Blogs

Bone ba tshwere ka natla jang?

Go a bonala basadi ba ba ne ba se ka ba itumelela selo se mme ba bona mongwe ba lelela mo go ene. Ga twe motho yoo o ne a reetsa selelo sa bone mme a se tsaya a se isa kgosing. Koo kgosi a se amogela, a dumela gore basadi bao le bone ba alosiwe. Ba aloga mme ba fiwa leina la Mafetsakgang.

 Gore kgang go ne go fediwa efe, ga re itse ka ga go bolelelwe. Se se bolelwang fela ke gore leina le, basadi bao ba ne ba le tlhakanela le banna bangwe ba e rileng nako eo le bone ba bo ba aloga. Ka ba ne ba le mophato, ba na le leina, basadi ba ba Mafetsakgang le bone ba simolola go dira ditiro tsa mephato tse di neng di dirwa nako eo. Re ulwile gape fa mophato o e le wa basadi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a supa le masome a roba bongwe.  Go ne ga twe, basadi ba go buiwang ka bone ba, ga se mophato fela mme gape ke baopedi. Polelo e ne ya re go opeleng ga bone, ba dirisa marapo a kgomo, ba a letsa e bile ba bina ka one. Ga twe thata ba rata a kgomo e e nonneng ka a utlwala sentle fa a lediwa. Godimo ga moo, marapo a bolelwa a siame thata ka a tsaya dingwaga a ntse a dirisiwa, a sa senyege.

Mafetsakgang a bolelwa a bonwa mo medirong e mentsi mo Serowe. Jalo he, ba tlhama dipina go ya ka moletlo o ba tlaa bong ba o laleditswe fa go letsa marapo gone, ba go ithutile mo mophatong wa Makgasa ba e leng bo mogolo a bone.

Ke ao Mafetsakgang a bolelwa a tshwere ka natla. Jaanong potso ke gore go tshwara ka natla go raya eng?

Re ne ra re, go tshwara ka natla ga go reye go dira ka marapo kgotsa ka mashetla ka nako tsotlhe motho a ngakaletse. Ra re ga se tiro nngwe le nngwe e e batlang go dirwa ka mashetla. Re ne ra supa gore ditiro dingwe di motlhofo mme di ntse di batla go dirwa ka natla. Potso ya felela e ntse e re, fa e le gore go ntse jalo, jaanong go tshwara ka natla go raya eng? Karabo e ne ya re go tshwara ka natla go raya go dira ka tlhoafalo, ka tlhaga, motho a dira tiro a e rata, a tsentse mogopolo otlhe wa gagwe mo go yone. Re ne ra supa fa tiro e e dirwang jaana e felela e le ntle, e kgatlha. Fa yo mongwe ene a dira e kete o bapile le mowa, ga a tshwara ka natla. Ene ga twe o a itsapa, o a latlhelela.

Kgang ya maloba e ne ya wela e re fa motho a dira a tshwere ka natla, a tiile moko, tiro ya gagwe e ratwa ke batho, mme go twe o setswerere; go twe o dirile ka botswerere. Fa re tswela pele re ka re motho yo ene a dirang a latlhelela, a itemeletsa, tiro ya gagwe ga e nne ntle, ga e ratwe ke ope, mme Setswana se re o setshururu.  Ka re utlwile gore go tshwara ka natla go raya eng, potso jaanong ke gore, basadi bale ba Mafetsakgang (Daily News/Dikgang Labotlhano Phalane 11 2013), bone ba tshwere ka natla jang?

Re setse re utlwile fa basadi ba e le bagolo, dingwaga tsa bone di setse di tlolagantse thata. E re le e le bagolo jaana, ga ba a nna fela ba re ba godile. Batho bangwe ba dingwaga tsa bone di tsamayang fa tsa Mafetsakgang di leng teng, ba setse ba itlhobogile, ba ineetse gore ba godile. Mafetsakgang one a bolelwa a sa nna jalo.

Re utlwa fa e le gore, boemong jwa go letlelela botsofe go ba fenyeta, bone ke bone ba lwang go fenyetsa botsofe. Basadi ba ba bolelwa e le diopedi tse di tona tse di bonwang mo medirong e mentsi mo Serowe. Godimo ga moo, ga twe ba kopana Laboraro mongwe le mongwe go bona gore ba ka gatela pele jang. A se ga se gone go tshwara ka natla? Ke ba le kae ba dingwaga tse di bolelwang tse (70-90) ba ba tlhaga mo go kalo?

Ka matlho ga re ise re bone basadi ba. Re utlwa fela ba bolelwa mme re tlaa dumela gore tota ba tshwere ka natla. Jaanong ke ao Mafetsakgang; a segile tema, a beile sekai. Tlhola o tshwere ka natla.

motshwanes@yahoo.com