Blogs

A di tshwana jaaka?

Re itse gore e ntse e a re kgwedi le kgwedi bagodi ba bo ba ya posong go ya go amogela madi a bone a itshetso 

 E ne e a re fa ba ya koo, ba bo ba tshotse dibukana tse ba neng ba amogela ka tsone. Maloba jaana re ne ra utlwa fa thulaganyo e ya go dirisa dibukana e tlaa emisiwa. Go ne ga twe e tlaa re kgwedi eno (Seetebosigo) e simologa, bagodi ba fiwe dikarata  tse ba tlaa di dirisang boemong jwa bukana eo.

 Ka tsela nngwe, thulaganyo e ntsha e e kgaololela bagolo mosepele ka  ga twe, mo mafelong mangwe, ba ka dirisa karata ba duela ka yone. 

Pharologanyo ke gore, pele bagodi ba ne ba patelesega go tsamaya ba tshotse madi gore ba tle ba kgone go duela tse ba tlaa bong ba di batla. 

Mme ka thulaganyo e ntsha e, mo mafelong mangwe ba ka duela ka karata boemong jwa go duela ka madi. A se ga se gone go ngotlela bagolo mosepele wa go ya posong kgwedi le kgwedi mme bangwe ba bone ba se na le tsone dinao tsa go ya koo?

E nngwe tsela e re bonang bagodi ba tlotlwa ka yone ke gore, mo mafelong mangwe, go setse go na le ditselana (mela/dilaene) tse e reng fa ba tsena ba batla go thusiwa, ba eme mo go tsone. 

Boemong jwa go ema mo ditselaneng tsele tsa batho ba bantsi, tse gongwe di ka ba tlhodisang nageng, bagodi ba ema mo go tse e leng tsa bone fela mme ba bone go thusiwa ka pela.  A, e ntse ke one maiteko a go supa gore mogolo ke mogolo, ka tsela nngwe, o tshwanetse go direlwa go farologana le batho ba bangwe.

Re sale foo, re utlwa fa go ne ga bulwa leobo lengwe kwa Maunatlala mo kgaolong potlana ya Bobirwa, ngwaga o o fetileng o lebile go wela. Leobo le le bolelwa le agetswe bagodi koo mme le lopile madi a a fetang P7,000

Go utlwala fa tiro e, e ne e tshwaraganetwe ke lekgotlana la ditlhabololo tsa motse/Village Development Committee (VDC), makhanselara, dikgosi le badirela puso ba kgaolwana eo.   

Ga twe godimo ga moo, go ne ga abiwa ditilo di le masome mane e le tse di tlaa dirisiwang ke bagodi mo go lone leobo leo.

Go begwa fa ka letsatsi leo, Phalane 21 2013, tiro e ne ya se ka ya nna ya go bula leobo fela.  Ga twe bangwe bagolwane ba puso ba ne ba bua ka ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse go solofelwang di tlaa dirwa mo kgaolong eo. Ga twe go ne ga buiwa gore ditiro dingwe di tlaa tswelela fa tse dingwe tsone di tlaa nama di beetswe fale  ka jaana itsholelo ya lefatshe leno e santse e e reketla; ga e ise e itshele sentle. 

Ga bolelwa gore, tiro ya go baakanyetsa go epa mesele e e tlaa phatlalatsang metsi le metse ya Bobonong, e setse e simolotswe. A mangwe mafoko ya nna gore, go setse go bonywe madi a a tlaa dirisiwng go gokela didiba tse e tlaa reng mo nakong eno, di name di nosa batho ba Bobirwa. 

Ga twe mafoko a, a ne a tladiwa ka gore tiro ya go betla ditsela tsa Boibonong le yone e se tse e simolotse e bile e thusitse bana bangwe go bona ditiro. 

Dilo tse dingwe tse go neng ga bolelwa fa di setse di dirwa, ke go gokela motlakase le go epa matamo. Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Labobedi Phalane 22 2014 ya re; 

‘Rre Legwaila a re le fa go ntse jalo ditlhabololo tse di tshwanang jaaka metsi le motlakase puso e ne ya bona go le botlhokwa gore di tswelele ka go dirwa…...’

Lefoko le Mmualebe a batlang re le ela tlhoko mo temaneng e ke le reng, dilo di tshwana jaaka. Potso ke gore a se bua jalo Setswana, se re, dilo di tshwana jaaka tse dingwe?A re re, Monei le Morwadi ba baakanyetsa lenyalo la ga Metlhala le Mentsi le le tshwanetseng go jewa nako nngwe. Jaanong ba tswa go reka letsela le ba tlaa segang mesese ya lenyao leo ka lone. 

Letsela le, le a tshwana mo go rayang gore le mesese ya bone e tlaa tshwana. 

A jaanong e tlaa re fa ba apere mesese e, ka e tlaa bo e tshwana, re re, mosese wa ga Monei o tshwana jaaka wa ga Morwadi kgotsa wa ga Morwadi o tshwana jaaka wa ga Monei? Nnyaa.

Go bua jalo re tlaa bo re fapoga Setswana. Go bua sentle re tshwanetse gore re re, mosese wa ga Monei o tshwana le wa ga Morwadi kana mosese wa ga Morwadi, o tshwana le wa ga Monei. Dilo fa di tshwana, fa go buiwa ka tsone ga twe di tshwana le tse dingwe, e seng di tshwana jaaka tse dingwe. 

motshwanes@yahoo.com