Blogs

Go kgamilwe mang?

Potso e nne gore, a mme ka fa ba dirang ka teng, ba tsweletse sentle, kgotsa golo gongwe di e goga bogole? Fa e le gore ga ba a tswelela sentle, molato o fa kae, gape molato o, o ka tilwa jang.

Ka jalo, re utlwa fa e rile ka Motsheganong monongwaga, Lekgotla la Ditlhabololo tsa Motse Village Development Committee (VDC) la Mogonye, mo kgaolong ya Borwa, le ne la kopana go ntsha pego e e supang ka fa le tsweletseng ka teng mo tirong ya lone ya go tlhabolola motse.

Ka fa pego e ntseng ka teng, dilo dingwe mo motseng o, di saletse kwa morago, di batla go emelwa ka dinao. Dilo di pedi fela tse go bonalang di ne di ka iteelwa legofi ka nako e pego ya lekgotla e neng e rolwa ka yone; ke ka fa Ipelegeng le mapodisi ba tshwereng tiro ya bone ka teng.

Ga twe modulasetilo o ne a bega fa kwa kgotleng mapodisi a dira tiro ya bone ka natla e bile go se na gope go itsemeletsa mo go bone. Gongwe fa go ne go ka twe go itewe mogolokwane, o ne o ka felela fela fa.

E re ntswa Ipelegeng le yone e bolelwa e tshwere ka natla, go kaiwa fa dilo dingwe di e eme pele. Ga twe modulasetilo o ne a re Ipelegeng e mo tirong ya go aga leobo la kgotla.

Go kaiwa fa ka nako e pego e neng e ntshiwa ka yone, tiro e ne e santse e eme, go se na madi.

A mo nakong eno madi a bonetse, kgotsa nnyaa, ga re itse.

Fela, a re solofele gore nako nngwe a tlaa bonwa, mme tiro e wele. Go utlwala fa gape go ne ga begwa gore Ipelegeng  e rema ditsela tse di yang kwa ditsheng tse di sha gone mo Mogonye. Fa, sebe sa phiri ya nna gore Lekgotla la Kabo Ditsha ga le ise le ntshe moalo/mmepe o o supang gore ditsha tseo di fa kae gore e re Ipelegeng e rema, e itse sentle gore tsela e tsamaya jang, ditsha tsa batho tsone di fa kae.

Sa golela pele selelo, Ga lelwa ka kokelwana le sekole se se botlana sa motse oo gore ga di na motlakase ntswa mo motseng gone o le teng.

Wa tlhokwa jang kwa sekolong le kokelwana kwa motseng o le teng? Godimo ga moo, ga twe matlwana a borutelo le a boiteketso kwa sekoleng a a tlhaela, e bile sekolo ga se na motlobo wa dibuka, dilo tse tsotlhe e le tse di ka kgoreletsang bana go ithuta sentle.

Ga nna ga tswelela. Ga bolelwa fa kokelwana ya motse e se na koloi, e  se na motlakase, e bile ka nako ya pula e na. Gongwe fa potso e ka nna gore, mme fa seemo se bolelwa se ntse jaana, balwetsi ba bo ba ka thusiwa jang? A ba bona thuso nngwe e e nametsang? Legale tseo ga se tsa rona.

Re feta fela ka tsone Ga lelwa le ka batho ba ba selang matlakala gore go tsaya lobaka tiro ba e dirile mme ba sa duelwe.

Go utlwala fa mopalamente wa kgaolo le ene a ne a le kwa Mogonye fa go ntshiwa pego ya VDC. Ga twe e rile a ema, ene la gagwe ya nna go lebogela tiro e ntle e go bolelwang  Ipelegeng le mapodisi ba e dira. A dumela gore ga go monate gore sekolo le kokelwana ya motse di bo di se na motlakase.

Go bonala gore e rile morago mopalamente, ga ema mokhanselara wa motse (Manyana-Mogonye). Go ya ka polelo, mokhanselara o ne a ngongorega thata mme fela ga go utlwale sentle gore tota mokhanselara o ne a ngongorega ka eng.

Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Motsheganong 6, 2014) e digela polelo ya pego ya VDC ya Mogonye e re,

‘Mokhanselara wa Manyana-Mogonye Rre Peter Sithebe, o ngongoregile thata, a kaya fa motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme go tshwenya thata go bona motlakase kwa sekoleng se se botlana sa Mogonye le kokelwana.’

Temana e ya re mokhanselara o ne a ngongorega thata. A mme o utlwa sentle gore o ne a ngongorega ka eng? Se Mmualebe a se utlwang ke gore mokhanselara o ne a ngongorega gore Mogonye o bapile thata le toropo. Gore ka motlakase o ne a reng, nnyaa, moo ga go utlwale. Mmualebe o bona e kete gone fa, mongwe o ne a kgamiwa ke mafoko a se ka a wela sentle

 A mokhanselara o ne a kgangwa ke mafoko mme a felela mo tseleng?  Kgotsa Dikgang/Daily News ke yone e neng ya kgamiwa mme ya se ka ya digela mafoko a mokhanselara sentle? Ka fa o bonang ka teng wetsho, go kgamilwe mang? O bona polelo e ya pego ya Mogonye e ka bo e feletse jang? motshwanes@yahoo.com