Blogs

A le nosi o dira ka pelo yotlhe

Ka fa tlase ga kgotla e, go na le dikgotla tse dingwe tse tsone di busiwang ke dikgosana. Dikgosana tse ke tsone matlho le ditsebe tsa kgosi mo motseng.

Fa ka tsela nngwe morafe o sa tsoge, dikgosana di tshwanetse go lekodisa kgosi. Gape, go nna le dikgosana ke tsela ya go  thusanya tiro.

Dikgosana di reetsa ditsheko mo dikgotleng tsa tsone, di atlhole fa di kgonang teng, mme fa go pala, kgang e fetele kwa kgosing.

 Ka Setswana, kgosi ga e ipeye mo bogosing, e bewa ke morafe. Re a tle re utlwalele fa golo gongwe go ne go tlhongwa kgosi kana gore e tlhomilwe.

Go utlwala gore, e rile Hirikgong e le malatsi mararo monongwaga, Mme Sebopiwa Disang a tlhongwa kgosana ya kgotla ya Mogate kwa Serowe. Tiro ya go tlhoma kgosi ga se go mo supa fa pele ga morafe fela.

Tiro e tona ke go laya kgosi, go mo gakolola gore o tshwanetse go dira tiro ya gagwe jang. Ga twe ka tsatsi lele kwa Serowe, tsa tla ka go farologana dibui, mongwe wa tsone e le Rre Mompati Merafhe.

Ga twe a tla ka tsone diane tsa Setswana Rre Merafhe, a bua gore kgosi ke kgosi ka morafe, le gore, kgosi thotobolo e olela matlakala.

Mafoko a a ne a raya gore kgosi o tshwanetse go itse gore morafe ke one o ka mo tshegetsang mo tirong ya gagwe, wa mo thusa go e dira sentle.

Ka jalo, kgosi o tshwanetse go tshwara morafe wa gagwe sentle, a se ka a tsaya fela gore, ka ke kgosi, thata tsotlhe ke tsa gagwe. Gone ke tsa gagwe, mme fa a ka se ka a tshwara morafe sentle, dithata tseo o ka sala a di dirisa kae?

Ga go gope.  O ka sala e le kgosi e e rweleng leina fela, morafe o faletse, a se na thata mo go ope.

Godimo ga moo, ka kgosi ke thotobolo e olela matlakala, o tshwanetse go amogela batho botlhe ba ba tlang go itela mo go ene, a sa tlhaole gore o reetsa motho ofe, ga a reetse ofe.

O tshwanetse go amogela melato yotlhe e begwang mo go ene, a sa leba gore mengwe melato e ntse jang. E e dirang jalo kgosi, e tsaya batho botlhe ka go tshwana, ke yone kgosi tota.

Ga twe morago ga ga Rre Merafhe go ne ga latela borrangwana a kgosi le bomalomaagwe. Ba le bone ba ne ba gatelela gore Mme Disang o tshwanetse go nna kgosi e e nonofileng, e e tshwarang batho ka go tshwana, e sa tlhaole ope ka tsela epe.

Fa e bega ka tiro e, Dikgang/Daily News (Dikgang Mosupologo Hirikgong 6 2014) ya re;

‘Dibui ebong borangwanaagwe le bo malomaagwe ba mo kgothatsa go dira ka botlhale le boingotlo ka bogosi bo batla motho yo o dirang tiro eo ka bongwefela jwa pelo e bile a sa ntshe ope ka leso legolo.’

A e ne e le mafoko a mantle a kgosi a neng a tshwanetse go a tlhwaela tsebe. Jaanong a re inole lefoko ke lele, la re, ‘go dira ka bongwefela jwa pelo.’

Lefoko le le dirisitswe gape ke Naledi fa e bua ka monna mongwe yo e reng o ne a tshwarwa a kgweetsa a itshietse, mme ya re a le fa pele ga lekgotla, a se ka a ganela, a dumela gore o molato. Naledi (09 Moranang 2014) ya re;

‘Ka ntlha ya gore o ne a dumela ka bongwefela jwa pelo gore o dirile molato wa go nna jalo, jaaka e le tsamaiso ya merero ya ditsheko, lekgotla le ne la mo fa sebaka sa go ipobola.’

Re setse re kile ra bua (Mmegi Phukwi 25 2014) gore lefoko ‘go dira ka bongwefela jwa pelo’ le dirisiwa fa go buiwa ka batho ba le bantsi, ba dira tiro ba utlwana, go se na ope wa bone yo o gogelang go sele.

Ka batho ba ba dira ba utlwana, ba le mowa mongwefela kgotsa pelo nngwefela, ga twe ba dira ka bongwefela jwa pelo; ke gore ba pelo nngwefela mo tirong ya bone.

Fa motho a dira tiro a le nosi, mme a e tlhagafaletse, foo gone ga twe o dira ka pelo yotlhe; o dira ka bojotlhe jwa pelo.

Kgosi ga a ka ke a dira ka bongwefela jwa pelo a le nosi. O ka dira jalo fela fa a na le batho ba bangwe a dira le bone.

Monna yole yo a neng a seka, o ne a dumela gore o molato, karabo ya gagwe e sa belaetse ka gope gore ga a bue nnete.

Jalo he, re tshwanetse gore re re o ne a dumela ka pelo yotlhe, ka bojotlhe jwa pelo, Motho a le nosi o dira ka pelo yotlhe; ba le bantsi ba dira ka bongwefela jwa pelo.

motshwanes@yahoo.com