Blogs

Ngwana lekuka.....

Gangwe le gape re a tle re nne re utlwe fa go ne go biditswe phuthego go lelwa selelo se.

 Pego nngwe ya re, bosheng jaana go ne ga tshwarwa phuthego ya go nna jalo kwa Mmatshumu mo kgaolong ya legare.  Go bolelwa fa kwa phuthegong eo go ne go le Kgosi Keletshwaretse

Phetsogang, yo e leng ene Kgosi ya Mmatshumu. Ga twe fa a le koo, Kgosi o ne a lela ka batsadi ba bana ba bone ba tsenang sekole kwa Makgadikgadi kwa motseng wa Mosu. Selelo e ne e le gore batsadi ga ba a tshwaraganela thuto ya bana le barutabana ka ga ba kgatlhegele go tsena diphuthego tsa dikole.

Pego e bolela fa Kgosi a ne a re, le fa go se motlhofo go tswa Mmatshumu go ya Mosu, ka metse eo e katoganye, e bile ga go na dipalamo sentle, seo ga e a tshwanela go nna seipato.

A gatelela gore batsadi ba tshwanetse go iteka go tsena diphuthego le go itse seabe sa bone mo thutong ya bana ba bone ba bo ba se diragatsa.

Mafoko a a ne a raya gore batsadi ba tshwanetse go itse gore le bone ba na le se ba ka se dirang go thusa bana go tswelela ba ithuta sentle.

Batsadi ga ba a tshwanela go nna fela, mme ya re kwa morago tiro ya bana e sa itumedise, barutabana ya nna bone fela ba nyadiwang go twe ga ba a dira tiro sentle.

Pego e tswelela e re, Kgosi o ne a re, bana bangwe ba a tle ba thobe/ngwege kwa sekoleng, ba tlhole fela kwa gae, mme bangwe batsadi ba se ke ba re sepe ka seo. Ke gore batsadi ba tlhole fela le bana bao mo gae, ba sa  ba botse gore molato ke eng fa ba sa ya sekoleng. Godimo ga moo, le go ya  sekolelng go ya go botsa gore molato ke eng fa ngwana a tlhotse gae, batsadi bangwe ba se ke ba go dire.

Mme ka one mokgwa o wa bana go tlhola fela mo gae, batsadi ka tsela epe ba sa tshwenyege, bana bangwe ba felele ba tlogetse sekole, selo se tota re tlaa dumelang fa se sa siama.

Gone le fa thuto mo lefatsheng leno e sa duelelwe, sekole se tsenwa mahala, go na le madi mangwe a dikole di a tleng di a batle go nna di dira sele le sele.

Kwa dikoleng tse di kwa tlase (primary) re a tle re utlwe go twe madi mangwe ke a go duela baapei. Kwa go tse dingwe, gone re utlwe go twe mangwe madi ke a go duela dibuka tse di latlhegileng, di latlhilwe ke bone bana.

Batsadi bangwe ba a tle ba iteke ba duele. Ba bangwe bone ba a tle ba tlhokomologe, ba tseye gore ga di ba ame.

Ga twe Kgosi o ne bua ka madi a, a re batsadi ba tshwanetse go ne ba a duela ka gore, go tlhoka go a duela ke tsela nngwe ya go busetsa thuto ya bana kwa morago.

Kgosi o ne a se ka a remelea fela mo go nyatseng batsadi. O ne gape a tla ka lefoko la kgakololo.

O ne a gakolola batsadi gore, fa bangwe ba bone ba sa kgone go thusa bana, ba se ka ba phutha mabogo ba Itlhoboga, Ga twe o ne a re, a batsadi ba go nna jalo ba kopane le ba boipelego le bogogi jwa motse go bona gore ba ka thusiwa jang.

Dikgang/Daily News (Dikgang Laboraro Moranang 23 2014) e bega ka phuthego ya Mmatshumo ka fa tlase ga tlhogo (setlhogo) e e reng, ‘Pilediwa e a lwela.’

Mafoko a, ke seane sa Setswana se se rayang gore, fa motho a bidiwa, o tshwanetse go ya kwa a bidiwang teng go ya go utlwa gore o bilediwa eng.

Ka  Kgosi o ne a kgothatsa batsadi gore e ne e re go biditswe phuthego ya sekole ba ya go utlwa gore ga tweng, re tlaa dumalana gore tlhogo e ya ‘Pilediwa.....’ e siame. Mme Kgosi ga a ka a felela foo.

Ka fa pego e ntseng ka teng, mafoko a matona kwa phuthegong ele ya Mmatshumo e ne e se go tla diphuthegong fela.

Mafoko e ne e le gore, a batsadi ba itse fa tiro ya go ruta ngwana le bone e le ya bone, e se ya barutabana fela.

Jalo he, a ba tiise, ba tshwaragane le barutabana, ba thuse bana ka fa ba ka kgonang ka teng.

Jaanong, fa re ya le one molaetsa o, gongwe re ne re ka fetola setlhogo sele sa ‘Pilediwa e a lwelwa’ mme boemong jwa sone ra re, ‘Ngwana lekuka o a sokelwa.’

Re tlaa bo re raya gone gore, barutabana ba le nosi ga ba ka ke ba kgona, ba ka kgona fela fa ba thusiwa ke batsadi. motsts@gmail.com