go sita a loso. Fa a ntse a batla, o sela tshipi fa tlase ga marotse. O a e tsaya o e baya ka fa tlase ga leoto lele gore potwane e eme sentle. Leoto le a siama, le lekana le a mangwe, potwana e ema sentle. Ka go dira jaana, Mosetli o tshegetse potwana, e itshetletse. Re ultwile gore letshego ke eng jaanong go fodisa matshego gone ke eng?

 Ka Setswana, tsela nngwe ya go amogela moeng ke gore e re a goroga  a fiwe dijo. Fa dijo di se yo, moeng o latolelwa tlala; ke gore o bolelelwa fa go se na sepe se se jewang. Fa dijo di le teng o a fiwa a je. E ntse e le ngwao ya Setswana, ga go a tshwanela gore e re moeng a fetsa go ja, a bo a ema a tsamaya. Ga twe go dira jalo e kete motho ga a tsholega. O tshwanetse gore e re morago ga dijo, a nne nakonyana le ba a ba etetseng, go jewe dikgang. Nako e moeng a e nnang e, ke gone fa a fodisa matshego.

Kgang ya maloba e ne ya re, e rile morago ga dijo kwa phitlhong ele, fa bangwe ba tsamaya, bangwe ba sala ba fodisa matshego.Tota e ne e se gore batho ba ba kwa isong, ba  tshela matshego metsi ampo ba a budulela mowa go a fodisa. Go raya gore ba ne ba nna lobakanyana go bona ba ba neng  ba tsile go ba tshedisa.

Ka mabaka mangwe, e ka re fa moeng a fetsa go ja a tsamaya. Mme ka gale, ga go a tshwanela gore e re fela jaaka a latlha loswana a bo a tswa ka kgoro.

Botho jo jwa go nna le ba re ba etetseng re sena go ja, re a bo itse, re bo dira ka malatsi otlhe. Mme jaaka go setse go boditswe, bangwe ba bo ba sa itse gore fa re dira jaana, Setswana sa re, re fodisa matshego. motshwanes@yahoo.com