Blogs

Go tshwara ka natla

Ga  twe e ne e rile bogologolo fa go iwa mophatong, basadi ba bone ba sala. Go utlwala fa ba ne ba sa sala ka go rata ga bone mme ba ne ba tlogelwa ka gore, ka nako eo, go ne go tsamaya banna fela.

Go a bonala basadi ba ba ne ba tshwenyega thata gore e tlaa re batho ba bidiwa ka maina a mephato, bone e nne batho fela ba ba se nang leina lepe la mophato.

Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, ba bona mongwe, le ene e le mosadi, ba itela mo go ene. Mosadi yoo o ne a reetsa selelo sa bone.

A rwala ditlhako a se isa kgosing. Ka fa polelo e ntseng ka teng, mosadi a feta a loga mafoko sentle ka kgosi o ne a mo amogela, a dumela gore basadi bale le bone ba alosiwe.

Ga nna jalo, ba aloga, ba bidiwa Mafetsakgang, e le leina la mophato wa banna, o e rileng ka nako eo, wa bo o aloga.

Fela jaaka e ne e le Setswana sa nako ele, le bone ba simolola go dira ditiro dingwe tsa morafe tse di neng di dirwa ke mephato.

Le fa ba setse ba godile mo go kalo, basadi ba ba bolelwa e le batho ba ba tlhaga thata, dingwaga tsa bone di sa baya fa fatshe.

Ga ba dumele gore ka ba godile, ba ka tlhola ba ntse fela ba sa dire sepe, le fa e le gone go itlosa bodutu ka sengwe tota.

Ba dumela gore le ntswa ba setse ba godile, mmele o ka se ka wa tlhola o dira tiro epe e e bokete kgotsa e ntsi, gone ba tshwanetse go dira sengwe. Ga twe basadi ba go buiwang ka bone ba, ba masome mararo ka palo. Ga se mophto fela mme gape ke baopedi, ba a a opela. Polelo ya re go opeleng ga bone, ba dirisa marapo, ba a letsa e bile ba bina ka one.

Marapo one ba a tsaya kae e bile a ntse jang? Ga twe fa ba bolela ba re, marapo a, ke a kgomo.

Ka mediro ya Setswana gantsi e tlhabelwa dikgomo, basadi ba ba re, fa go le modiro, ba a tle ba kope banna gore ba ba beele marapo ba tle ba a dirise.

E ntse e le bone basadi ba, ga twe ba re marapo a a siameng ke a kgomo e e nonneng ka a utlwala sentle fa a lediwa.

Godimo ga moo, marapo a bolelwa a siame thata ka a tsaya dingwaga a ntse a dirisiwa, a sa senyege.

Dipina tsone ba opela dife? Go utlwala fa ba tlhama dipina go ya fela ka moletlo o ba tlaa bong ba o laleditswe.

Go bolelwa fa nngwe ya dipina tsa bone e le ya mophato wa bone wa Mafetsakgang, e nngwe e le ya botsalo jwa ga Seretse.

Go letsa marapo gone ba go bonye kae? Ga twe ba re go letsa marapo le go bina ka one mo, ba go ithutile mo mophatong wa Makgasa ba e leng bo mogolo a bone. Bao bone go bolelwa fa ba ne ba fitlhetse marapo a lediwa ke Malekantwa. Mo go raya gore go letsa marapo go ne ga simologa golo gongwe, mme mephato ya nna ya go ithuta fela jalo ka go tlhatlologana ya yone.

Dikgang/Daily News (Dikgang Labotlhano Phalane 11 2013) e bua ka polelo ya mophato wa Mafetsakgang ka fa tlase ga tlhogo e e reng, ‘Dinonyane tsa ga Naledi di tshwere ka natla.’

Fa mongwe a ne a ka botsa gore go tshwara a natla go raya eng, re ne re ka araba re reng? A re se akanye gore go tshwara ka natla go raya go dira ka marapo kgotsa mashetla ka nako tsotlhe.

Ga se tiro nngwe le nngwe e e batlang go dirwa ka mashetla. Ditiro dingwe di motlhofo mme di nne di batle go dirwa ka natla.

Fa e le gore go ntse jalo, jaanong go tshwara ka natla go bo go raya eng?

Go tshwara ka natla go raya go dira ka tlhoafalo. Gore motho a dire tiro a tlhoafetse, a le tlhaga, ke gore a bo a e rata.

A e dire a tsentse mogopolo otlhe wa gagwe mo go yone, gore e re kwa bofelong e nne tiro e ntle, e e itumedisang. Motho yo o dirang a lebega a lapile ga a tshwara ka natla.

Motho yo ga twe o a latlhelela, o a itsapa; go twe o a itsemeletsa ampo o dira a bapile le mowa.

Fa e le motho a tshwere ka natla, ene ga twe o dira a tiile moko, a tsentse marapo dinameng; go twe o nole tlhoa.

Motho wa go nna jaana ke ene a bidiwang setswerere ka tiro ya gagwe e felela e le ntle, e kgatlha, mme e ratwe ke batho. motshwanes@yahoo.om