Blogs

A ba ne ba se na botho?

Fa batho ba bangwe ba a bo ba ya tirong e e tlaa reng kgwedi e fela ba e duelelwe, banna ba bone go bolelwa fa ba a bo ba isa diatla fela ka fa kgwedi e fela, ka ga ba duelwe. Potso e tlaa nna gore banna ba ke bomang, ba dira eng?

Gape ke eng ba dira tiro e e sa ba atsweng ka sepe?

Polelo ya re banna ba ke Rre Edwin Mosepele wa kgotla ya Ramokgasa le Rre Sello Phiri ene e le wa kgotla ya Rasai kwa Mochudi.

Ga twe go tsogela kwa ofising letsatsi le letsatsi jaana, banna ba ba a bo ba ile go thusa go folosa Dikgang/Daily News fa e goroga go e isa kwa ofising.

Go bolelwa fa ba simolotse go dira tiro e ka ngwaga wa 2007.

Mo go raya gore ke ngwaga wa bosupa ba ntse ba e dira. Potso e nngwe ke gore, ga tla jang gore ba bo ba dira tiro e?

E ntse e le go ya ka polelo, banna ba ba dira tiro e fela ka mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko.

Go bolelwa fa e rile mo dingwageng tsele, tiro ya bo e ne e dirwa ke mosadi mongwe a bidiwa Georginah Morakanyane.

Tiro e, e ne e se yone fela e Mme Morakanyane a neng a e dira.

Go ne go na le ditiro tse dingwe gape, jaaka go araba mogala le go bega dikgang, tse le tsone a neng a di dira.

Godimo ga moo, Mme Morakanyane o bolelwa a ne a setse a godile, a se na thata epe e e kalo, mme tiro yone e le bokete.

Ga twe nako ele, pampiri e ne e goroga e le ntsi thata mo banna ba babedi ba, ba neng ba sa kgone go e tsholesa ka diatla.

Ga twe gore ba kgone go e tsholetsa, e ne e le gore ba e tsenye logong ka kwa tlase ba tsholetse ka lone.

Go bonala gore, kwa ntle ga leano le la go dirisa thobane, morwalo o ne o ka pala.

Go bona tiro e le bokete mo go kalo, banna ba ba utlwela Mme Morakanyane botlhoko mme ba inaya motsapa wa go ne ba tla go folosa pampiri moso le moso.

Ba sale ba simolotse ngwageng ole wa 2007 mme le gompieno ba ntse ba tsweletse ba dira tiro e.

Fa e bega ka tiro ya baithaopi ba, Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Moranang 29 2014) e simolola e re;

‘E re le ntswa batho ka bontsi malatsing a ba dumela gore fa motho a thusa yo mongwe o tshwanelwa ke go mo duela ka madi kana a mo atswa ka sengwe, seo ga se a nna jalo mo go borre ba babedi ba Bakgatla ba ba thusang lephata la dikitsiso.’

Fa e tswelela pele fa tlase fale Dikgang/Daily News ya re;

‘Ka go bona motho wa mme a lebaganwe ke bokete jo bo kanakana, bagaka ba ba boithaopo, ba ne ba thusa Mme Morakanyane ka go bona ka fa a neng a imelwa ke tiro ka teng.’

Mo temaneng ya ntlha e re e nopotseng, go na le lefoko ‘borre’ fa mo go ya bobedi gone go na le ‘motho wa mme.’

Mafoko a a diristswe boemong jwa lefoko ‘banna’ le ‘mosadi.’

Mo malatsing a maloba, mafoko ‘monna/banna’ le ‘mosadi/basadi’ a ne a dirisiwa fela ka phuthologo, go se na ope molato ka one.

E ne e ka re fa buiwa ka motho a tshwana le Rre Mosepele kgotsa Rre Phiri ga twe ke monna yo o thusang lephata la dikitsiso go folosa pampiri mo koloing fa e goroga.

E re go buiwa ka Mme Morakanyane go twe ke mosadi yo o neng a direla lephata la dikitsiso. Go bua jaana go ne go se na ope molato.

Jaanong mo malatsing a gompieno, go na le puo e e reng fa o raya motho o re mosadi/monna, ga o mo tlotle; o mo tlhokela botho.

Mmualebe ene a re, go tlhoka botho kgotsa maitseo go tlaa tswa fela mo go reng motho o bua ka pelo (maikutlo) e e ntseng jang. Fa motho a tewa go twe mosadi/monna, ka mowa o montle, ga go na ope molato.

Mme fa a ka tewa jalo ka mowa o o sulafetseng, ee, foo gone ga go nne monate, ga a ke a itumele.

A re lemogeng gore mafoko a, mosadi/basadi le monna/banna, re a dirisa ka re fitlhetse batsadi ba rona ba ne ba a dirisa mme ra a tsaya mo go bone.

Bone le bone, ba ne ba a dirisa ba a tsere mo go ba ba neng ba tsile pele ga bone.

A jaanong ra re ka go bitsa batho mosadi/ monna, batsadi ba rona ba ne ba se na botho?

A ra re, fa re re motho wa mme, motho wa rre, boemong jwa mosadi/monna, re bua botoka go ba gaisa? motshwanes@yahoo.com