Blogs

A kae magadi ao?

Ka gone go itse gore wa e esi ga o ele, e a re batho ba le mo tirong, ba ipope makgotla a moono wa one e a bong e le go leka go goga ka kgole e le nngwefela mo tirong eo ya bone. Gangwe le gape makgotla a, a a tle a kopane go bua ka tsa tiro, go bona gore dilo (kwa tirong) di siame fa kae, ga di a siama fa kae.

E re fa golo gongwe go sa siama, go nniwe  fa fatshe go bona gore, gone fa go sa siamang teng foo, go ka dirwa eng kgotsa ga dirwa jang gore go tle go siame. Ka gone go dira mmogo ka tsela e, lekgotla le tswelele pele, tiro le yone e tswelele sentle.

Lengwe la makgolta a go nna jaana, a a mono gae, le bolelwa e le la Dikgosi Association. Go bolelwa fa e rile ngwaga o o fetileng o lebile go fela, lekgotla le, le ne la kopana kwa Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi.

Ga go lebege go ne go na le sepe se se maswe se lekgotla le le neng le se kopanetse, fa e se go bona fela gore, mo tirong ya tsone ya go busa morafe, dikgosi di gata jang. Ga twe mongwe wa ba ba neng ba le koo, e ne e le mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre John Toto.

Ga twe fa a ntsha la gagwe gone koo, Rre Toto a akgolela dikgosi go tshwaragana le go dira tiro ka natla. Pego ya re o ne a tswelela a re, lekgotla le, le botlhokwa thata ka gore, fa le ka nonofa, le ka thusa go rarabolola dikgang tsa go lwela bogosi, tse e leng tsone gantsi di tsogelang merafe.

A boa a akgolela dikgosi tiro ya tsone ya go sekisa ka gore a re, mo ditshekong di le lekgolo, di le masome a robabobedi di sekwa ke dikgotla tsa Setswana. Mo go bo go raya gore tota tiro e ntsi ya ditsheko e dirwa ke tsone dikgosi mme di se kae fela, ke tsone di sekwe go sele.

E ke tiro e ntle e dikgosi di e dirang. Ga twe mopalamente o ne gape a rotloetsa dikgosi go ne di tshwara diphuthego tsa kgotla nako le nako go tla go ithuna dinta; ke gore, go tla go lekodisanya gore a tiro ya tsone e tsweletse sentle kgotsa nnyaa, mme fa golo gongwe e sa tsamaye sentle, e le dikgosi, ba ka thusanya jang. 

Ka Setswana fa monna a nyala o tshwanetse go ntsha bogadi. Bogadi bo ga bo lekane. Morafe mongwe le mongwe o ipeetse seelo sa gore dikgomo tsa bogadi di nna kae. Go lebega mopalamente a tshwenyega ka selo se. Ga twe e rile a bua ka kgang ya bogadi, mopalamente a kopa dikgosi go e lebaleba. A re, a dikgosi di bue ka lentswe le le lengwe gore bogadi bo tshwane mo merafeng yotlhe. Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo Sedimonthole 30, 2013} ya re;

‘O ne a gwetlha lekgotla leo go bua ka lentswe le le lengwe ka pharologanyo magadi gore a tshwane mo merafeng yotlhe.’

 Go na le mafoko mangwe a Setswana a a se nang bongwe (singular) jaaka lefoko ‘madila’ ‘metsi’ le ‘makgakga.’ Fela jalo, mangwe mafoko le one ga a na bontsi (plural) jaaka ‘bodutu’ ‘bogole,’ le ‘bogadi.’ Jaanong fa godimo fale go na le lefoko ‘magadi.’ E a re ba bua ba re, batho ga ba laolelwe gore ba bue jang. Ba re bone (batho) ke bone ba buang ka fa ba ratang/batlang ka teng. Jaanong lefoko ‘magadi’ ke leo. Potso ke gore a kae magadi ao?

Jaaka re setse re buile, lefoko ‘bogadi’ ga le na bontsi. Jalo he, ga re ka ke ra bua ka magadi re raya tiro ya go ntsha bogadi. Le fa dikgomo di ka tswa di le dintsi jang, e le tsa bogadi, ga go ka ke ga twe go dule magadi a mantsi. Re tlaa re go dule bogadi bo bontsi. A re re go nyalwa Monei le Neo mme ba tswelwa ke bogadi. Re ntse ga re ka ke ra re go dule magadi a mabedi. Re ka bua fela gore, mongwe le mongwe wa bana ba, o ntsheditswe kgomo tse kae e le tsa bogadi.

Ka batho ba bua jaaka ba batla, ga ba laolelwe gore ba bue jang, ke bao  ba tsile ka lefoko ga twe ‘magadi.’ A jaanong e tlaa re nako nngwe re utlwe go twe go na le ‘madutu’ e le lefoko le tswa mo go ‘bodutu,’ ledila,’ le tswa mo go ‘madila’ le ‘leitseo,’ le tswa mo go ‘maitseo?’ Re re, se ya kae Setswana? motshwanes@yahoo.com