Blogs

A go ntshiwa madi le baeteledipele?

Ga twe e rile fa nako e ntse e tsamaya, le tumelo ya Sekeresete e ntse e anama le lefatshe, ga tlamega gore Baebela e ranolelwe mo ditemeng tse dingwe, gore batho ba tle ba kgone go e ipalela ka diteme tsa bone.

Ga nna jalo ya ranolwa. Re bona gompieno bangwe re e bala ka Setswana, bangwe ka Sekgoa, ba bangwe ka diteme tsa bone kgotsa diteme dingwe fela tse ba di itseng. Mme ga se ka ga felela fela ka nako ele. Go ntse go tsweletswe go a ranolwa.

Gompieno re utlwa fa e tlaa re ngwaga o lebile go wela go tshwarwe moletlo wa go amogela dikwalo dingwe tsa Baebela tse di kwadilweng ka Sekalaka. Go bolelwa fa mafoko ka moletlo o, a boletswe mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe nako nngwe kwa Nshakashogwe.

Ga twe dikwalo tse di ranotsweng ke Genesise le Lefitiko, tse ka Sekalaka e leng Kutangisa le Zwipo. Tiro ya go ranola yone e bolelwa e dirilwe ke Lekgotla la Baebela la Botswana (Botswana Bible Society).

Go ntse ga go a felela foo. Go utlwala fa lone Lekgotla le le ikaelela gore e re ka ngwaga wa 2016, dikwalo tsotlhe tsa Kgolagano e Kgologolo di bo di ranotswe, di kwadilwe ka Sekakala.  Moletlo o go begwang ka one o, go bolelwa o tshwaraganetwe ke Lekgotla la Baebela le la baruti mme o tlaa tshwarwa ka Phatwe kwa Tutume. Go bonala fa se e tlaa bo e se moletlo wa go ja le go nwa fela. Tiro tota e tla bo e le go lebogela tiro e Lekgotla la Baebela le e dirileng, le go segofatsa Baebela e ntsha e, pele ga e ka rolelwa morafe go e dirisa.

Gantsi selo se sesha se a itumelelwa ka go a bo go dumelwa gore se tsile go thiba phatlha nngwe e e ntseng e bulegile golo gongwe. Metse mengwe malatsing ano e tshelela mo lenyoreng, ga e na metsi. Tsatsi le letsatsi batho ba metse e ba solofetse go utlwa go twe metsi a bonywe golo gongwe. Mme fa e ka re nako nngwe ga nna jalo, sediba sengwe sa bulwa sa ba nosa, go tlaa nna boitumelo jo bogolo.

Re utlwa go ntse fela jalo kwa Bokalaka. Go bonala batho koo ba ntse ba eleditse go bona e re nako nngwe ba bo ba bala Baebela ka teme ya bone.

Mme jaanong ka ke eo e gaufi le go goroga, ba bolelwa ba itumetse fela thata. Ga twe ba re jaanong ba tlaa kgona go bala Baebela, le go e tlhaloganya botoka, ka ba tlaa bo ba bala ka teme ya bone. Ka jaana Lekgotla le lone le batla gore e rekwe, e dirisiwe, pego ya re Baebela e e tlaa rekisiwa ka tlhotlhwa e e kwa tlase.

Ka moroto wa e esi ga o ele, ka gale tiro ya morafe ga e ke e dirwa ke motho a le nosi. Ke tiro e e batlang diatla tse dintsi go e dira ka gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Ka jalo, re utlwa fa komiti e e rulaganyetsang moletlo o e kopile morafe go thusa gore tiro e e tle e tswelele sentle. Ga twe, go etleetsa moletlo, morafe o kopilwe go thusa ka sengwe le sengwe se o nang le sone.

Re tsaya gore se se raya gore ba ba kgonang ba ka thusa ka madi, bangwe ka loruo (dikgomo, dipodi, dinku), bangwe ka thobo jaaka mabele, mmidi le dinawa. Bangwe ba thuse le ka tsone diatla tsa bone tota. Fa e itebaganya le dikereke, pego (Daily News/Dikgang Labotlhano Seetebosigo 13 2013 2014) ya re;

‘Kereke nngwe le nngwe e ne ya kopiwa go ntsha madi a a kana dipula tse di makgolo  matlhano ga mmogo le baeteledipele botlhe ba setshaba.’

A o etse temama e tlhoko mmadi? A o e utlwa jaaka Mmualebe a e utlwa? Mmualebe ene o utlwa temana e re dikereke di ntshe madi mme mo godimo ga madi, di ntshe le baeteledipele botlhe ba setshaba. Fa go buiwa ka baeteledipele a go tewa le ene Tautona a le mo teng?

Re dumela gore madi one a ya go dirisiwa go reka tse di tlaa bong di batlega kwa modirong. Jaanong baeteledipele bone ba ya go dira eng? Kana ga twe dikereke di ntshe madi le baeteledipele botlhe ba setshaba.

Ka madi one a ka isiwa ka seatla, ampo ka tsela nngwe a romelwa kwa a tshwanetseng go ya teng, baeteledipele bone ba tlaa phuthiwa jang ka lefatshe le lotlhe? Go simololwe ka bafe?

Fa Dikgang/Daily News e re dikereke di kopiwa go ntsha madi le baeteledipele botlhe ba setshaba, a se ke sone se e neng e batla go se bua, kana e ne e batla go bua sengwe se sele? A e re thuse. motshwnes@yahoo.com