Blogs

Go gogorupa

Ga twe e tlaa re boemong jwa bukana e e ntseng e dirisiwa, jaanong go dirisiwe karata. Thulaganyo e, e bolelwa e tlaa simologa Seetebosigo e rogwa; ke gore kgwedi eo e simologa. Pego e bolela gore, batho ba ba ntseng ba amogela ka bukana, ba ne ba tshwanetse go simolola go ikwadisa Moranang  e le masome mabedi le bone, go tsena Motsheganong e le masome mabedi le boraro gore ba tle ba fiwe dikarata.

Potso jaanong e ka nna gore ke eng fa go fetogelwa bukana, go dirisiwa karata? Karabo ke gore, go bolelwa fa karata e tlaa nna botoka go na le bukana ka tsela tse dintsi. Ga twe karata e tlaa nna bofefo go dirisiwa go na le bukana. Godimo ga moo, karata e ka dirisiwa go reka gongwe le gongwe mo go ba ba tlaa bong ba dumetse go dirisanya le poso. Mo go bo go raya gore, ba ba tlaa bong ba dirisa karata, ga ba ke ba tlhokane le go tsamaya ba tshotse madi ka nako tsotlhe. Mo mafelong mangwe, e tlaa re boemong jwa go duela ka madi, ba bo ba ka duela ka karata eo.

Pego e tswelela e re, fa ka mabaka mangwe, jaaka bolwetse, mogolo a ka kgoreletsega go ya go amogela kgwedi le kgwedi, madi a gagwe a tlaa nna kgwedi tse tharo a letile, a ise a busiwe. Morago ga kgwedi tse tharo tseo, ke gone jaanong mogolo a ka yang go rulaganya gore a tle a duelwe  madi a tsone. Go utlwala fa mo nakong eno madi a nna kgwedi fela a bo a busiwa. Se gape se bolelwang se le monate ka karata ke gore, e tlaa tsaya ngwaga tse some e ntse e dirisiwa, fa bukana yone e tsaya lobaka lo lo khutshwane. Ka tsela nngwe, karata e ka thusa bagolo go somarela ka jaana, ka yone, ba ka kgona go tsaya madi ba a ketlola. Ga twe gompieno ba tsaya gotlhe nako e le nngwefela.

Fa e bega ka thulaganyo e ntsha e, Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Moranang 22, 2014) ya re;

‘Mme Dennison o supile fa karata e letla badirisi go ka tsaya madi ba kgaoganya, e seng jaaka mo nakong eno go dirisiwa bukana mme mogolo a patelelsegang go gogorupa madi otlhe.’

Mo temaneng e re e inotseng e, go na le lefoko ‘gogorupa.’ Ga twe, ka thulaganyo ya nako eno, mogolo o patelelsega go gogorupa; ke gore go tsaya madi otlhe a kgwedi ka jaana ba amogela kgwedi le kgwedi. Gone ka mogolo o tlaa bo a tsere gotlhe, re ka rialo, ra re, o gogorupile. Mme tota lefoko le, le raya eng? A re utlwe gore Thanodi ya Setswana e le tlhalosa jang. Thanodi ya re, ‘tabola gotlhe go sa sadisediwe ba bangwe.’ Setswana-English Dictionary, e yone e le tlhalosang ka Sekgoa, ya re, ‘gather as much as possible regardless of how little the others get.’ Re dumalana le thanodi tse pedi tse gore go gogorupa go  raya go tsaya gotlhe, motho a tima ba bangwe.

Mo malatsing a jale, go ne go atile gore e re fa go jewa, bana ba ka nna bararo, bane, ba tsholelwe mo mogopong o le mongwe gore ba je mmogo. Ka batho ga re tshwane, bangwe re ja ka bonya, bangwe ka pela, bana ba ba neng ba a ja ka pela ba ne ba felela ba jele thata go feta ba ba jang ka bonya, mme go twe ba a phaka. Bangwe bana ba ne ba le pelo tshetlha thata, ba batla gore fa dijo di tla, go je bone fela. Ba go nna jaana bone, e ne e a re fa dijo di bewa fa pele ga bone, ba di reme, ba ye go jela koo ba le nosi, mme go twe ba a gogorupa; ba gogorupile.

Re itse gore fa batsadi ba tlhokafetse, dilo/dithoto mo lwapeng di saletse bana botlhe, ba tshwanetse go di kgaogana ka go lekana. Bana ba bangwe ba a tle ba dire jalo, ba kgaogane dilo tse go se na epe kgang. Bangwe bone e a re ba tshwantse go kgaogana dilo tseo, mongwe a itebe a le nosi, a tseye gotlhe, a se ke a tlogelele ope sepe.  E a re go diregile jaana, go tsoge kgang ya gore ngwana mongwe o gogorupile boswa botlhe, o timile ba bangwe. Go a bo go buiwa jaana, ka o a bo a ne a tshwanetse go kgaogana dilo tseo le bana ba bangwe mme a se ka a dira jalo.

Fa motho a a ja tsotlhe tse e leng tsa gagwe, a sa tlogele sepe, ga twe o kgaritlhile.  Gore re re o gogorupile, re relela loleme ka tota ga a tlhakanela dilo tseo le ope, ke tsa gagwe a le nosi. Mogolo yo o tsayang madi otlhe a a beetsweng, a sa tlogele sepe, ga a gogorupa, o  kgaritlhile. mothwanes@yahoo.com